RUTHE 4

Boase o nyala Ruthe

1 Boase a ya kwa kgotleng, a feta a nna fatshe. Ke fa mogolodi yole a feta, yo Boase a buileng ka ga gagwe. Boase a mmitsa a re: “Tlaa jaana, o nne fatshe, wena mangmang.” A fapogela teng, a nna fatshe.

2 Jaanong Boase a bitsa banna ba bagolo ba motse ba le some a re: “Nnang fa!” Mme ba nna fatshe.

3 Ke fa a raya mogolodi yole a re: “Naomi yo o boileng kwa nageng ya Moabe o rata go rekisa kabelo ya tshimo e e neng e le ya monna wa ga etsho, e bong Elimelege.

4 Ke ne ka re, ke tla go begela jalo ke re: E reke fa pele ga ba ba dutseng fa le fa pele ga bagolo ba morafe wa ga rona. Fa o rata go e rekolola, e rekolole; fa o sa rate go e rekolola, o bolele gore ke itse. Gonne ga go na ope yo o ka e rekololang fa e se wena le nna yo ke fa morago ga gago.” A araba a re: “Ke tla e rekolola.”

5 Mme Boase a re: “Ka letsatsi le o rekang tshimo eo mo diatleng tsa ga Naomi ka lone, o bile o amogela le Ruthe wa Moabe, mosadi wa moswi gore o tsose leina la moswi mo bosweng jwa gagwe.”

6 Ke fa mogolodi yoo a re: “Ke palelwa ke go e ithekololela, e se re gongwe ka senya boswa jwa me. E ithekololele e ke neng ke tshwanetse go e rekolola; gonne ke a palelwa.”

7 Jaanong mo metlheng ya pele go ne go le mokgwa mo Iseraeleng wa go re: Fa go rekololwa gongwe go ananngwa, motho a role setlhako sa gagwe, a se neele mongwe-ka-ene, e le go tlhomamisa mafoko aotlhe. Go re jalo e ne e le tshupo ya teng mo Iseraeleng.

8 Mme mogolodi yoo a raya Boase a re: “E ithekele!” A ba a rola setlhako sa gagwe, a se mo neela.

9 Ke fa Boase a raya bagolo le batho botlhe a re: “Lona lo basupi kajeno ba go re, ke rekile tsotlhe tse e neng e le tsa ga Elimelege le tsa ga Kileone le Magelone mo diatleng tsa ga Naomi.

10 Le gona ke tsaya Ruthe wa Moabe, mosadi wa ga Magelone gore a nne mosadi wa me, mme ke tsose leina la moswi mo bosweng jwa gagwe, mme leina la moswi le se ka la nyelediwa mo gare ga bomorwa-rraagwe le mo lekgotleng la motse wa ga gabo. Lona lo basupi kajeno.”

11 Batho botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng le bagolo ba araba ba re: “Re basupi! Mosadi yo o tla tsenang mo lapeng la gago aMorenaa mo dire jaaka Ragele le Lea ba ba agileng lelapa la ga Iseraele ka bobedi jwa bone. Dira tse dikgolo mo Eferatha gore o nne le leina mo Betleheme.

12 A lelapa la gago le tshwane le la ga Pherese yo Thamare a neng a mo tsholela Juta, a le nne jalo ka bana baMorenao tla ba go nayang ka mosadi yoo, ka a sa le mošwa.”

Ditlogolwana tsa ga Boase

13 Jaanong Boase a tsaya Ruthe, a nna mosadi wa gagwe; ya re a sena go tsena kwa go ene,Morenaa mo naya boimana, mme a belega ngwana wa mosimane.

14 Ke fa basadi ba raya Naomi ba re: “A go bakweMorenayo o se kang a go tlhokisa mogolodi kajeno. A leina la gagwe le tumisiwe mo Iseraeleng!

15 E tla nna ene yo o go lapolosang pelo, yo o go tlamelang mo botsofeng jwa gago; gonne ngwetsi wa gago yo o go ratang o mmelege, ene o molemo mo go wena go feta bomorwa ba supa.”

16 Mme Naomi a tsaya ngwana, a mo fara, a nna mmelegi wa gagwe.

17 Basadi ba ba neng ba agile go bapa nae ba re: “Naomi o belegetswe ngwana.” Ba mo taya leina la Obete. Ke ene rraagwe Isai yo e leng rraagwe Dafita.

18 Losika lwa ga Pherese ke lo: Pherese o ne a tsala Heserone;

19 Heserone a tsala Rame; Rame a tsala Aminatabe;

20 Aminatabe a tsala Nasone; Nasone a tsala Salema;

21 Salema a tsala Boase; Boase a tsala Obete;

22 Obete a tsala Isai; Isai a tsala Dafita.