TSHENOLO 19

Boitumelo le sefela sa phenyo mo legodimong ka ga go wa ga Babilone

1 Morago ga dilo tseo ka utlwa sengwe, e kete kopelo e kgolo ya lesomo le legolo mo legodimong le re:

“Haleluya!

Pholoso le kgalalelo le thata

ke tsa Modimo wa rona!

2 Ka gonne dikatlholo tsa ona

ke tsa boammaaruri,

di siame,

ka o atlhotse seaka se segolo

se se sentseng lefatshe

ka boaka jwa sona,

o busoloseditse

madi a batlhanka ba ona

seatleng sa sona.”

3 Ba fela ba bua lwa bobedi ba re:

“Haleluya!

Musi wa sona o tlhatloga

go ya bosakhutleng.”

4 Jaanong bagolo ba ba 24 ba wela fa fatshe le diphedi tse nne, ba obamela Modimo o o ntseng mo sedulong sa bogosi ba re: “Amen! Haleluya!”

5 Ga ba ga tswa lentswe mo sedulong sa bogosi la re:

“Bokang Modimo wa rona,

lona badiredi botlhe ba ona

le ba lo o boifang,

ba bannye le ba bagolo!”

6 Ka ba ka utlwa sengwe, e kete ke modumo wa bontsi jo bogolo jwa batho, e bile e kete ke kgwaso ya metsi a magolo, gape e kete ke modumo o o thata wa maru, ba re:

“Haleluya!

Gonne Morena,

Modimo wa rona,

Mothatayotlhe,

o tsenye bogosing.

7 A re itumeleng, re ipele,

re o galaletse;

gonne lenyalo la Kwana

le tsile,

monyalwi wa yona

o ipaakantse.

8 O neilwe go ikapesa ka lesela

le lesweu le le phatsimang,

le le phepa;”

ka gonne lesela le lesweu ke ditiro tse di siameng tsa baitshepi.

9 Jaanong moengele a nthaya a re: “Kwala o re: Go sego bone ba ba laleleditsweng lenyalo la Kwana.” A ba a nthaya a re: “Mafoko ao ke a boammaaruri a Modimo.”

10 Jaanong ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago ba ba nang le tshupo ya ga Jesu; obamela Modimo.”

Kana tshupo ya ga Jesu ke mowa wa boporofeti.

Phenyo ya ga Keresete mo sebateng le mo moporofeting wa maaka

11 Jaanong ka bona legodimo le butswe, ka ba ka bona pitse e tshweu, mme yo o e palameng a bidiwa Boikanyo le Boammaaruri, e le yo o atlholang ka tshiamo, e bile a tlhabana ka yona.

12 Matlho a gagwe a tshwana le kgabo ya molelo, e bile go le dirwalo tse dintsi mo tlhogong ya gagwe, a na le leina le le kwadilweng le le sa itsiweng ke ope, fa e se ene fela;

13 a apere seaparo se se innweng mo mading, leina la gagwe e le Lefoko la Modimo.

14 Mephato e e mo legodimong ya mo sala morago, e palame dipitse tse ditshweu, e apere masela a masweu a a phatsimang a a phepa.

15 Go tswa tšhaka e e bogale mo molomong wa gagwe gore a reme merafe ka yona; mme o tla e fudisa ka lore lwa tshipi; a gata segatelo sa weine ya bogale jo bo gaketseng jwa Modimo wa thata yotlhe.

16 A na le leina le le kwadilweng mo seaparong sa gagwe fa seropeng le re: kgosi ya dikgosi le morena wa barena.

17 Ka ba ka bona moengele a le mongwe a eme mo letsatsing, a kua ka lentswe le legolo, a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang kwa godimo mo loaping a re: “Tlayang lo phuthegele moletlo o mogolo wa Modimo

18 gore lo je dinama tsa dikgosi le tsa balaodi-ba-sekete le tsa dikgosana le tsa dipitse le tsa ba ba di palameng le tsa bagololesegi botlhe le tsa batlhanka le tsa ba bannye le tsa ba bagolo.”

19 Ka ba ka bona sebata le dikgosi tsa lefatshe le mephato ya tsona di phuthegetse go tlhabana le yo o palameng pitse le mophato wa gagwe.

20 Mme sebata sa tshwarwa mmogo le moporofeti wa maaka yo o dirileng ditshupo fa pele ga sona, tse o timeditseng ba ba amogetseng lotshwao lwa sebata ka tsona, ba obamela setshwantsho sa sona; ka bobedi jwa bona ba latlhelwa mo letsheng la molelo le le tukang molelo wa sebabole, ba ntse ba phela.

21 Ba ba setseng bone ba bolawa ka tšhaka e e tswang mo molomong wa yo o palameng pitse; mme dinonyane tsotlhe tsa kgora dinama tsa bone.