Ke Kwana fela e e nang le tshwanelo ya go lo kanolola
1 Jaanong ka bona lokwalo mo letsogong le le jang la yo o ntseng mo sedulong, lo kwadilwe ka fa teng le ka fa ntle, lo kannwe ka dikano tse supa.
2 Ka ba ka bona moengele yo o thata, a buela kwa godimo a re: “Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone?”
3 Mme ga bo go se ope mo legodimong le mo lefatsheng le kwa tlase ga lefatshe yo o nonofileng go ka bula lokwalo, le fa e le go ka leba mo go lone.
4 Jaanong ka lela thata, ka go sa fitlhelwe ope yo o nang le tshwanelo ya go ka bula lokwalo, le fa e le go leba mo go lone.
5 Mme mongwe wa bagolo a nthaya a re: “Se lele; bona, Tau e e leng ya lotso lwa Juta, Modi wa ga Dafita, o fentse gore a bule lokwalo le go kanolola dikano di supa tsa lone.”
6 Jaanong fa gare, fa pele ga sedulo le diphedi tse nne le mo gare ga bagolo ka bona Kwana e eme, e kete e tlhabilwe, e na le dinaka di supa le matlho a supa a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e rometsweng kwa lefatsheng lotlhe.
7 Yona ya tla, ya tsaya lokwalo mo letsogong le le jang la yo o ntseng mo sedulong.
8 Ya re e tsaya lokwalo, diphedi tse nne le bagolo ba ba 24 ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa le megotšwana ya gouta e tletse maswalo a e leng merapelo ya baitshepi.
9 Ba opela sefela se sešwa ba re:
“Go go tshwanetse go tsaya
lokwalo le go kanolola
dikano tsa lone,
ka o tlhabilwe;
mme batho ba ditso tsotlhe
le ba dipuo tsotlhe
le ba ditšhaba tsotlhe
le ba merafe yotlhe
wa ba rekololela
Modimo ka madi a gago,
10 wa ba dira dikgosi le baperesiti ba
Modimo wa rona ba ba tla
busang mo lefatsheng.”
11 Jaanong ka bona, ka ba ka utlwa mantswe a baengele ba le bantsi tikologong ya sedulo le ya diphedi le ya bagolo; palo ya bone e ne e le 10 000 ga 10 000 le dikete ga dikete,
12 ba bua ka lentswe le legolo ba re:
“Kwana e e tlhabilweng
e na le tshwanelo
ya go tshola thata le khumo
le botlhale le nonofo le tlotlo
le kgalalelo le poko.”
13 Jaanong ka utlwa sebopiwa sengwe le sengwe se se mo legodimong le mo lefatsheng le kwa tlase ga lefatshe le mo lewatleng le tsotlhe tse di mo go tsona di re:
“A poko le tlotlo le kgalalelo
le puso e nne tsa yo o ntseng
mo sedulong le tsa Kwana
go ya bosakhutleng!”
14 Diphedi tse nne tsa re: “Amen;” bagolo ba wela fa fatshe, ba obamela yo o phelang go ya bosakhutleng.