SAGARIA 8

Ditsholofetso tsa ditshegofatso tse dikgolo

1 Mme Lefoko laMorenawa masomosomo la tla la re:

2 “Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke fufegetse Sione ka lefufa le legolo; ke mo emetse ka kgalefo e kgolo.’

3 Morenao bua jaana a re: ‘Ke boela kwa Sione, ke tla aga mo gare ga Jerusalema, mme Jerusalema o tla bidiwa motse wa boammaaruri, thaba yaMorenawa masomosomo e bidiwa thaba e e boitshepo.’

4 Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Banna bagolo le basadi bagolo ba tla nna gape mo dipatlelong tsa Jerusalema, mongwe le mongwe a tshotse seikokotlelo ka seatla ka ntlha ya bontsi jwa malatsi a gagwe.

5 Le gona dipatlelo tsa motse di tla tlala basimane le basetsana ba ba tshamekang mo mekgwatheng ya ona.’

6 “Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Fa masalela a morafe o a ka bua mo malatsing ana a re: Tseo di a pala! a le nna di ka mpalela?’ go botsaMorenawa masomosomo.

7 Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla golola morafe wa me, ke ba ntsha mo lefatsheng la botlhabatsatsi le mo lefatsheng la bophirimatsatsi;

8 ke ba tlisa gore ba age mo Jerusalema. Ba tla nna morafe wa me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone ka boammaaruri le ka tshiamo.’

9 “Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘A diatla tsa lona di tie thata, ba lo utlwileng mafoko a mo melomong ya baporofeti mo malatsing ano, ke go re, mo malatsing a motheo wa ntlo yaMorenawa masomosomo o theilweng ka ona gore Tempele e tle e agiwe.

10 Gonne pele ga malatsi ano batho ba ne ba sa bone tuelo, le tuelo ya tiro ya dikgomo e ne e se yo; le fa ba ne ba bolola gongwe ba goroga ba ne ba se na boikhutso ka ntlha ya mmaba. Gonne ke ne ke lwantshanya batho botlhe.

11 Mme jaanong ga nkitla ke direla masalela a morafe o jaaka ke dirile mo malatsing a pele,’ go buaMorenawa masomosomo.

12 ‘Gonne ke tla tlisa kagiso: Setlhare sa moweine se tla ungwa maungo a sona; lefatshe le tla ntsha thobo ya lone, legodimo le naya monyo wa lone; mme masalela a morafe o ke tla a ruisa dilo tsotlhe tse.

13 Pele lo ne lo le khutso mo ditšhabeng, lona Bajuta le lona Baiseraele, mme jaanong ke tla lo golola gore lo nne lesego. Se boifeng, a diatla tsa lona di tie thata!’

14 “GonneMorenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Pele ke ne ke ikaeletse go lo otla, ka borraeno ba ne ba nkgalefisitse, mme ka se ka ka busa bogale,’ go buaMorenawa masomosomo.

15 ‘Mme jaanong ke tla busa pelo, ke ikaelela go direla Jerusalema le Bajuta tse di molemo mo malatsing ano. Se boifeng!

16 Dilo tse lo tshwanetseng go di dira ke tse: A mongwe le mongwe a bue boammaaruri e e agisang e nne mo makgotleng a lona.

17 Lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona. Se rateng maikano a maaka, gonne ke tlhoile dilo tsotlhe tse,’ go buaMorena.”

18 Mme Lefoko laMorenawa masomosomo la ntlela la re:

19 “Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go itima go ja mo kgweding ya bone le mo go ya botlhano le mo go ya bosupa le mo go ya lesome go tla fetogela Bajuta tuduetso le boitumelo le meletlo e e monate. Fela ratang boammaaruri le kagiso.’

20 “Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go sa ntse go tla tla merafe le baagi ba metse e mentsi;

21 baagi ba motse mongwe ba tla ya kwa go o mongwe ba re: Tlayang a re yeng go kopa bopelotlhomogi moMorenengle go batlaMorenawa masomosomo! Le rona re a ya.

22 Go tla tla merafe e mentsi le ditšhaba tse dikgolo go batlaMorenawa masomosomo mo Jerusalema le go kopa bopelotlhomogi moMoreneng.’

23 “Morenawa masomosomo o bua jaana a re: ‘Mo malatsing ao banna ba le some ba dipuo tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara Mojuta, ba itshwarelela ka moja wa kobo ya gagwe ba re: Re rata go ya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’ ”