TSHENOLO 7

Baiseraele ba ba boikanyo ba gololwa mo dipitlaganong tse di boitshegang

1 Morago ga moo ka bona baengele ba le bane ba eme fa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tse nne tsa lefatshe gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng le e seng mo lewatleng le e seng mo setlhareng sepe.

2 Ka ba ka bona moengele yo mongwe a tlhatloga kwa botlhabatsatsi, a na le sekano sa Modimo o o phelang; a kuela ka lentswe le legolo kwa baengeleng ba bane ba ba neilweng go senya lefatshe le lewatle

3 a re: “Lo se ka lwa senya lefatshe le e seng lewatle le e seng ditlhare, go ya re tshwae batlhanka ba Modimo wa rona pele mo diphatleng tsa bone.”

4 Jaanong ka utlwa palo ya ba ba tshwailweng, e le batshwaiwa ba le 144 000, ba tswa mo lotsong longwe le longwe lwa bomorwa Iseraele:

5 Ba lotso lwa ga Juta e le batshwaiwa ba le 12 000; ba lotso lwa ga Rubene e le 12 000; ba lotso lwa ga Gate e le 12 000;

6 ba lotso lwa ga Asere e le 12 000; ba lotso lwa ga Nafetale e le 12 000; ba lotso lwa ga Manase e le 12 000;

7 ba lotso lwa ga Simeone e le 12 000; ba lotso lwa ga Lefi e le 12 000; ba lotso lwa ga Isašare e le 12 000;

8 ba lotso lwa ga Sebulone e le 12 000; ba lotso lwa ga Josefa e le 12 000; ba lotso lwa ga Benyamene e le batshwaiwa ba le 12 000.

Lesomo le legolo la ba ba golotsweng

9 Morago ga dilo tseo ka leba, ka bona lesomo le legolo la batho le le sa ka keng la balwa ke ope, e le ba ditšhaba tsotlhe le ba ditso le ba merafe le ba dipuo ba eme fa pele ga sedulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse ditshweu, ba tshotse dikala tsa mokolane ka diatla;

10 ba tshela lošalaba lo logolo ba re: “Pholoso e mo Modimong wa rona o o ntseng mo sedulong sa bogosi le mo Kwaneng!”

11 Baengele botlhe ba bo ba eme mo tikologong, sedulo se le fa gare le bagolo le diphedi tse nne, ba wela fa pele ga sedulo ka difatlhego, ba obamela Modimo

12 ba re: “Amen! A poko le kgalalelo le botlhale le tebogo le tlotlo le thata le nonofo e nne tsa Modimo wa rona go ya bosakhutleng! Amen.”

13 Jaanong mongwe wa bagolo a mpotsa a re: “Ba ba apereng diaparo tse ditshweu ba, ke bomang, ba tswa kae?”

14 Ka mo raya ka re: “Morena wa me, go itse wena.”

A nthaya a re: “Ba ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse diaparo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a Kwana.

15 Ke ka ntlha ya moo ba leng fa pele ga sedulo sa bogosi sa Modimo, ba o direla bosigo le motshegare mo Tempeleng ya ona; mme yo o ntseng mo sedulong o tla tsharolola tente ya gagwe godimo ga bone.

16 Ga ba kitla ba tlhola ba bolawa ke tlala le fa e le lenyora, le letsatsi ga le kitla le ba fisa le fa e le mogote ope;

17 gonne kwana e e fa gare fa pele ga sedulo e tla ba fudisa, e ba gogela kwa metsweding ya metsi a botshelo; mme Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.”