TSHENOLO 11

Basupi ba babedi

1 Jaanong ka newa lotlhaka lo lo tshwanang le thobane, mme moengele a ema a re: “Nanoga o lekanye Tempele ya Modimo le aletare le ba ba obamelang teng.

2 Mme lelapa la Tempele la ka fa ntle o le tlogele, o se ka wa le lekanya; gonne le neetswe baheitane; ba tla gataka motse o o boitshepo ka dinao dikgwedi di le 42.

3 Ke tla laela basupi ba babedi ba me, ba tla rera ka malatsi a le 1 260, ba apere dikgetse.”

4 Bao ke bone ditlhare tse pedi tsa olefa le ditlhomo tse pedi tsa dipone tse di emeng fa pele ga Morena wa lefatshe.

5 Fa mongwe a rata go ba siamololela, go tla tswa molelo mo maganong a bona, o nyeletsa baba ba bona; fa mongwe a re o a ba siamololela, o tla tshwanela go bolawa fela jalo.

6 Bao ba na le thata ya go tswala legodimo gore pula e se ka ya na mo malatsing a go rera ga bone; ba bile ba na le thata mo metsing go a fetola madi le go itaya lefatshe ka dipetso tsa mefutafuta gantsi fela ka fa ba ratang ka teng.

7 E tla re ba sena go fetsa tshupo ya bone, sebata se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekanngo, se lwe nabo, se ba fenye, se ba bolae.

8 Direpa tsa bone di tla namalala mo mmileng wa motse o mogolo o o bidiwang Sotoma le Egepeto, fa go buiwa ka ga tsa Mowa, kwa Morena wa bone le ene o bapoletsweng teng.

9 Mme batho ba ditšhaba le ba ditso le ba dipuo le ba merafe ba leba direpa tsa bone ka malatsi a le mararo le bontlhanngwe jwa letsatsi, ba sa leseletse direpa tsa bone go isiwa mabitleng.

10 Ba ba agileng mo lefatsheng ba itumelela loso lwa bone, ba a ipela; ba tla romelana dineo ka gonne baporofeti ba babedi bao ba ne ba bogisa ba ba agileng mo lefatsheng.

11 Mme morago ga malatsi a le mararo le bontlhanngwe jwa letsatsi mowa wa botshelo wa tsena mo go bone, o tswa Modimong, ba ema ka dinao, mme poifo e kgolo ya wela mo go bone ba ba ba bonang.

12 Jaanong ba utlwa lentswe le legolo le tswa kwa legodimong, le ba raya le re: “Tlhatlogelang kwano!” Ba tlhatlogela kwa legodimong ka leru, baba ba bone ba ntse ba ba lebile.

13 Mo nakong eo ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, karolo ya lesome ya motse ya wa; mo thoromong ya lefatshe ga bolawa batho ba le dikete di supa; ba bangwe ba tshoga thata, ba obegela Modimo wa legodimo.

14 Tatlhego ya bobedi e fetile; bona, tatlhego ya boraro e tla tla ka bonako.

Phala ya bosupa

15 Jaanong moengele wa bosupa a letsa; mme ga utlwala mantswe a magolo mo legodimong a re: “Puso ya lefatshe e diregile ya Morena wa rona le ya Motlodiwa wa gagwe; o tla busa ka bosakhutleng.”

16 Ke fa bagolo ba ba 24 ba ba ntseng mo ditulong tsa bone fa pele ga Modimo ba wa ka difatlhego, ba obamela Modimo

17 ba re:

“Re a go leboga, Morena,

Modimo wa thata yotlhe,

yo o leng teng,

yo neng o le teng,

yo o tla tlang,

ka o itseetse thata e kgolo

ya gago, o busa;

18 Baditšhaba ba ne ba gakala;

mme bogale jwa gago bo tsile,

le nako ya baswi

ya go atlholwa,

ya go naya batlhanka ba gago

tuelo,

e bong baporofeti le baitshepi

le ba ba boifang leina la gago,

ba babotlana le ba bagolo,

– ya go senya

ba ba sentseng lefatshe.”

19 Jaanong Tempele ya Modimo e e mo legodimong ya bulwa, Letlole la Kgolagano ya ona la bonala mo Tempeleng ya ona, ga nna dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru le thoromo ya lefatshe le sefako se segolo.