Go itima go ja go fetwa ke ditiro tsa tshiamo le tsa kutlwelo-botlhoko
1 E rile ka ngwaga wa bone wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borobongwe e e bidiwang Khiselefe, ka letsatsi la bone, Lefoko laMorenala tlela Sagaria.
2 Ba Bethele ba ne ba romile Saresere le Regeme-Melege le banna ba gagwe go lopa bopelotlhomogi moMoreneng,
3 le go botsa baperesiti ba Ntlo yaMorenawa masomosomo le baporofeti go re: “A re na le go lela mo kgweding ya botlhano le go ilela jaaka re setse re dirile ka dinyaga tse dintsintsi?”
4 Ke fa Lefoko laMorenawa masomosomo le ntlela le re:
5 “Raya morafe otlhe wa lefatshe le baperesiti o re: ‘A e rile fa lo ilela, lo hutsafala mo kgweding ya botlhano le ya bosupa ka dinyaga tse di 70, lwa bo lo ilela ka ntlha ya me?
6 Mme fa lo ja, fa lo nwa, a ga se lona ba lo jang, a ga se lona ba lo nwang?’ ”
7 A ga se mafoko aMorenao a begileng ka baporofeti ba pele, jale fa Jerusalema a sa ntse a tletse batho, a bile a le mo kagisong mmogo le metse e e mo tikologong ya gagwe, fa naga ya borwa le e e kwa tlase e sa ntse e na le batho?
Baiseraele ba tshwerwe ka ntlha ya go sa utlweng ga bone
8 Mme Lefoko laMorenala tlela Sagaria la re:
9 “Morenawa masomosomo o buile jaana a re: ‘Atlholang ka katlholo ya tshiamo, lo direlane ka lorato le kutlwelo-botlhoko.
10 Lo se ka lwa gatelela motlholagadi gongwe khutsana gongwe moeng gongwe mohumanegi; lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona.’
11 “Mme ba ganne go reetsa, ba gagamatsa melala, ba ithiba ditsebe gore ba se ka ba utlwa.
12 Ba thatafaditse dipelo tsa bone jaaka taemane gore ba se ka ba utlwa molao le mafoko aMorenawa masomosomo o a ba rometseng ka Mowa wa gagwe ka baporofeti ba pele. Ke ka moo go duleng bogale jo bogolo mo goMorenawa masomosomo.
13 Mme go dirafetse jaana: E rile faMorenaa ba bitsa, ba gana go mo utlwa; le nna e rile ba mpitsa, ka gana go ba utlwa,” go buileMorenawa masomosomo.
14 “Mme ka ba falaletsa kwa ditšhabeng tsotlhe tse ba neng ba sa di itse jaaka ka ledimo, lefatshe la sala le fetotswe sekaka kwa morago ga bona, go se yo o tsamayang le yo o boang. Lefatshe le lentlentle ba le fetotse sekaka ka go dira jalo.”