TSHENOLO 4

Pontsho ya sedulo sa bogosi. Bagolo ba le 24. Diphedi tse nne

1 Morago ga dilo tseo ka bona mojako mo legodimong o bulegile; lentswe la ntlha le ke le utlwileng le bua le nna e kete la lonaka la re: “Tlhatlogela kwano; ke tla go bontsha tse di tshwanetseng go dirafala metlheng e e tlang.”

2 Jaanong ka akofa ka tsenwa ke Mowa; ka bona sedulo sa bogosi, se beilwe mo legodimong le mongwe a ntse mo go sona.

3 Yo o ntseng mo go sona o ne a tshwana le lentswe la botlhokwa la jasepise le saredise; motshewabadimo wa bo o dikanyeditse sedulo sa bogosi, o tshwana le lentswe la semarage.

4 Mo tikologong ya sedulo sa bogosi go ne go le ditulo di le 24; ka bona bagolo ba le 24 ba ntse mo ditulong tseo, ba apere diaparo tse ditshweu, ba rwele dirwalo tsa bogosi tsa gouta mo ditlhogong.

5 Go ne go tswa dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru mo sedulong sa bogosi. Dipone tse supa tsa bo di tuka fa pele ga sedulo, tse e leng Mewa e supa ya Modimo.

6 Fa pele ga sedulo go ne go ntse jaaka lewatle la galase, le tshwana le legakwa le le galalelang; mo gare, fa sedulong, e bong mo tikologong ya sona go na le diphedi di le nne, di tletse matlho ka fa pele le ka fa morago.

7 Setshedi sa ntlha se ne se tshwana le tau; sa bobedi se tshwana le poana; sa boraro se na le sefatlhego se se tshwanang le sa motho; sa bone se tshwana le ntswi fa e fofa.

8 Sengwe le sengwe sa diphedi tse nne tseo se ne se na le diphuka di le thataro, di tletse matlho ka fa ntle le ka fa teng, di sa ikhutse bosigo le motshegare, di ntse di bua di re:

“Go boitshepo, go boitshepo,

go boitshepo Morena,

Modimo Mothatayotlhe

yo o neng a le teng,

yo o leng teng,

yo o tla tlang!”

9 Jaanong e a re ditshedi di neela yo o ntseng mo sedulong kgalalelo le tlotlo le tebogo, e bong ene yo o tshelang ka bosakhutleng,

10 bagolo ba ba 24 ba itigele fa pele ga yo o ntseng mo sedulong, ba obamele ene yo o phelang ka bosakhutleng, ba bee dirwalo tsa bona tsa bogosi fa pele ga sedulo, ba bue ba re:

11 “Morena, Modimo wa rona,

o tshwanetse go amogela

kgalalelo le tlotlo le thata;

gonne o tlhodile dilo tsotlhe,

tsa nna teng,

di bopilwe ka fa thatong

ya gago.”