SEFELA SA DIFELA 3

1 Fa ke le bolaong bosigo,

ke tlhologeletswe yo pelo ya me

e mo ratang;

ke mo tlhologeletswe,

mme ga ke mmone.

2 Ka re: “A ke tsoge,

ke senke mo motseng kwa le kwa

mo mebileng le mo dipatlelong;

ke batle ene yo pelo ya me

e mo ratang;”

ka mmatla, ka se ka ka mmona.

3 Ka bonwa ke badisa ba motse

ba ba tsamayang mo motseng.

Ka re: “A lo mmonye

yo pelo ya me e mo ratang?”

4 Ya re ke sena go ba feta

go le gonnye,

ka mo fitlhela

ene yo pelo ya me e mo ratang;

ka mo tshwara,

ka se ka ka mo lesa

ka ba ka mo isa kwa ntlong

ya ga mme,

mo ntlwaneng

ya yo o mpelegeng.

5 Lona bomorwadia Jerusalema,

ke lo ikanisa ka ditshephe

gongwe ka ditholo ka re:

Lo se ka lwa tsosa lorato

le e seng go lo tsibosa

go fitlhelela lone lo itsose ka losi.

Sefela sa boraro Mosadi

6 Ke mang yo o tlhagang

kwa sekakeng

jaaka dipinagare tsa musi,

a nkgisitswe monate ka mera

le maswalo le ka ditlolo

tsa mefutafuta tsa morekisi?

7 Bonang, ke sedulo

se se tsholediwang sa ga Salomo

se dikanyeditswe

ke banna ba le soma marataro

ba bagale ba Iseraele.

8 Botlhe ba tshwere ditšhaka,

ba tlwaetse tlhabano.

Mongwe le mongwe a ipofeletse

tšhaka mo lethekeng

ka ntlha ya ditherego tsa bosigo.

9 Kgosi Salomo o ne a itirela

sedulo se se sikarwang

ka dikgong tsa Lebanone.

10 A dira maoto a sona ka selefera

le moikaego wa sona ka gouta

le manno a sona ka masela

a mantle a mahibidu;

bogare jwa sona

bo kgabisitswe sentle,

e le tiro ya lorato

lwa bomorwadia Jerusalema.

11 Lona bomorwadia Sione,

tswayang lo bone kgosi Salomo

a rwele serwalo sa bogosi

se a se rwesitsweng ke mmaagwe

ka letsatsi la lenyalo la gagwe,

ka letsatsi la boitumelo

jwa pelo ya gagwe.