Johane o ja lokwalonyana lwa legodimo
1 Jaanong ka bona moengele yo mongwe yo o thata a fologa kwa legodimong, a apere leru, motshewabadimo o le godimo ga tlhogo ya gagwe, sefatlhego sa gagwe se ntse jaaka letsatsi, dinao tsa gagwe di ntse jaaka dipilara tsa molelo,
2 a tshotse lokwalonyana ka seatla, lo petlekilwe; a gata lewatle ka lonao lo lo jang, ka lwa molema a gata lefatshe;
3 a ba a goa ka lentswe le legolo jaaka tau e duma; ya re a sena go goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha mantswe a tsona.
4 Ya re ditumo tse supa tsa maru di sena go bua, ka re, ke a kwala; mme ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “O kane dilo tse ditumo tse di supang tsa maru di di boletseng; o se ka wa di kwala.”
5 Jaanong moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng, a tsholeletsa letsogo le le jang kwa legodimong,
6 a ikana ka ene yo o phelang ka bosakhutleng, yo o tlhodileng legodimo le tse di mo go lone le lefatshe le tse di mo go lone le lewatle le tse di mo go lone, a ikana a re: “Sebaka ga se nke se tlhola se nna teng.
7 Mme e tla re mo malatsing a lentswe la moengele wa bosupa, a o tla letsang phala ka ona, bosaitsiweng jwa Modimo bo wediwe ka fa mafokong a boitumelo a o a begetseng baporofeti, batlhanka ba ona.”
8 Jaanong lentswe le ke le utlwileng le tswa kwa legodimong la bua gape le nna la re: “Yaa o tsee lokwalo lo lo petlekilweng, lo lo mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”
9 Ka ya kwa moengeleng, ka mo raya ka re, a nnee lokwalonyana loo. A nthaya a re: “Lo tsee, o lo je, o lo fetse; lo tla go segisa mala, mme mo leganong la gago lo tla nna botshe jaaka dinotshe.”
10 Ka tsaya lokwalonyana mo seatleng sa moengele, ka lo ja, ka lo fetsa; lwa bo lo le botshe mo leganong jaaka dinotshe; mme ya re ke sena go lo ja, ka segwa ke mala.
11 Jaanong ka rewa ga twe: “O tshwanetse go bolelela pele gape ka ga merafe le ditšhaba le dipuo le dikgosi di le dintsi.”