Phala ya botlhano le tatlhego ya ntlha
1 Jaanong moengele wa botlhano a letsa; mme ka bona naledi e wetse mo lefatsheng, e tswa kwa legodimong; a ba a newa selotlele sa molete o o se nang bolekanngo.
2 A bula molete o o se nang bolekanngo, ga ba ga tlhatloga musi mo moleteng jaaka musi wa pesetso e kgolo; letsatsi le loapi tsa fifadiwa ke musi wa molete.
3 Tsie ya tla mo lefatsheng e tswa mo musing, ya newa thata, jaaka diphepheng tsa lefatshe di na le thata.
4 Ya laelwa gore e se ka ya senya bojang jwa lefatshe, le fa e le sepe se setala, le fa e le setlhare sepe, fa e se batho fela ba ba se nang letshwao la Modimo mo diphatleng.
5 Ya laelwa gore e se ka ya ba bolaya, mme e ba tlhokofatse dikgwedi di le tlhano; tlhokofatso ya yona e tshwana le tlhokofatso ya phepheng, fa e loma motho.
6 Mo malatsing ao batho ba tla batla loso, mme ga ba kitla ba lo bona ka gope; ba tla eletsa go swa, mme loso lo tla ba gana.
7 Popego ya tsie ya bo e tshwana le ya dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa; mo ditlhogong tsa yona go ntse jaaka dirwalo e kete tsa gouta, difatlhego tsa yona di tshwana le tsa batho;
8 mme ya bo e na le meriri e e tshwanang le ya basadi, meno a yona a ntse jaaka meno a ditau.
9 Ya bo e na le difemela-sehuba tse di ntseng jaaka tsa tshipi, mosumo wa diphuka tsa yona o ntse jaaka loratla lwa dikoloi tsa dipitse di le dintsi tse di bololelang ntwa.
10 E ne e na le megatla e e tshwanang le ya diphepheng le mabolela, mme thata ya yona e le mo megatleng go bogisa batho dikgwedi di le tlhano.
11 E na le kgosi ya yona, e bong moengele wa molete, leina la gagwe ke Abadone ka Sehebere, mme ka Segerika ke Apolione.
12 Tatlhego ya ntlha e fetile, kana go sa tla ditatlhego di le pedi kwa morago.
Phala ya borataro le tatlhego ya bobedi
13 Jaanong ga letsa moengele wa borataro; mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tse nne tsa aletare ya gouta e e fa pele ga Modimo,
14 le raya moengele wa borataro yo o tshotseng phala le re: “Golola baengele ba bane ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Euferate.”
15 Baengele ba bane bao ba gololwa, ba ba etleeleditsweng nako eo le letsatsi leo le kgwedi eo le ngwaga oo gore ba bolae karolo ya boraro ya batho.
16 Palo ya ba mephato ya bapalama-dipitse e ne e le dimileone di le 200; ke ne ka utlwa palo ya bone.
17 Mme ka bona dipitse mo ponong le ba ba di palameng go ntse jaana: Ba na le difemela-sehuba tse dikhibidu jaaka molelo le tse dikwebu jaaka musi le tse ditshetlha jaaka sebabole; ditlhogo tsa dipitse tsona di le jaaka ditlhogo tsa ditau, go tswa molelo le musi le sebabole mo maganong a tsona.
18 Karolo ya boraro ya batho ya bolawa ka dipetso tse tharo tseo, e bong molelo le musi le sebabole, tse di tswang mo maganong a tsona.
19 Gonne thata ya dipitse tseo e mo maganong a tsona le mo megatleng ya tsona; gonne megatla ya tsona e tshwana le dinoga, e na le ditlhogo, di senya ka yona.
20 Mme batho ba ba setseng, ba ba sa bolawang ka dipetso tseo, ba se ka ba bakela ditiro tsa diatla tsa bone tsa go obamela medemone le medimo ya diseto ya gouta le ya selefera le ya kgotlho le ya lentswe le ya logong, e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa tsamaeng;
21 le gona ba se ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone le e seng boloi le e seng boaka le e seng bogodu jwa bone.