1 “E re fa moporofeti gongwe molori wa toro a tsoga mo gare ga lona, a lo bolelela sesupo gongwe kgakgamatso,
2 mme go dirafala sesupo gongwe kgakgamatso e o neng a e lo solofeditse; fa a bile a re: ‘A re yeng, re latele medimo e sele, re e direle’ – mme e le medimo e lo sa e itseng –
3 gona lo se ka lwa utlwa mafoko a moporofeti yoo gongwe molori wa toro yoo; gonneMorena, Modimo wa lona, o a lo leka go itse gore, a lo rataMorenaModimo wa lona ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe.
4 Lo lateleMorena, Modimo wa lona, lo boife ene, lo tlhokomele ditaolo tsa gagwe, lo utlwe lentswe la gagwe, lo mo direle, lo mo ngaparele.
5 Mme moporofeti yoo gongwe molori wa toro yoo o tshwanetse go bolawa; gonne o buile tsa go ikepa moMoreneng, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a lo golola mo ntlong ya botlhanka. Gonne moporofeti yoo o lo faposa mo tseleng eMorena, Modimo wa lona, o e lo laetseng gore lo sepele mo go yona. Lo tlose bosula jalo mo gare ga lona.
6 “Fa morwa-rraago gongwe morwa-mmaago gongwe morwao gongwe morwadio gongwe mosadi yo ò mo ratang gongwe mongwe-ka-wena yo ò mo ratang jaaka o ithata, a go raela sephiring a re: ‘A re ye, re direle medimo e sele’ – e o sa e itseng le e seng borraeno,
7 e le medimo mengwe ya merafe e e mo tikologong ya lona, le fa e le gaufi gongwe kgakala, go tloga bokhutlong jwa lefatshe go ya go fitlha bokhutlong jo bongwe jwa lone –
8 o se ka wa dumelelana nae le e seng go mo utlwa. A leitlho la gago le se ka la mo utlwela botlhoko, o se ka wa mo rekegela le e seng go mo loba.
9 O mmolae; a letsogo la gago e nne la ntlha le le mo go ene go mmolaya, morago ga moo go tle mabogo a morafe otlhe.
10 Lo mo kgobotletse ka majwe gore a swe; ka gonne o batlile go lo faposa moMoreneng, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka.
11 A Baiseraele botlhe ba utlwe, ba boife gore ba se tlhole ba dira bosula jo bo ntseng jalo mo gare ga lona.
12 “E re fa lo utlwela motse mongwe wa metse ya ga lona eMorena, Modimo wa lona, o e le neileng gore lo nne mo go yona, go twe:
13 Banna ba disenyi ba dule mo go lona, ba faposa baagi ba motse wa ga bone ka go re: ‘A re yeng, re direle medimo e sele’ – e lo sa e itseng –
14 gona lo batlisise, lo tlhotlhomise, lo botsolotse sentle. Mme fa go fitlhelwa e le nnete, go se na pelaelo epe, fa makgapha ao a dirilwe mo gare ga lona,
15 gona lo tshwanetse go bolaya baagi ba motse oo ka bogale jwa tšhaka, lo o senye, o hutsitswe ke Modimo le tsotlhe tse di mo go ona le diruiwa tsa ona ka bogale jwa tšhaka.
16 Thopo yotlhe ya ona lo e kgobokanye mo patlelong ya ona, lo fisetseMorena, Modimo wa lona, motse le thopo yotlhe ya ona gotlhe ka molelo gore o fetoge mokoa wa thotobolo wa metlha yotlhe, o se ka wa tsosiwa gape.
17 A go se ka ga sala sepe sa tse di hutsitsweng mo diatleng tsa lona goreMorenaa khutle mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, a lo utlwele botlhoko, a lo tlhomogele pelo, a lo atise jaaka a ikanetse borraeno.
18 Morenao tla dira jalo, fa lo ka utlwa lentswe laMorena, Modimo wa lona, lwa tlhokomela ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di lo laelang kajeno, lwa dira tse di tlhamaletseng mo matlhong aMorena, Modimo wa lona.