Moengele wa Morena o kgalemela Baiseraele
1 Moengele waMorenao ne a bolola kwa Gilegala, a tla kwa Bogime a re: “Ke lo ntshitse kwa Egepeto, ka lo fitlhisa mo lefatsheng le ke neng ke ikanetse borraeno ka lone ka re: ‘Ga nkitla ke senya kgolagano ya me le lona ka bosakhutleng.’
2 Ka re: ‘Lona lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le, mme lo dige dialetare tsa bone,’ mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me. Ke eng se lo se dirileng?
3 Ke ka moo le nna ke reng: Ga nkitla ke ba leleka fa pele ga lona gore ba lo bogise, mme medimo ya bone e nne thaelo mo go lona.”
4 E rile moengele waMorenaa sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko ao batho ba tlhatlosa mantswe, ba lela;
5 ba taya felo foo leina la Bogime,ba direlaMorenaditlhabelo teng.
Loso lwa ga Jošua
6 E rile Jošua a sena go naya morafe tsela, mongwe le mongwe a boela kwa nageng ya boswa jwa gagwe go rua lefatshe.
7 Morafe wa direlaMorenaka malatsi otlhe a ga Jošua le ka malatsi otlhe a bagolo ba ba neng ba phela sebaka se seleele sehularong sa ga Jošua ba ba bonyeng ditiro tse dikgolo tsotlhe tsaMorenatse o di diretseng Baiseraele.
8 Jaanong e rile Jošua morwa Nune motlhanka waMorenaa sena go swa, a le dinyaga di le 110,
9 ba mo fitlha mo nageng ya boswa jwa gagwe kwa Thimenatherese kwa dithabeng tsa ga Eferaime mo ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše.
10 Ya re botlhe ba metlha ele ba sena go gorosiwa kwa go borraabo, ga tsoga ba bašwa sehularong sa bone ba ba sa itsengMorenale e seng ditiro tse o di diretseng Baiseraele.
Baiseraele ba tlogela tirelo-Modimo
11 Ke fa Baiseraele ba dira tse di bosula mo matlhong aMorena, ba direla boBaale,
12 ba tlogelaMorena, Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya bone, ba e obamela, ba gakatsaMorenaka go dira jalo.
13 Mme e ne ya re fa ba tlogelaMorena, ba direla Baale le boAšethorethe,
14 Morenaa tukele Baiseraele bogale, a ba neele mo diatleng tsa bathukhuthi, ba ba thukhuthe dilo, a ba rekise mo diatleng tsa baba ba bone tikologong, mo ba neng ba sa tlhole ba kgona go emelana le baba ba bone.
15 Gongwe le gongwe kwa ba neng ba tswela teng seatla saMorenase ne se lwa nabo go ba direla tse di botlhoko, jaakaMorenaa ne a boletse le jaakaMorenaa ne a ba ikanetse.
Mme e ne ya re fa ba le mo tlalelong e kgolo.
16 Morenaa ba tsosetse baatlhodi, ba ba golole mo diatleng tsa bathukhuthi ba bone.
17 Fela le baatlhodi ba bone Baiseraele ba se ka ba ba utlwa; gonne ba ne ba dira boaka ka go latela medimo e sele, ba e obamela. Ba fapoga ka pele mo tseleng e borraabo ba neng ba sepetse mo go yona ka go utlwa ditaolo tsaMorena. Bone ba se ka ba dira jalo.
18 Mme e ne ya re faMorenaa ba tsosetsa baatlhodi,Morenaa nne le baatlhodi, a ba golole mo diatleng tsa baba ba bone ka malatsi aotlhe a moatlhodi. Ka gonneMorenao ne a ba tlhomogela pelo, fa ba ledisiwa ke ba ba ba pitlaganyang, ba ba gatelela.
19 Fela e ne ya re fa moatlhodi a swa, ba boele kwa morago, ba senye bogolo go borraabo ka go latela medimo e sele, ba e direle, ba e obamele. Ba se ke ba tlogele sepe sa ditiro tsa bone le sa tsamao ya bone ya botlhogoethata.
20 Ka mooMorenaa tukela Baiseraele bogale a re: “E re ka setšhaba se, se tlodile kgolagano ya me e ke e laetseng borraabo, sa se ka sa utlwa lentswe la me,
21 le nna ga nkitla ke tlhola ke leleka ope fa pele ga bone wa ditšhaba tse Jošua o neng a di tlogela, jale fa a swa
22 gore ke tle ke leke Baiseraele ka tsona, ke bone gore a ba tla tlhokomela ditsela tsaMorenago sepela mo go tsona jaaka borraabo ba di tlhokometse gongwe nnyaya.”
23 Morenaa sadisa ditšhaba tseo jalo, a se ka a di leleka ka pele le e seng go di neela mo diatleng tsa ga Jošua.