DOITERONOMIO 15

Ka ga ngwaga wa bosupa wa go phimola melato

1 “E ne e re go fela dinyaga di supa, o phimola melato.

2 Mokgwa wa go phimola melato ke o o ntseng jaana: Yo o adimileng a a phimole se a se adimileng mongwe-ka-ene, a se ka a tshwenya mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Mpusetse!’ Gonne ngwaga wa go phimola melato o tla ne o kuelwa go tlotlaMorena.

3 Wa setšhaba se sele o ka mo tshwenya o a re: ‘Mpusetse!’ Mme tse o di adimileng morwa-rraago o di phimole.

4 “Go tla bo go sena bahumanegi mo go wena, gonneMorena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa thata mo lefatsheng le o tla le go nayang go nna boswa gore e nne la gago.

5 Ke raya fela, fa o utlwa lentswe laMorena, Modimo wa gago, tota ka go tlhokomela go dira ka fa ditaolong tsotlhe tseo ke di go laelang kajeno.

6 GonneMorena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa jaaka a go solofeditse: ò tla adima ditšhaba tse dintsi, mme wena ga o kitla o adingwa; o tla busa ditšhaba tse dintsi, mme ga o kitla o busiwa ke tsona.

7 “E re fa go le mohumanegi mo go wena wa ba ga eno mo motseng mongwe wa gago, mo lefatsheng la ga eno leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang, o se ka wa thatafatsa pelo ya gago le e seng go huparelela wa ga eno wa mohumanegi seatla.

8 Mme o mmulele seatla thata, o mo adime ka boitumelo mo go lekanyeng se a se tlhokang ka fa a tlhaelang ka teng.

9 Itise, e se re gongwe ga nna mogopolo o o bosula mo pelong ya gago wa go re: ‘Ngwaga wa bosupa wa go phimola melato o gaufi!’ mme leitlho la gago la leba wa ga eno wa mohumanegi ka bopelompe, mme wa mo tima, mme a goelaMorenengka ntlha ya gago, ga ba ga nna boleo mo go wena.

10 Mo nee ka boitumelo, mme e ne e re o mo fa, o se ke o nna pelompe; gonne fa o dira jalo,Morena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo tirong yotlhe ya gago le mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di lekang.

11 Gonne bahumanegi ga ba kitla ba tlhokafala mo lefatsheng. Ke ka moo ke go laetseng ka re: Huporololela wa ga eno wa mmogisegi le wa mohumanegi seatla ka boitumelo mo lefatsheng la ga eno.

12 “E re fa wa ga eno wa Mohebere, e bong monna gongwe mosadi, a ithekisa mo go wena, a a go direle dinyaga di le thataro, mme ka ngwaga wa bosupa o mo golole, o mo nee tsela, a go tlogele.

13 Mme e re o mo golola, mme a go tlogela, o se ka wa mo naya tsela a iphotlhere fela.

14 Mme o mo rwese tse dintsi tsa difutshane tsa gago le tsa seboana sa gago le tsa segatelo sa gago, o mo nee tseMorena, Modimo wa gago, o go tshegofaditseng ka tsona.

15 Gopola gore le wena o kile wa bo o le lekgoba kwa lefatsheng la Egepeto, mmeMorena, Modimo wa gago, a go golola. Ke ka moo ke go laelang seo se kajeno.

16 “Mme e re fa a go raya a re: ‘Ga ke rate go go tlogela,’ ka a go rata le ba lapa la gago, a phela pila nao,

17 gona o tsee thoko, o mo phunyetse tsebe mo setswalong gore a nne lekgoba la gago ka metlha yotlhe; le lelata la gago o le direle jalo.

18 A go se ka ga go thatafalela, fa o mo golola, mme a go tlogela; gonne tse a di go diretseng ka dinyaga di le thataro, di lekanye le tuelo ya badiri ba le babedi ba ba rapilweng; mmeMorena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo go tsotlhe tse o di dirang.

Maitibolo a diruiwa

19 “Maitibolo otlhe a a tsalwang mo dikgomong tsa gago gongwe mo difutshaneng tsa gago a tse ditonanyana o a itshepisetseMorena, Modimo wa gago; o se ka wa dira ka maitibolo a dikgomo tsa gago le e seng go beola maitibolo a difutshane tsa gago.

20 O e jele fa pele gaMorena, Modimo wa gago, ka ngwaga le ngwaga kwa felong faMorenao tla go tlhophang, wena le ba lapa la gago.

21 Mme fa leitibolo le na le bogole, le tlhotsa gongwe le foufetse, le fa le na le bogole bofe jo bo bosula, o se ka wa le tlhabelaMorena, Modimo wa gago.

22 O ka le ja mo maagong a gago, le ka jewa ke yo o sa itshekang le yo o itshekileng ka bobedi jaaka tshephe gongwe kgama.

23 Fela o se ka wa ja madi a lone; ona o a tshololele fa fatshe jaaka metsi.