Leina la lokwalo le thuto ya lone
1 Tshenolo ya ga Jesu Keresete, e Modimo o e mo neetseng go bontsha batlhanka ba gagwe dilo tse di tshwanetseng go akofa di dirafala; o ne a roma moengele wa gagwe, a e itsise Johane, motlhanka wa gagwe,
2 yo o supileng ka ga Lefoko la Modimo le ka ga tshupo ya ga Jesu Keresete, e bong dilo tsotlhe tse o di bonyeng.
3 Go sego yo o buisang le ba ba utlwang mafoko a polelelopele, ba boloka tse di kwadilweng mo teng; gonne sebaka se atametse.
Johane o dumedisa diphuthego di supa tsa kwa Asia yo monnye
4 Ke nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo Asia: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, le mo Meweng e supa, e e fa pele ga sedulo sa gagwe sa bogosi,
5 le mo go Jesu Keresete, mosupi yo o ikanyegang, motsalwapele wa baswi, molaodi wa dikgosi tsa lefatshe!
Ene yo o re ratileng, a ba a re golola mo maleong a rona ka madi a gagwe,
6 a ba a re dira dikgosi le baperesiti ba Modimo, Rraagwe; a kgalalelo e nne ya gagwe le thata go ya bosakhutleng! Amen.
7 Bonang, o tla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla lela ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen.
8 “Ke nna Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, Mothatayotlhe.
Jesu o ipontshitse Johane kwa Patemose, a mo laela go kwala tse di mo senogetseng le go di romela diphuthegong tse di supang
9 Nna Johane, morwa-rraalona, yo o tlhakanetseng le lona pitlagano le puso le boitshoko mo go Jesu, ke ne ke le mo setlhakatlhakeng se se bidiwang Patemose ka ntlha ya Lefoko la Modimo le ka ntlha ya go supa ka ga Jesu.
10 Ke ne ka tsenwa ke Mowa ka Letsatsi la Morena, ka utlwa lentswe le legolo kwa morago ga me, e kete la phala,
11 le re: “Se o se bonang, o se kwale mo lokwalong, o lo romele kwa diphuthegong tse di supang, kwa Efeso le Semerina le Peregamo le Thiatira le Saredise le Filatelefia le Laodikea.”
12 Jaanong ka retologa gore ke bone lentswe le le buang le nna; fa ke retologa, ka bona ditlhomo tsa dipone tsa gouta di supa;
13 mo gare ga ditlhomo tsa dipone ka bona mongwe yo o tshwanang le Morwa-Motho, a apere seaparo se se fitlhang kwa dinaong, a itlamile sehuba ka moitlamo wa gouta;
14 tlhogo ya gagwe le moriri di le ditshweu jaaka boboa jo bosweu le jaaka semathana; matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo;
15 dinao tsa gagwe di ntse jaaka kgotlho e khibidu, e e besitsweng mo leisong; lentswe la gagwe le ntse jaaka kgwaso ya metsi a le mantsi.
16 O ne a tshotse dinaledi di supa ka seatla se se jang, mo molomong wa gagwe go dule tšhaka e e bogale, e e magale mabedi; sefatlhego sa gagwe se le jaaka letsatsi, fa le phatsima ka thata ya lone.
17 E rile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka moswi; mme a mpaya seatla se se jang a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo
18 le yo o phelang; ke ne ke sule, mme ke phela ka bosakhutleng; ke tshotse dilotlele tsa loso le tsa felo ga baswi.
19 Jaanong kwala dilo tse o di bonyeng le tse di leng teng le tse di tla dirafalang morago ga tse.
20 Bosaitsiweng jwa dinaledi di supa, tse o di bonyeng mo seatleng sa me se se jang, le jwa ditlhomo tsa dipone tsa gouta di supa ke jo: Dinaledi di supa ke baengele ba diphuthego di supa; ditlhomo dipone di supa ke diphuthego di supa.