DOITERONOMIO 14

Mekgwa e e sa siamang ya go hutsafalela moswi

1 “Lona lo bana baMorena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa iphatsa le e seng go ipeola fa godimo ga phatla ka ntlha ya moswi.

2 Gonne lo morafe o o boitshepo waMorena, Modimo wa lona.Morenao lo tlhophile mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng gore lo nne morafe wa gagwe.

Ditshedi tse di itshekileng le tse di sa itshekang

3 “Lo se ka lwa ja sepe se se maila.

4 Ditshedi tse lo ka di jang ke kgomo le nku le podi

5 le kgama le tshephe le tholo le mfele le phala le kukama le phuti

6 le setshedi sengwe le sengwe mo ditsheding se se ditlhako di maphata, di le maphata a le mabedi tota, se e bileng se otla, sona lo ka se ja.

7 Fela tse lo sa tshwanelang go di ja mo go tse di otlang le tse di ditlhako di maphata gotlhe ke kammele le mmutla le pela; gonne di a otla, mme ga di ditlhako di maphata; di lo itshekologetse;

8 le kolobe, gonne e ditlhako di maphata, mme ga e otle; e lo itshekologetse. Lo se ka lwa ja sepe sa dinama tsa tsona le e seng go ama ditoto tsa tsona.

9 “Tse lo ka di jang mo go tse di mo metsing ke tsotlhe tse di nang le diphuka le makape, tsona lo ka di ja.

10 Mme tsotlhe tse di se nang diphuka le makape lo se ka lwa di ja; di lo itshekologetse.

11 “Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.

12 Tse lo sa tshwanelang go di ja mo go tsona ke ntswi le makgwane le lenong le lentsho

13 le segodi le digootsane le mefuta ya tsona

14 le mefuta yotlhe ya magakabe

15 le ntšhwe le moleane le lenongnyana la lewatle le bophakalane le mefuta ya bone

16 le ubane le morubisi le moseleketane

17 le tlhangwe le lenong le lesetlha le kokolohute

18 le mokololwane le mmamasiloanoka le mefuta ya yona le makapatsiane le mamathwane.

19 “Ditshedinyana tsotlhe tse di diphuka di lo itshekologetse; ga di a tshwanela go jewa.

20 Lo ka ja dinonyane tsotlhe tse di itshekileng.

21 “Lo se ka lwa ja setshedi sepe se se suleng ka bosona. Lo ka se naya moeng yo o mo metseng ya lona gore a se je, gongwe lo ka se rekisa mo mothong wa setšhaba se sele. Gonne lona lo morafe o o boitshepo waMorena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa apaya potsane ka mašwi a mmaayo.

Karolo ya some

22 “O tshwanetse go ntsha karolo ya some ya thobo yotlhe ya dijwalo tsa gago, e bong ya tse di tswang kwa masimo ka ngwaga le ngwaga.

23 Karolo ya some ya mabele a gago le ya matute a moweine a gago le ya lookwane lwa gago le maitibolo a dikgomo tsa gago le a difutshane tsa gago, o di jele fa pele gaMorena, Modimo wa gago, kwa felong fa o tla go tlhaolang go baya leina la gagwe teng gore o tle o ithute go boifaMorena, Modimo wa gago, ka metlha yotlhe.

24 Mme faMorena, Modimo wa gago, a go tshegofaditse, mme tsela e le telele mo go wena, mme o palelwa ke go rwala karolo ya some, ka felo faMorena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng go le kgakala nao,

25 gona o e rekise madi, o a tsee ka seatla a phuthetswe, o be o ye kwa felong faMorena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang.

26 O be o ntshe madi, o reke tsotlhe tse pelo ya gago e di eletsang, e ka nna kgomo gongwe sefutshane gongwe weine gongwe bojalwa, le fa e le eng se pelo ya gago e se batlang, o di jele teng fa pele gaMorena, Modimo wa gago, o itumele wena le ba lapa la gago.

27 “Le Molefi yo o mo metseng ya gago o se ka wa mo tima, gonne ga a na kabelo gongwe boswa mo go wena.

28 E ne e re mo bofelong jwa ngwaga wa boraro o ntsha karolo yotlhe ya some ya thobo ya gago ngwageng oo, o e baya mo metseng ya gago.

29 Jaanong a go tle Balefi – ka ba se na kabelo gongwe boswa mo go wena – le baeng le masiela le batlholagadi ba ba mo metseng ya gago, ba je ba kgore goreMorena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago e o e dirang.