Modimo o tshwanetse go direlwa mo felong go le gongwe fela
1 “Melao le ditshwanelo ke tse, tse lo tshwanetseng go di tlhokomela go dira ka tsona lo le kwa lefatsheng leMorena, Modimo wa borraeno, o le lo neileng gore lo le rue; ke tsa malatsi otlhe a lo tla phelang mo lefatsheng ka ona.
2 Mafelo otlhe kwa baheitane ba lo tla ba lelekang ba neng ba direla medimo ya bone teng lo a senyetse ruri, a a mo dithabeng tse di godimo gongwe mo dithoteng gongwe fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.
3 Digang dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo reme medimako ya Ašera ya bone, lo fise medimo ya diseto ya bone ka molelo, lo nyeletse maina a yona mo felong ga teng.
4 “Lo se ka lwa direlaMorena, Modimo wa lona, jalo.
5 Mme lo etele felo fela faMorena, Modimo wa lona, o tla go tlhaolang mo ditsong tsotlhe tsa lona go baya leina la gagwe teng le go nna teng, lo ye gone,
6 lo ise ditlhabelo tsa phiso tsa lona gona le ditlhabelo tse di jewang tsa lona le dikarolo tsa lesome tsa lona le seabe sa diatla tsa lona le tsa maikano a lona le tsa bogalona le maitibolo a dikgomo tsa lona le a difutshane tsa lona.
7 Lo jele teng fa pele gaMorena, Modimo wa lona, lo itumelele tsotlhe tse diatla tsa lona di di amogetseng, tseMorena, Modimo wa lona, a lo tshegofaditseng ka tsona, lona le ba malapa a lona.
8 “Teng lo se ka lwa dira jaaka re sa ntse re dira fano kajeno – mongwe le mongwe a dira fela ka fa thatong ya gagwe.
9 Gonne ga lo ise lo fitlhe kwa boikhutsong le kwa bosweng joMorena, Modimo wa lona, o tla bo lo nayang.
10 Mme lo tla tshela Joretane, lo aga mo lefatsheng leMorena, Modimo wa lona, o tla le lo ruisang; o tla lo naya boikhutso, go se na mmaba ope tikologong yo o ka lo tshwenyang; lo tla nna lo iketlile.
11 Foo a felo faMorena, Modimo wa lona, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng, e nne gona kwa lo tla isang tsotlhe teng tse ke di lo laelang, e bong ditlhabelo tsa phiso tsa lona le ditlhabelo tse di jewang tsa lona le dikarolo tsa some tsa lona le seabe sa diatla tsa lona le tsotlhe tse di tlhaotsweng tsa maikano a lona, tse lo tla di ikanelangMorena.
12 Lo be lo itumele fa pele gaMorena, Modimo wa lona, lona le bomorwaa-lona le bomorwadia-lona le batlhanka ba lona le malata a lona le Molefi yo o mo metseng ya lona; gonne ga a na kabelo gongwe boswa mo go lona.
13 Itise gore o se ka wa tlhabela ditlhabelo tsa phiso tsa gago mo felong gongwe le gongwe fa o go bonang.
14 Mme kwa felong faMorenao tla go tlhaolang mo go longwe lwa ditso tsa gago ke kwa o tshwanetseng go tlhabela ditlhabelo tsa phiso tsa gago teng le go dira tsotlhe tse ke di go laelang.
15 “Fela o ka tlhaba, wa ja nama ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gago, ka fa tshegofatsong yaMorena, Modimo wa gago, e a e go neileng mo metseng yotlhe ya gago; e ka jewa ke yo o sa itshekang le yo o itshekileng jaaka tshephe le kgama.
16 Fela madi lo se ka lwa a ja; lo a tshololele fa fatshe jaaka metsi.
17 Se o sa tshwanelang go se ja mo metseng ya gago ke karolo ya some ya mabele a gago le ya matute a moweine a gago le ya lookwane lwa gago le maitibolo a dikgomo tsa gago le a difutshane tsa gago le tsa maikano otlhe a gago a o tla a ikanang, le dineo tsa bogagago le seabe sa diatla tsa gago,
18 mme tseo o di jele fa pele gaMorena, Modimo wa gago, kwa felong faMorena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago, o itumelele tsotlhe tse diatla tsa gago di di amogetseng fa pele gaMorena, Modimo wa gago.
19 Itise gore o se ka wa tima Molefi ka malatsi otlhe a o tshelang mo lefatsheng la ga eno ka ona.
20 “E re faMorena, Modimo wa gago, a katolosa molelwane wa gago jaaka a go solofeditse, mme o rata go ja nama, ka o e eletsa, gona o ka e ja ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gago.
21 Jaanong fa felo faMorenaModimo wa gago o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng go le kgakala nao, o ka tlhaba dikgomo tsa gago gongwe difutshane tsa gago tseMorenaa di go neileng ka fa ke go laetseng ka teng, wa di ja mo metseng ya gago ka fa keletsong yotlhe ya pelo ya gago.
22 O ka di ja fela jaaka go jewa tshephe le kgama; yo o sa itshekang le yo o itshekileng ba ka di ja ka bobedi.
23 Fela o tlhokomele thata gore o se ka wa ja madi; gonne madi ke botshelo, mme ga o a tshwanela go ja botshelo mmogo le nama.
24 O se ka wa a ja; o a tshololele fa fatshe jaaka metsi.
25 O se ka wa a ja gore o tle o phele pila le bana ba gago sehularong sa gago, fa o dira tse di tlhamaletseng mo matlhong aMorena.
26 Fela dineo tse di boitshepo tse o ratang go di ntsha le tsa maikano a gago o di tsee, o ye kwa felong faMorenao tla go tlhophang;
27 o be o baakanye ditlhabelo tsa phiso tsa gago, e bong nama le madi, fa aletareng yaMorena, Modimo wa gago, mme ditlhabelo tse di jewang tsa gago go tshololwe madi a tsona fela fa aletareng yaMorena, Modimo wa gago, nama yona o ka e ja.
28 Tlhokomela o utlwe mafoko otlhe ao a ke a go laelang gore o tle o tshele sentle le bana ba gago sehularong sa gago ka bosakhutleng, fa o dira tse di siameng le tsa nnete mo matlhong aMorena, Modimo wa gago.
Tshabang go direla medimo ya Bakanana
29 “E re faMorena, Modimo wa gago, a sena go nyeletsa baheitane fa pele ga gago ba o tla yang kwa go bone go ba leleka; fa o ba lelekile, wa ba wa nna mo lefatsheng la bone,
30 o itise gore o se ka wa raelega go ba etsa ba sena go nyelediwa fa pele ga gago; o itise gore o se ka wa botsolotsa ka ga medimo ya bone wa re: ‘Baheitane bao ba diretse medimo ya bone jang? Le nna ke tle ke dire jalo.’
31 O se ka wa direlaMorena, Modimo wa gago, ka tse di ntseng jalo. Gonne tsotlhe tse ba di diretseng medimo ya bone ke makgapha moMoreneng, ke tse a di ilang. E bile bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ba tle ba ba fisetse medimo ya bone.
32 Sengwe le sengwe se ke se lo laelang lo se tlhokomele go se dirisa. Lo se ka lwa se oketsa ka sepe le e seng go se fokotsa.