DOITERONOMIO 11

Go bolelwa bogolo jwa Morena

1 “RatangMorena, Modimo wa lona, lo tlhokomele thulaganyo ya gagwe le melao ya gagwe le ditshiamelo tsa gagwe le ditaolo tsa gagwe ka metlha yotlhe.

2 Itseng kajeno gore ga ke bue le bana ba lona ba ba sa itseng, ba ba sa bonang thuto le kwatlhao tsaMorena, Modimo wa lona, e bong bogolo jwa gagwe le seatla sa gagwe se se tiileng le letsogo la gagwe le le otlologileng

3 le ditshupo tsa gagwe le ditiro tsa gagwe tse o di dirileng kwa Egepeto mo go Farao, kgosi ya Egepeto, le mo lefatsheng lotlhe la gagwe

4 le tse a di diretseng mephato ya Baegepeto le dipitse tsa yona le dikoloi tsa yona eMorenao neng a e nwetsa mo metsing a Lewatle la Motlhaka, jale fa ba lo latelela, a e latlha jalo go fitlhelela letsatsing leno;

5 le tse o di lo diretseng kwa sekakeng ga tsamaya lwa ba lwa fitlha felong fano;

6 le tse o di diretseng Dathane le Abirame bomorwa Eliabe, oora Rubene, fa lefatshe le atlhama, le ba metsa le ba malapa a bone le ditente tsa bone le diruiwa tsotlhe tse ba neng ba na natso mo gare ga Baiseraele botlhe.

7 Mme ke bua le lona ba matlho a lona a bonyeng ditiro tse dikgolo tsotlhe tseMorenaa di dirileng.

Lesego la lefatshe le ba le solofeditsweng

8 “Tlhokomelang he ditaelo tsotlhe tse ke di lo laelang kajeno gore lo nne thata, lo tsene, lo thope lefatshe le lo tshelelang kwa go lone go le rua

9 le gore lo nne malatsi a mantsi mo lefatsheng leMorenao le ikanetseng borraalona go le ba naya le bana ba bone, lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.

10 Gonne lefatshe le lo tsenang mo go lone go le rua ga le tshwane le lefatshe la Egepeto le lo tswang kwa go lone, kwa lo neng lo jwala peo ya lona teng, lo be lo e nosa ka dinao jaaka tshimonyana ya merogo.

11 Mme lefatshe le lo tshelelang kwa go lone go le rua ke lefatshe la dithaba le melapo, le nwa metsi a pula ya legodimo.

12 Ke lefatshe leMorena, Modimo wa lona, o le babalelang. Matlho aMorena, Modimo wa lona, a le lebile ka gale go tloga tshimologong ya ngwaga go ya bokhutlong jwa ona.

13 “E tla ne e re fa lo reetsa ditaolo tsa me sentle tse ke di lo laelang kajeno gore lo rateMorena, Modimo wa lona, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe,

14 gone ke nesetse lefatshe la lona pula ka nako ya yona, e bong pula ya go lema le e e tsadisang gore lo tle lo phuthe mabele a lona le matute a moweine a lona le lookwane lwa lona.

15 Le gona ke tla tlhogisetsa diruiwa tsa lona bojang mo nageng ya lona; lo tla ja, lo kgora.

16 Fela lo itise gore dipelo tsa lona di se ka tsa raelega, lwa fapoga, lwa direla medimo e sele, lwa e obamela;

17 bogale jwaMorenabo ka tloga jwa lo tukela, mme a tswala legodimo, pula ya se ka ya na, masimo a se ka a ntsha thobo ya ona, lwa latlhega ka pele, lwa tlosiwa mo lefatsheng le lentle leMorenao tla le lo nayang.

18 “Mafoko ao a me a tsenyeng mo dipelong tsa lona le mo meweng ya lona, lo a bofelele mo diatleng tsa lona go nna sesupo, a a nne fa gare ga matlho a lona go nna letshwao.

19 Lo a rute bana ba lona ka go bua ka ga ona, fa lo dutse mo matlong a lona, le fa lo tsamaya mo tseleng, le fa lo ya go robala, le fa lo tsoga.

20 Lo a kwale mo mephakaregong ya mejako ya matlo a lona le mo dikgorong tsa lona

21 gore malatsi a lona le malatsi a bana ba lona a nne mantsi mo lefatsheng leMorenao le ikanetseng borraalona go le ba naya, a nne kana ka malatsi a legodimo le okameng lefatshe ka ona.

22 “Fa lo ka tlhokomela ditaolo tsotlhe tseo tota tse ke di lo laelang gore lo dire ka tsona ka go rataMorena, Modimo wa lona, le ka go sepela mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe le ka go mo ineela,

23 fooMorenao tla leleka ditšhaba tsotlhe tseo fa pele ga lona, mme lo tla ja boswa jwa ditšhaba tse dikgolo, tse di thata bogolo go lona.

24 Felo gongwe le gongwe kwa pato tsa dinao tsa lona di tla gatang teng e tla nna ga lona; go tloga kwa sekakeng go ya go fitlha kwa Lebanone le go tloga kwa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa lewatleng la bophirimatsatsi e tla nna naga ya lona.

25 Ga go na ope yo o ka emelanang le lona;Morena, Modimo wa lona, o tla dira letshogo gore lo tshogwe le poifo gore lo boifiwe mo lefatsheng lotlhe le lo tla le gatang jaaka a lo solofeditse.

26 “Bonang, ke baya tshegofatso le khutso fa pele ga lona kajeno:

27 Lo tla bona tshegofatso, fa lo utlwa ditaolo tsaMorena, Modimo wa lona, tse ke di lo laelang kajeno;

28 lo tla bona khutso, fa lo sa utlwe ditaolo tsaMorena, Modimo wa lona, mme lo fapoga mo tseleng e ke e lo laelang kajeno ka go latela medimo e sele e lo sa e itseng.

29 A e reMorena, Modimo wa lona, a sena go lo fitlhisa kwa lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua lo bee tshegofatso mo thabeng ya Gerisime le khutso mo thabeng ya Ebale.

30 Kana dithaba tseo di kwa moseja ga Joretane, ntlheng ya bophirimatsatsi ya tsela mo lefatsheng la Bakanana ba ba agileng mo lebaleng la Joretane le le lebaganyeng le Gilegala, fa go bapileng le setlhare sa boitseanape.

31 Gonne lo tla tshela Joretane go ya go tsena le go thopa lefatshe leMorena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang; lo tla le rua, lo aga mo go lone.

32 Tlhokomelang he go dirisa melao yotlhe le ditshwanelo tse ke di bayang fa pele ga lona kajeno.