SEFELA SA DIFELA 4

Monna

1 Ruri, o montle, moratiwa wa me,

ruri, o montle.

Matlho a gago

a tshwana le maeba

mo teng ga lesire la gago.

Moriri wa gago o tshwana

le letsomane la dipodi

tse di fologang mo dithabeng

tsa Gileate.

2 Meno a gago a tshwana

le letsomane la dinku

tse di beotsweng

tse di tswang kwa tlhapisong

tse nngwe le nngwe ya tsona

e nang le dikwana tsa mafatlha,

go se na moreba ope.

3 Molomo wa gago o tshwana

le seitlamo se se phatsimang ka

bohibidu, puo ya gago e a ratega.

Marama a gago mo teng ga lesire

la gago a tshwana le maungo

a garanata a a fatotsweng.

4 Molala wa gago o tshwana le

lonaka lwa ntlo ya ga Dafita

e e agetsweng go boloka dibolai,

kwa dithebe di le sekete

di pegilweng teng

le dibolai tsotlhe tsa bagale.

5 Mabele a mabedi a gago

a tshwana le ditshetshwana

tse pedi tsa mafatlha

tse di fulang

mo gare ga dithunya.

6 E tla re letsatsi

le ise le nne marutshwana

le meriti e ise e tshabe,

ke ye kwa thabeng ya mera

le kwa thoteng ya maswalo.

7 Moratiwa wa me,

o montle gotlhe.

Ga go na sebala mo go wena.

8 Tlaya re tloge mo Lebanone,

monyalwa.

Tlaya re tloge mo Lebanone.

Fologa mo setlhoeng sa Amana

le mo setlhoeng sa Senire

le sa Heremone,

o tlogele marobalo a ditau

le dithaba tsa dinkwe.

9 O nkgapile pelo, kgaitsadiaka,

monyalwa;

o nkgapile pelo ka tebo e le nngwe

ya matlho a gago

le ka sebaga se le sengwe

sa mokgabo wa molala wa gago.

10 Kgaitsadiaka, monyalwa,

lorato lwa gago lo lontle jang ne!

Lo phala weine.

Monko wa ditlolo tsa gago

o gaisa makga aotlhe.

11 Molomo wa gago, monyalwa,

o rotha mafura a dinotshe;

dinotshe le mašwi

di ka fa tlase ga loleme lwa gago.

Monko wa diaparo tsa gago

o tshwana le monko wa Lebanone.

12 Kgaitsadiaka, monyalwa,

o tshimo e e ageletsweng,

o sediba se se tswaletsweng,

o motswedi o o kannweng.

13 Tse di tlhogileng mo go wena

ke tshimo ya digaranata

ya maungo a a monatenate

le dithunya le ditlhatshana

tsa monkgo o o monate.

14 E tletse ditlhatshana

tsa mefutafuta tsa ditlolo

le ditswaiso le maswalo

le makga.

Mosadi

15 O motswedi wa masimo

le sediba sa metsi a a phelang

a a tswang kwa Lebanone.

16 Tsoga, phefo ya bokone;

tlaya phefo ya borwa,

o fokele tshimo ya me gore

makga a monate a yona a aname.

A morati wa me a tle

mo tshimong ya gagwe,

a je maungo a a monatenate

a yona.