Moše o amogela Ditaolo gape
1 “Ka sebaka seoMorenaa nthaya a re: ‘Betla matlapa a le mabedi a maboti a a tshwanang le a pele, o tlhatlogele kwano go nna mo thabeng; le gona o dire Letlole la logong.
2 Mo matlapeng ao ke tla kwala mafoko ale a a neng a le mo matlapeng a pele a o a thubileng; o be o a bee mo Letloleng.’
3 “Ka dira Letlole ka dipati tsa mokwa, ka betla matlapa a le mabedi a maboti a a tshwanang le a pele, ka ba ka tlhatlogela kwa thabeng ke tshotse matlapa a mabedi ao ka diatla.
4 MmeMorenaa kwala mafoko a a tshwanang le a a neng a kwadilwe pele mo matlapeng, e bong mafoko a le some aMorenao neng a a buile le lona kwa thabeng a le mo molelong ka letsatsi la pitso ya morafe.Morenaa ba a a nneela.
5 Jaanong ka boa ka fologa mo thabeng, ka baya matlapa mo Letloleng le ke neng ke le dirile, a nna teng jaakaMorenaa ntaetse.” (
6 E rile go se na go feta sebaka Baiseraele ba kuologa kwa Beerothe-Bene-Jaakane ba ya kwa Mosera. Arone a swela gona, a ba a fitlhwa gona, mme Eleasare morwawe a nna moperesiti mo boemong jwa gagwe.
7 Ba be ba kuologa teng, ba ya kwa Gutegota; ba be ba tloga kwa Gutegota, ba ya kwa Jotebatha lefatsheng la dinokana tsa metsi.
8 Ka sebaka seoMorenaa lomolola lotso lwa ga Lefi gore ba sikare Letlole la Kgolagano yaMorena, ba eme fa pele gaMorenago mo direla, ba tshegofatse batho ka leina la gagwe jaaka go ntse go dirwa go fitlha letsatsing leno.
9 Ke ka moo Balefi ba se nang kabelo le boswa mmogo le Baiseraele;Morenake ene boswa jwa bone, jaakaMorenaModimo wa lona a ba solofeditse.)
10 “Ke ne ka nna mo thabeng jaaka metlheng ya pele, e bong malatsi a le 40 le masigo a le 40, mmeMorenaa nkutlwa le ka nako eo, a be a se ka a rata go lo senya.
11 MmeMorenaa nthaya a re: ‘Nanoga o ye go kuologa le morafe, o o etelele pele gore ba fitlhe ba thope lefatshe le ke le ikanetseng borraabo go le ba naya.’
Se Morena o se batlang mo Baiseraeleng
12 “Jaanong he, Iseraele, ke eng seMorena, Modimo wa gago, o se batlang mo go wena? O batla gore o boifeMorena, Modimo wa gago, o sepele mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o mo rate, o direleMorena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe,
13 ka go tlhokomela ditaolo tsaMorenale melao ya gagwe tse ke di go laelang kajeno gore o tle o tshele sentle.
14 Bona, legodimo le legodimo le le godimodimo ke laMorena, Modimo wa gago, le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone.
15 Mme ke borraeno fela ba ba neng ba kgatlhaMorenagore a ba rate; a ba a tlhopha lona ba losika lwa bone sehularong sa bone mo merafeng yotlhe jaaka go ntse kajeno.
16 Jaanong he rupisang boheitane jwa dipelo tsa lona, lo se tlhole lo gagamatsa dithamo tsa lona.
17 GonneMorena, Modimo wa lona, ke Modimo wa medimo le Morena wa barena. Ke Modimo o mogolo, o o thata, o o boitshegang, o o sa gobeleleleng motho ope le e seng go rekwa ka thelesetso.
18 Ke ona o o direlang lesiela le motlholagadi tshiamo, o o ratang moeng, o mo naya dijo le diaparo.
19 Ka moo ratang baeng, gonne le lona lo ne lo le baeng kwa lefatsheng la Egepeto.
20 BoifangMorena, Modimo wa lona, lo mo direle, lo mo ngaparele, lo ikane ka leina la gagwe.
21 Ke ene yo lo ipokang ka ene, ke ene Modimo wa lona o o lo diretseng dilo tse dikgolo tse di boitshegang tse matlho a lona a di bonyeng.
22 Borraeno ba kile ba fologela kwa Egepeto e le batho ba le 70, mme jaanongMorenaModimo wa lona o lo atisitse go nna kana ka dinaledi tsa legodimo.