1 Ka bona sebata se tlhatloga mo lewatleng, se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa; mo dinakeng tsa sona go ne go le dirwalo tsa mekgabo di le some, mo ditlhogong tsa sona go le maina a kgalo.
2 Sebata se ke se bonyeng sa bo se tshwana le nkwe, maroo a sona a le jaaka a senonnori, molomo wa sona o le jaaka wa tau. Mme kgwanyape ya se naya nonofo ya yona le sedulo sa yona le thata e kgolo.
3 Ka ba ka bona nngwe ya ditlhogo tsa sona e ntse jaaka e kete e tlhabilwe lwa go swa; mme ntho ya yona ya loso ya fola. Lefatshe lotlhe la gakgamalela sebata seo,
4 ba obamela kgwanyape, ka e neile sebata thata e e ntseng jalo, ba obamela sebata ba re: “Ke mang yo o tshwanang le sebata, ke mang yo o nonofileng go ka tlhabana naso?”
5 Jaanong sa newa molomo wa go bua dilo tse dikgolo le tsa kgalo; sa ba sa newa thata ya go dira jalo dikgwedi di le 42.
6 Sa tumolola molomo go kgala Modimo le go kgala leina la ona le boago jwa ona le ba ba agileng mo legodimong.
7 Sa ba sa newa go lwa le baitshepi le go ba fenya; sa newa thata mo ditsong tsotlhe le mo ditšhabeng le mo dipuong le mo merafeng.
8 Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tla se obamela, ba maina a bone a sa kwalwang mo bukeng ya bophelo ya Kwana e e tlhabilweng, a sa kwalwa go tloga tshimologong ya lefatshe.
9 “Yo o nang le tsebe a a utlwe!
10 Fa mongwe a isa ba bangwe
botshwarong,
le ene o tlaa isiwa
mo botshwarong;
fa motho a bolaya ka tšhaka,
o na le go bolawa ka tšhaka.
“Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi le tumelo ya bone.”
Sebata se se tswang mo lefatsheng
11 Jaanong ka bona sebata se sengwe se tlhatloga mo lefatsheng; se na le dinaka di le pedi jaaka tsa kwana, mme se bua jaaka kgwanyape.
12 Se dirafatsa thata nngwe le nngwe ya sebata sa ntlha fa pele ga sona. Se dira gore lefatshe le ba ba agileng mo go lone ba obamele sebata sa ntlha, se ntho ya sona ya loso e neng ya fola.
13 Se bile se dira ditshupo tse dikgolo, tota le molelo se o nese o tswa legodimong, o wele mo lefatsheng fa pele ga batho.
14 Mme se timetsa ba ba agileng mo lefatsheng ka ditshupo tse se di neilweng go di dira fa pele ga sebata ka go raya ba ba agileng mo lefatsheng se re, sebata se se neng se na le ntho ya tšhaka, mme sa phela, ba se direle setshwantsho.
15 Sa be sa newa go tsenya setshwantsho sa sebata mowa gore se be se bue; gape sa dira gore botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebata ba bolawe.
16 E bile se dira gore botlhe, ba bannye le ba bagolo, bahumi le bahumanegi, bagololesegi le makgoba, ba bewe letshwao mo diatleng tse di jang gongwe mo diphatleng,
17 le gore go se nne ope yo o ka rekang gongwe a rekisa, fa e se yo o nang le letshwao, e bong leina la sebata, gongwe palo ya leina la sona.
18 Botlhale bo batlega fa. Yo o nang le tlhaloganyo a a bale palo ya sebata; ka gonne ke palo ya motho; palo ya sona ke 666.