DOITERONOMIO 16

Meletlo e megolo ya ngwaga wa Paseka

1 “Tlhokomela kgwedi ya Abibi, o direleMorena, Modimo wa gago, Tlolaganyo; gonneMorena, Modimo wa gago, o go ntshitse kwa Egepeto bosigo ka kgwedi ya Abibi.

2 O tlhabeleMorena, Modimo wa gago, difutshane le dikgomo tsa Tlolaganyo kwa felong faMorenao tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng.

3 O se ka wa ja tse di bedisitsweng ka ona moletlo; o je dinkgwe tse di sa bedisiwang, e bong dinkgwe tsa pogisego ka malatsi a supa a ona – gonne o hudugile kwa lefatsheng la Egepeto ka potlako – ke moletlo wa go re o gopole letsatsi le o duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago.

4 Malatsi a supa go se ka ga bonwa matlhabego mo go wena mo nageng yotlhe ya gago; le gona go se ka ga lala sepe sa nama e o e tlhabileng maitsiboa a letsatsi la ntlha go ya mo mosong.

5 “Ga o a tshwanela go tlhaba kwana ya Tlolaganyo mo metseng ya gago eMorena, Modimo wa gago, o tla e go nayang,

6 fa e se kwa felong faMorena, Modimo wa gago, o tla go tlhophang go baya leina la gagwe teng, ke gona kwa o tshwanetseng go tlhabela kwana ya Tlolaganyo teng maitsiboa, fa letsatsi le phirima, ka nako e o duleng kwa Egepeto ka yona.

7 O e apee, o e jele kwa felong faMorena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang; e re o tsoga ka mmamoso, o boele gape kwa gae.

8 O fete o je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Kgobokano yaMorena, Modimo wa gago. O se ka wa dira tiro epe ka lone.

Moletlo wa Thobo

9 “Jaanong o bale dibeke di supa; simolole go di bala go tloga fa thipa e tsenngwa ga ntlha mo mabeleng.

10 O be o direleMorena, Modimo wa gago, Moletlo wa Dibeke ka neo ya lorato ya seatla sa gago e o tla e ntshang, ka faMorena, Modimo wa gago, a go tshegofaditseng ka teng;

11 o itumele fa pele gaMorena, Modimo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago le moeng le lesiela le motlholagadi ba ba agileng le wena, o itumele kwa felong faMorena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang go baya leina la gagwe teng.

12 O gopole gore o ne o le motlhanka kwa Egepeto, o be o tlhokomele, o dire ka fa melaong eo.

Wa Metlaagana

13 “Moletlo wa metlaagana o o dire malatsi a supa, fa o phutha thobo kwa seboaneng sa gago le kwa segatelong sa gago.

14 O itumele mo moletlong oo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi le moeng le lesiela le motlholagadi ba ba mo metseng ya gago.

15 O direleMorena, Modimo wa gago, moletlo malatsi a supa kwa felong faMorena, o tla ga tlhophang. GonneMorenaModimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo go tsotlhe tse o di robang le mo tirong yotlhe ya diatla tsa gago. O tshwanetse go itumela fela.

16 “A banna botlhe ba bonale fa pele gaMorena, Modimo wa gago, gararo ka ngwaga kwa felong fa o tla go tlhophang: Ba tle ka Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang le ka Moletlo wa Dibeke le ka Moletlo wa Metlaagana, fela ba se ka ba bonala fa pele gaMorenaba sa tshola sepe,

17 mme mongwe le mongwe a tlise neo ka fa tshegofatsong yaMorena, Modimo wa gagwe, e o e mo neileng.

18 “O ipeele baatlhodi le baokamedi mo metseng yotlhe ya gago eMorena, Modimo wa gago, o tla e go nayang ka fa ditsong tsa gago; a ba direle morafe tshiamo ka go atlhola ka tshiamo.

19 O se ka wa sokamisa katlholo le e seng go gobelelela motho le e seng go rekwa ka thelesetso; gonne thelesetso e fatlha matlho a batlhalefi, e sokamisa mafoko a basiami.

20 O nne o latele tshiamo fela gore o tle o phele, o rue lefatshe leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang.

21 “O se ka wa itlhomela modimako wa Ašera wa setlhare sepe fa thoko ga aletare yaMorena, Modimo wa gago, e o tla e itirelang,

22 le gona o se ka wa itlhomela lentswe le le motloutlo leMorena, Modimo wa gago, o le tlhoileng.