Go wa ga Babilone le selelo sa lefatshe
1 Morago ga dilo tseo ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le thata e kgolo, lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe.
2 A kua ka lentswe le legolo a re:
“O ole, o ole,
Babilone yo mogolo,
o bile o fetogile
boago jwa medemone
le phuthegelo ya mewa
e e maswe ya mefutafuta
le phuthegelo ya dinonyane
tse di sa itshekang
tsa mefutafuta tse di ilegang.
3 Ka gonne merafe yotlhe
e nole bojalwa
jo bo bogale
jwa boaka jwa gagwe,
dikgosi tsa lefatshe
di akafetse nae,
babapatsi ba lefatshe
ba humisitswe ke bogolo
jwa bofafalele jwa gagwe.”
4 Ka ba ka utlwa lentswe le lengwe le bua, le tswa kwa legodimong le re:
“Tswayang mo go ene,
batho ba me,
gore lo se ka lwa tlhakanela
maleo a gagwe nae,
le gore lo se amogele dingwe
tsa dipetso tsa gagwe;
5 gonne maleo a gagwe
a fitlhile kwa legodimong,
mme Modimo o gopotse
ditshiamololo tsa gagwe.
6 Mmusolosetseng
jaaka le ene a lo diretse;
lo mmusetse gabedi
ka fa ditirong tsa gagwe;
senwelo se o lo tlhakanyeditseng
mo go sona
lo mo tlhakanyetse gabedi
mo go sona.
7 Lo mo lekanyetse botlhoko le
bohutsana ka fa selekanyong
sa boikgalaletso le bofafalele
jwa gagwe;
e re ka a ithaya mo pelong
a re:
‘Ke ntse, ke kgosigadi,
ga ke motlholagadi,
bohutsana ga nkitla
ke bo bona ka gope,’
8 ke ka moo dipetso tsa gagwe
di tla tlang ka letsatsi
le le lengwe,
e bong loso le bohutsana
le tlala;
o tla be a fisiwa ka molelo;
gonne Morena Modimo
o o mo atlhotseng o thata.”
9 Dikgosi tsa lefatshe tse di akafetseng nae, tsa phela nae ka bofafalele, di tla mo lelela, di mo hutsafalela, fa di bona musi wa go šwa ga gagwe,
10 di ntse di emetse kgakala, ka di boifa go tlhokofadiwa ga gagwe, di re:
“Ijoo-wee! Ijoo-wee!
Wena motse o mogolo
wa Babilone,
motse o o thata!
Kana petso ya gago e tsile
ka nako e le nngwe fela!”
11 Le babapatsi ba lefatshe ba a o lelela, ba a o hutsafalela, ka go sa tlhole go le ope yo o rekang dithoto tsa bone,
12 e bong dithoto tsa gouta le tsa selefera le majwana a botlhokwa le ditalama le masela a masweu le a bohibidu jwa bofifadu le a sei le khai ya bohibidu jwa madi le dikgong tsa mefutafuta tse di monko o monate le dilonyana tsa mefutafuta tsa dinaka tsa tlou le dilo tse di setilweng tsa mefutafuta tsa dikgong tse di tlhotlhwa e kgolo le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi le majwe a a betlilweng
13 le tswaiso ya kinamone le setlolo sa moriri le maswalo le mera le tsa go kuisa musi le weine le lookwane le bupe jo bo boleta le mabele le dikgomo le dinku le dipitse le dikoloi le makgoba le mewa ya batho.
14 “Mme maungo a a elediwang
ke mowa wa gago,
a tlogile mo go wena,
dilo tsotlhe tse di mafura
le tse di phatsimang
di go latlhegetse,
ga di kitla di tlhola
di bonwa gope.”
15 Mme babapatsi ba dilo tseo, ba ba humileng ka ona, ba tla emela kgakala, ka ba boifa go tlhokofadiwa ga ona, ba lela, ba hutsafala
16 ba re:
“Ijoo-wee! Ijoo-wee!
A motse wa mogolo
o o neng o apere
masela a masweu
le a bohibidu jwa bofifadu
le jwa madi,
o kgabisitswe ka gouta
le majwana a botlhokwa
le ditalama,
17 ka khumo e e kalokalo
e sentswe
ka nako e le nngwe fela!”
Le bakgweetsi botlhe ba dikepe le botlhe ba ba etelang felo gongwe ka sekepe le ba ba dirang mo dikepeng le botlhe ba ba bapalang mo lewatleng ba emela kgakala,
18 ba goa, ka ba bona musi wa go šwa ga ona, ba re: “Motse ke ofe o o tshwanang le motse o mogolo o?”
19 Ba ikuduelela lorole mo ditlhogong, ba kua ka go lela le ka go hutsafala ba re:
“Ijoo-wee! Ijoo-wee!
A motse wa mogolo
o botlhe ba ba neng
ba na le dikepe mo lewatleng
ba humileng ka ona,
ka khumo ya ona,
ka o diregile marope
ka nako e le nngwe fela!
20 O itumelele, wena legodimo,
le lona baitshepi
le lona baapostolo
le lona baporofeti;
ka gonne Modimo
o dirafaditse katlholo
ya lona mo go ona!”
21 Jaanong moengele mongwe yo o thata a tsholetsa letlapa e kete lelwala le legolo, a le latlhela mo lewatleng a re:
“Babilone, motse o mogolo,
o tla digwa jalo ka thata,
mme ga o kitla o tlhola
o bonwa ka gope;
22 le mantswe a baletsi
ba diharepa le a baopedi
le a baletsi ba ditlhaka
le a baletsi ba diphala
ga a kitla a tlhola a utlwiwa
mo go wena ka gope;
ga go kitla go tlhola go bonwa
setswerere sa botswerere bope
mo go wena ka gope;
le modumo wa tshilo
ga o kitla o tlhola o utlwiwa
mo go wena ka gope;
23 le lesedi la lobone
ga le kitla le tlhola le phatsima
mo go wena ka gope;
le lentswe la monyadi
le la monyalwi
ga le kitla le tlhola le utlwiwa
mo go wena ka gope;
ka gonne babapatsi ba gago
e ne e le bagolo ba lefatshe;
ee, merafe yotlhe e ne
e timediwa ke boloi jwa gago;
24 e bile madi a baporofeti
le a baitshepi a fitlhetswe
mo go ona le a botlhe
ba ba bolailweng
mo lefatsheng.”