SAGARIA 10

Iseraele o fiwa tsholofetso e e itumedisang

1 Rapelelang pula moMorenengmo sebakeng sa pula ya pele le ya morago; keMorenayo o dirang dikgadima, mme pula o tla e lo nesetsa le tsotlhe tse di golang mo nageng.

2 Gonne medimo ya mo gae e bua tsa boithamako; baitseanape ba bona maaka, ba bolela ditoro tse e seng tsa sepe; kgomotso ya bone ke phefo fela. Ke ka moo ba timetseng jaaka letsomane, ba bogisega, ka modisa a se teng.

3 “Bogale jwa me bo tuketse badisa, ke tla betsa diphoko,” gonneMorenawa masomosomo o tla tlhokomela letsomane la gagwe, e leng Bajuta, a ba dira jaaka pitse e ntle ya gagwe mo tlhabanong.

4 Lentswe la kgokgotsho le tla tswa mo go bone mmogo le lomapo, le bora jwa ntwa, le babusi botlhe; ba tla tswa mo go bone.

5 Ba tla nna jaaka diganka tse di gatang dithetse tsa mebila mo tlhabanong; ba tla tlhabana, kaMorenaa na nabo; bapalami ba dipitse ba tla tlhajwa ke ditlhong.

6 “Mme ke tla tiisa Bajuta,

ke thusa Bajosefa,

ke ba busetsa mo gae;

gonne ke tla ba tlhomogela pelo,

mme ba tla nna jaaka e kete

ga ke ise nke ke ba latlhe.

Gonne ke nnaMorena,

Modimo wa bone,

ke tla ba utlwa.

7 Baeferaime ba tla nna

jaaka diganka,

dipelo tsa bone di tla itumela

jaaka e kete ba nole weine.

Bana ba bone ba tla bona jalo,

ba itumela;

dipelo tsa bone di tla dudueletsa

Morena.

8 Ke rata go ba bitsa ka molodi

le go ba phutha,

gonne ke ba rekolotse;

mme ba tla ata

jaaka ba ne ba atile pele.

9 Ke ba gasitse mo merafeng,

mme ba tla nkgakologelwa

ba le kwa kgakala;

mme ba tla phela

le bana ba bone, ba boa.

10 Ke tla ba busa

kwa lefatsheng la Egepeto,

ke ba phutha go tswa kwa Asiria,

ke ba tlisa mo lefatsheng

la Gileate le la Lebanone,

mme go tla fitlhelwa

le sa ba lekane.

11 O tla feta mo lewatleng la tlalelo,

a itaya dintelo mo lewatleng;

madiba otlhe a noka ya Nile

a tla kgala;

go tla kokobediwa

boikgogomoso jwa Asiria,

mme molamu wa bogosi jwa

Egepeto o tshwanetse go tloga.

12 Ke tla ba tiisa moMoreneng;

ba tla sepela mo leineng

la gagwe,” go buaMorena.