TSHENOLO 12

Mosadi le Kgwanyape

1 Jaanong ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, e bong mosadi yo o apereng letsatsi, ngwedi ona o le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12.

2 Mme o ne a le moimana, a goa, a segwa ke leralalo, a le mo tlalelong ya pelego.

3 Ga ba ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong, ga bonala kgwanyape e kgolo, e khibidu jaaka molelo, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yona go le dirwalo di supa.

4 Mogatla wa yona wa gogola karolo ya boraro ya dinaledi tsa legodimo, wa di latlhela mo lefatsheng. Mme kgwanyape ya ema fa pele ga mosadi yo o gaufi le go belega gore e re a sena go belega, e metse ngwana wa gagwe.

5 Jaanong a belega ngwana wa mosimane yo o tla fudisang baheitane botlhe ka lore lwa tshipi; mme ngwana yoo wa gagwe a phamolelwa kwa Modimong kwa sedulong sa ona.

6 Mme mosadi a tshabela kwa sekakeng, kwa a baakanyeditsweng bonno teng ke Modimo gore a tle a otlelwe teng ka malatsi a le 1 260.

7 Jaanong ga nna ntwa kwa legodimong, Migaele le baengele ba gagwe ba bololela kgwanyape; kgwanyape ya tlhabana e na le baengele ba yona.

8 Mme ba se ka ba kgona go fenya, le gona ba se ka ba tlhola ba bonelwa manno kwa legodimong.

9 Kgwanyape e kgolo ya digwa, e bong noga ya bogologolo e e bidiwang Diabolo le Satane, e e timetsang lefatshe lotlhe, ya digelwa mo lefatsheng, le baengele ba yona ba digwa nayo.

10 Ke fa ke utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Jaanong pholoso le thata le puso ke tsa Modimo wa rona, le thata ke ya Motlodiwa wa ona; ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona yo o ba latofatsang fa pele ga Modimo wa rona bosigo le motshegare o digilwe.

11 Ba mo fentse ka madi a Kwana le ka lefoko la tshupo ya bone, ba se ka ba rekegela maphelo a bone go ya losong.

12 Itumeleng ka ntlha ya moo, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go ona; a tatlhego wee ya lona ba lo agileng mo lefatsheng le mo lewatleng; ka gonne Diabolo o fologetse koo go lona, a tletse bogale jo bogolo, ka a itse gore sebaka sa gagwe se sekhutshwane.”

13 E rile kgwanyape e bona gore e digetswe mo lefatsheng, ya latela mosadi yo o belegeng ngwana wa mosimane.

14 Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi e kgolo gore a fofele kwa sekakeng, kwa felong ga gagwe kwa o tla otlelwang teng ka sebaka le ka dipaka le ka bo ntlhanngwe jwa sebaka, a le kgakala le sefatlhego sa noga.

15 Jaanong noga ya hulela metsi kwa mosading, a tswa mo leganong la yona, a le kana ka le a noka, gore noka e mo tsee.

16 Mme lefatshe la thusa mosadi, la atlhama, la metsa noka e kgwanyape e e hudileng, e tswa mo leganong la yona.

17 Kgwanyape ya gakalela mosadi, ya ya go tlhasela masalela a losika lwa gagwe a a tshegeditseng ditaolo tsa Modimo, e bile a na le tshupo ya ga Jesu.

Sebata se se tswang lewatleng

18 Jaanong ka ema fa losing lwa lewatle.