Lokwalo lwa botlhano ke lwa phuthego ya Saredise
1 “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Saredise o re: ‘Yo o nang le Mewa e supa ya Modimo le dinaledi tse di supang o bua jaana a re:
“ ‘Ke itse ditiro tsa gago gore o na le leina la gore o a phela, mme tota o sule.
2 Thanya o tiise ba ba setseng, ba ba gaufi le go swa; gonne ditiro tsa gago ke fitlhetse di sa tlala fa pele ga Modimo wa me.
3 Jaanong he, gakologelwa ka fa o amogetseng, wa utlwa ka teng, o ele tlhoko, o be o sokologe. Fa o sa itise jaanong, ke tla tla jaaka legodu; mme ga o kitla o itse nako e ke tla go welang ka yona.
4 Le gale o na le maina a se kae mo Saredise a ba ba sa kgotlelang diaparo tsa bone; bao ba tla tsamaya le nna ka diaparo tse ditshweu, ka gonne go ba tshwanetse.
5 Yo o fenyang o tla apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo bukeng ya bophelo; mme ke tla ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre le fa pele ga baengele ba gagwe.
6 “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’
Lokwalo lwa borataro ke lwa phuthego ya Filatelefia
7 “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Filatelefia o re: ‘Yo o boitshepo, yo o boammaaruri, yo o tshotseng selotlele sa ga Dafita, yo e a reng a bula, go se nne ope yo o ka tswalang, yo e a reng a tswala, go se nne ope yo o ka bulang, o bua jaana a re:
8 “ ‘Ke itse ditiro tsa gago; bona, ke go neile lobati lo lo bulegileng fa pele ga gago, lo lo sa ka keng lwa tswalwa ke ope; ka gonne o na le thata e nnye, mme o tshegeditse lefoko la ka; wa se ka wa itatola leina la ka.
9 Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile.
10 E re ka o bolokile lefoko le le reng o tshwarelele mo go nna, le nna ke tla go femela ka nako ya thaelo e e tla welang lefatshe lotlhe gore go raelwe ba ba agileng mo go lone.
11 Reetsa, ke tla akofa ke tla; tshwara se o nang naso gore go se nne ope yo o go amogang serwalo.
12 Yo o fenyang ke tla mo dira pilara mo Tempeleng ya Modimo wa ka, mme ga a kitla a tlhola a tswa teng; ke tla kwala leina la Modimo wa me mo go ene le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema yo mošwa, yo o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me; ke be ke kwala leina la me le lešwa mo go ene.
13 “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’
Lokwalo lwa bosupa ke lwa phuthego ya Laodikea
14 “Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Laodikea o re: ‘Yo e leng Amen, mosupi yo o boikanyo le boammaaruri, mosimolodi wa lobopo lwa Modimo, o bua jaana a re:
15 “ ‘Ke itse ditiro tsa gago gore ga o tsididi, e bile ga o bolelo. E kete o ka bo o le tsididi gongwe o le bolelo!
16 Jaanong ka o le bothitho fela, o se molelo le e seng tsididi, ke tla go kgwa ka molomo wa me.
17 Gonne o a re, o mohumi, o humile, ga o tlhoke sepe; mme o sa itse gore o mmogisegi, o tlhomola pelo, o tletse lehuma, o sefofu, ga o a ikatega.
18 Ke go gakolola gore o reke gouta mo go nna e e itshekisitsweng ka molelo gore o tle o hume, le diaparo tse ditshweu gore o tle o apare, mme ditlhong tsa bosaikatega jwa gago di se ka tsa senoga, le setlhare sa matlho go itlotsa matlho gore o tle o bone.
19 Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela, ke a ba watlhaya; ka moo he, nna matlhagatlhaga o tlhabologe.
20 Bona, ke eme fa mojako, ke a konyakonya. Fa motho a utlwa lentswe la ka, a ba a bula lobati, ke tla tsena kwa go ene, ke ja selalelo nae le ene le nna.
21 Yo o fenyang ke tla mo naya gore a nne le nna mo sedulong sa ka sa bogosi, jaaka le nna ke fentse, ke ntse le Rre mo sedulong sa gagwe sa bogosi.
22 “ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’ ”