Kanololo ya dikano di le thataro
1 E rile Kwana e kanolola sekano sengwe sa dikano tse di supang, ka bona, ka ba ka utlwa sengwe sa diphedi tse nne se bua jaaka tumo ya maru se re: “Tlaya o bone!”
2 Ka leba, ka bona pitse e tshweu; yo o e palameng a bo a tshotse bora; mme a newa serwalo, a ba a bolola e le mofenyi gore a fenye.
3 Ya re e kanolola sekano sa bobedi, ka utlwa sephedi sa bobedi se re: “Tlaya o bone!”
4 Jaanong ga tswa pitse e nngwe e e bohibidu jwa molelo; yo o e palameng a newa thata ya go tlosa kagiso mo lefatsheng le go dira gore batho ba bolayane; a ba a newa tšhaka e kgolo.
5 Ya re e kanolola sekano sa boraro, ka utlwa sephedi sa boraro se re: “Tlaya o bone!” Ka leba, ka bona pitse e ntsho; yo o e palameng a bo a tshotse selekanyetso ka letsogo.
6 Ka ba ka utlwa lentswe le bua mo gare ga diphedi tse nne le re: “Tlatlana ya korong e ja šeleng, ditlatlana di le tharo tsa garase di ja šeleng; mme o se ka wa senya lookwane le weine.”
7 Ya re e kanolola sekano sa bone, ka utlwa sephedi sa bone se re: “Tlaya o bone!”
8 Ka leba, ka bona pitse e tshetlha; yo o e palameng leina la gagwe ga twe Loso; felo ga baswi go ne go mo setse morago. Ba newa thata ya go bolaya karolo ya bone ya lefatshe ka tšhaka le ka loso lwa leroborobo le ka dibata tsa lefatshe.
9 Ya re e kanolola sekano sa botlhano, ka bona fa tlase ga aletare go le mewa ya ba ba bolailweng ka ntlha ya Lefoko la Modimo le ka ntlha ya tshupo e ba nang nayo.
10 Ba buela kwa godimo ba re: “Mmusi yo o boitshepo, yo o boammaaruri, go goleele go le kae, o sa atlhole, wa busolosetsa madi a rona mo go bona ba ba agileng mo lefatsheng?”
11 Jaanong mongwe le mongwe wa bone a newa seaparo se sesweu, ba bolelelwa gore ba name ba sa ikhutsitse sebakanyana go ya palo e be e tlale ya batlhanka-ka-bone le ya badumedi-ka-bone ba le bone ba tla bolawang jaaka bone.
12 Ya re e kanolola sekano sa borataro, ka bona thoromo e kgolo ya lefatshe, letsatsi la ntshofala, la nna jaaka kgetse ya boditse, ngwedi otlhe wa nna jaaka madi;
13 dinaledi tsa legodimo tsa wela mo lefatsheng, jaaka setlhare sa feie se tlhotlhorega mmono wa sona, fa se tsubutliwa ke phefo e e thata.
14 Legodimo lone la katoga jaaka lokwalo, fa lo phuthwa, dithaba tsotlhe le ditlhakatlhake tsa katosiwa mo mannong a tsona.
15 Dikgosi tsa lefatshe le batlotlegi le balaodi le bahumi le ba ba thata le batlhanka botlhe le bagololesegi botlhe ba iphitlha mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba,
16 ba raya dithaba le mafika ba re: “Re weleng godimo, lo re fitlhele sefatlhego sa yo o ntseng mo sedulong sa bogosi le bogale jwa Kwana;
17 ka gonne letsatsi le legolo la bogale jwa gagwe le fitlhile; ke mang yo o nonofileng go ka ema?”