TSHENOLO 8

Sekano sa bosupa se a kanololwa. Baengele ba supa ba na le diphala di supa. Diphala tsa ntlha tse nne

1 E rile Kwana e kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong e ka nna botlhanngwe jwa nako.

2 Jaanong ka bona baengele ba supa, ba ba emeng fa pele ga Modimo, ba neelwa diphala di supa.

3 Moengele yo mongwe a tla, a ema fa aletareng, a tshotse leiswana la gouta, a ba a neelwa maswalo a mantsi gore a a supelele merapelo ya baitshepi botlhe mo aletareng ya gouta e e fa pele ga sedulo sa bogosi.

4 Mme musi wa maswalo a a tshubetsweng dithapelo tsa baitshepi wa tlhatloga, wa tswa seatleng sa moengele, wa fitlha fa pele ga Modimo.

5 Jaanong moengele a tsaya leiswana, a le tlatsa molelo wa aletare, a o latlhela mo lefatsheng; ke fa go tla mantswe le ditumo tsa maru le dikgadima le thoromo ya lefatshe.

6 Jaanong baengele ba supa, ba ba nang le diphala di supa, ba iketleeletsa go di letsa.

7 Moengele wa ntlha a letsa; mme ga na sefako le molelo di tlhakanye le madi, tsa latlhelwa mo lefatsheng; karolo ya boraro ya lefatshe ya šwa le karolo ya boraro ya ditlhare ya šwa le bojang jotlhe jo botala jwa šwa.

8 Moengele wa bobedi a letsa; mme ga nna jaaka e kete thaba e kgolo e e tukang molelo e latlhelwa mo lewatleng; karolo ya boraro ya lewatle ya ba ya fetoga madi,

9 le karolo ya boraro ya diphedi tsa lewatle ya swa, le karolo ya boraro ya dikepe ya senngwa.

10 Moengele wa boraro a letsa, mme ga wa naledi e kgolo mo legodimong, e tuka jaaka serumola, ya wela mo karolong ya boraro ya dinoka le mo metsweding ya metsi.

11 Leina la naledi eo ke Longana; jaanong karolo ya boraro ya metsi ya nna longana, mme batho ba bantsi ba swa ka metsi ao, ka a fetogile bogalaka.

12 Moengele wa bone a letsa; mme karolo ya boraro ya letsatsi ya itewa le karolo ya boraro ya ngwedi le karolo ya boraro ya dinaledi, gore karolo ya boraro ya tsona e fifale le gore karolo ya boraro ya motsi e tlhoke lesedi, le bosigo fela jalo.

13 Ka bona, ka ba ka utlwa moengele e kete ntswi a fofa fa gare ga legodimo, a kua ka lentswe le legolo a re: “A tatlhego ya bone wee, wee, wee, ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya mantswe a mangwe a diphala tsa baengele ba bararo ba ba tla tlogang ba letsa.”