Tumediso
1 Nna Paulo, motlhanka wa Modimo le moapostolo wa ga Jesu Keresete ka ntlha ya tumelo ya batlhaolwi ba Modimo le ka ntlha ya kitso ya boammaaruri jo bo isang mo poifong-Modimo
2 ka tsholofelo ya bophelo jo bo sa khutleng, jo Modimo o o sa ka keng wa aka o sa leng o bo solofetsa pele mo metlheng e e se nang tshimologo,
3 mme wa senola Lefoko la ona mo metlheng ya teng ka thero e ke e neetsweng ka fa taolong ya Modimo Morepholosi,
4 ke kwalela Tito ngwanake tota ka fa tumelong e re e tlhakanetseng:
Bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu, Moregolodi, a di nne le wena!
Tito o laelwa tiso ya phuthego ya Kereta le go ganetsa baruti ba tsietso
5 Ke go tlogetse kwa Kereta gore o tle o rulaganye dilo tse di neng di setse, le go baya bagolo ba phuthego mo motseng mongwe le mongwe ka fa ke go laetseng ka teng;
6 yo o tlhongwang a e nne yo o se nang molato, monna wa mosadi a le mongwe, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bonweng molato wa botlhaswa gongwe boitaolo;
7 gonne mookamedi o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, e le yo o tlhokomelang tsa Modimo, e se yo o ikgantshang, e se yo o gakalang fela, e se letagwa, e se morumodi, a sa batle khumo e mpe,
8 mme e le yo o tsholang baeng, yo o ratang se se molemo, yo o itsholang sentle, yo o thokgameng, yo o boitshepo, yo o tekano,
9 a tshegeditse lefoko le le ikanyegang le le lebanyeng thuto gore a kgone go kaela ka thuto e e itekanetseng le go fenya baganetsi.
10 Gonne go na le batho ba le bantsi ba ba ganang go utlwa, le babalabadi, le batsietsi, bogolo ba e leng ba thupiso,
11 ba ba tshwanetseng go thijwa melomo, ka ba feretlha malapa gotlhe ka go ruta dilo tse di sa tshwanelang, e le ka ntlha ya papadi e mpe.
12 Mongwe wa bone, e bong moporofeti wa bone, o rile: <
13 Tshupo eo ke ya nnete. Lebakeng leo o ba kgalemele ka bogale gore ba tle ba fole mo tumelong,
14 ba se ka ba tlhokomela dinaane tsa Sejuta le ditaolo tsa batho ba ba fapogang boammaaruri.
15 Dilo tsotlhe di itshekile mo go ba ba itshekileng; mme mo go ba ba itshekologileng, ba ba sa dumeleng, ga go sepe se se itshekileng; go kgotlelegile maikutlo a bone le digakolodi tsa bone.
16 Ba ipolela ba re ba itse Modimo! mme ba o itatola ka ditiro tsa bone, ka ba le bosula mo go fetisang, ba sa utlwe, ba sa nonofa go dira tiro epe e e molemo.