Sagaria o biletsa Bajuta tlhabologong
1 Ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya borobedi, Lefoko laMorenala tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, la re:
2 “Morenao ne a galefetse borraeno thata.
3 Jaanong o ba ree o re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Boelang kwa go nna,’ go buaMorenawa masomosomo, ‘foo ke tla boela kwa go lona,’ go buaMorenawa masomosomo.
4 ‘Se tshwaneng le borraeno ba baporofeti ba pele ba neng ba ba rerela ba re:Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Boang tlhe mo ditseleng tsa lona tse di bosula le mo ditirong tsa lona tse di bosula, mme ga ba a ka ba utlwa, ga ba a ka ba ntheetsa,’ go buaMorena.
5 ‘Borraeno ba kae? Le baporofeti a ba ka phela ka go sa feleng?
6 Mme mafoko a me le melao ya me e ke e laetseng baporofeti, batlhanka ba me, a ga e a fitlhela borraeno? mo ba bileng ba sokologa ba re: TseMorenao neng a ikaeletse go di re direla o di re diretse ka fa go siametseng ditsela tsa rona le ditiro tsa rona ka teng.’ ”
Pono ya ntlha: Dipitse
7 E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya 11 – e bong kgwedi ya Sebate – ka letsatsi la 24, Lefoko laMorenala tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, jaana:
8 Ke ne ka bona pono bosigo, ka bona monna a palame pitse e khunou, a eme mo gare ga metlhakolane kwa tlase; fa morago ga gagwe go le dipitse tse dikhunou le tse dithokwa le tse ditshweu.
9 Ka botsa ka re: “Ke bomang ba, Morena wa me?”
Moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Ke tla go supetsa gore ke bomang.”
10 Ke fa monna yole yo o emeng mo gare ga metlhakolane a araba a re: “Ke baMorenao ba romileng go ralala lefatshe.”
11 Mme bone ba raya moengele waMorenayo o neng a eme mo gare ga metlhakolane ba re: “Re tswa go ralala lefatshe, ra fitlhela lefatshe lotlhe le ntse le iketlile, le le mo kagisong.”
12 Ke fa moengele waMorenaa bua a re: “Morenawa masomosomo, e tla nna go fitlha leng o ntse o sa utlwele Jerusalema le metse ya Juta botlhoko e o ntseng o e galefetse dinyaga tse di 70 tse?”
13 MmeMorenaa araba moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, ka mafoko a a gomotsang.
14 Ke fa moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Rera o re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Ke fufegetse Jerusalema le Sione ka lefufa le legolo.
15 Ditšhaba tse di ikgantshang ke di galefetse ka bogale jo bogolo; gonne ke ne ke galefile go le gonnye fela, mme bone ba ne ba oketsa bosula.’
16 Ke ka mooMorenao buang jaana a re: ‘Ke boetse kwa Jerusalema ka kutlwelo-botlhoko; Ntlo ya me e tla agiwa teng, go buaMorenawa masomosomo, le mogala wa baagi o tla gagamadiwa godimo ga Jerusalema.’
17 “Le gona o rere o re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Metse ya me e tla tlala tse di molemo gape.Morenao tla boa a gomotsa Sione, a itlhaolela Jerusalema gape.’ ”
Pono ya bobedi: Dinaka le bathudi
18 Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona dinaka di le nne.
19 Ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo ke eng?”
A nthaya a re: “Ke dinaka tse di faladitseng Juta le Iseraele le Jerusalema.”
20 Ke faMorenaa mpontsha bathudi ba le bane.
21 Ka ba ka re: “Bao ba tlile go dirang?”
Ene a re: “Ke tsona dinaka tse di faladitseng Juta, mo go seng ope yo o ka tsholetsang tlhogo, mme bao ba tsile go di tshosa le go digela dinaka tse e leng ditšhaba fa fatshe tse di neng di tsholeleditse lefatshe la Juta lonaka go le falatsa.”