1 “O se ka wa tlhabelaMorena, Modimo wa gago, kgomo gongwe sefutshane se se nang le bogole, le fa e le bofe jo bo sa siamang; gonne go dira jalo ke maila moMoreneng, Modimo wa gago.
2 “E re fa go fitlhelwa monna gongwe mosadi mo gare ga gago mo metseng ya gago eMorena, Modimo wa gago, o tla e go nayang, e le yo o dirang tse di bosula mo matlhong aMorena, Modimo wa gago, ka go tlola kgolagano ya gagwe,
3 a ya a direla medimo e sele, a e obamela, le fa e ka nna letsatsi gongwe ngwedi gongwe lesomo lotlhe la legodimo – mo ke sa go laelang –
4 mme o begelwa jalo, o utlwa, gona o tlhotlhomise sentle. Jaanong fa o fitlhela e le nnete, e se magatwe fela, mme makgapha ao a dirilwe mo go Iseraele,
5 gona monna yoo gongwe mosadi yoo yo o dirileng se se bosula seo, o mo ntshe mo metseng ya gago, e bong monna yoo gongwe mosadi yoo, mme a a kgobotlediwe ka majwe gore a swe.
6 Yo o ntseng jalo a a bolawe ka tshupo ya basupi ba le babedi gongwe ba le bararo; a se ka a bolawa ka tshupo ya mosupi a le mongwe fela.
7 A diatla tsa basupi di mo tsholeletse majwe pele go mmolaya, mme morago ga moo diatla tsa morafe. O tlose bosula jalo mo gare ga gago.
8 “E re fa kgang ya tsheko e go palela ka ga polao gongwe kganetsanyo gongwe dintho, le fa e le dikgang dife mo metseng ya gago, gona o nanoge o ye kwa felong faMorena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang,
9 o fitlhe kwa baperesiting ba Balefi le kwa moatlhoding yo o tla bong a le teng ka sebaka seo, o ba botse; bone ba tla go itsise katlholo.
10 Jaanong o dire ka fa katlholong e ba tla e go itsiseng ba le felong faMorenao tla go tlhaolang, o be o tlhokomele go dira fela jaaka ba go ruta.
11 O dire ka fa molaong o ba tla o go rutang le ka fa katlholong e ba tla e go bolelelang. O se ka wa fapoga mo lefokong le ba tla le go bolelelang go ya ntlheng ya le le jang gongwe ntlheng ya la molema.
12 Mme monna yo o dirang ka boitaolo, a sa utlwe moperesiti yo o emetseng go direlaMorena, Modimo wa gago, teng gongwe moatlhodi, monna yoo o tshwanetse go swa. O tlose bosula jalo mo go Iseraele.
13 A morafe otlhe o utlwe, o boife, mme o se ka wa tlhola o itaola.
Ditshwanelo tsa kgosi
14 “Fa e ka re o sena go tsena mo lefatsheng leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang le go le rua le go nna mo go lone, o a re: ‘Ke rata go ipeela kgosi jaaka go dira ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya me,’
15 gona o ipeele kgosi eMorena, Modimo wa gago, o tla e tlhophang; e bong kgosi e e leng mongwe wa ba ga eno; ga o a tshwanela go ipeela monna wa setšhaba se sele yo e seng wa ga eno.
16 Fela e se ka ya nna le dipitse tse dintsi, le gona e se ka ya romela batho ba morafe kwa Egepeto go ya go bapala dipitse; ka gonneMorenao lo reile a re: ‘Lo se ka lwa tlhola lo boa gape ka tsela eo.’
17 Le gona e se ka ya tsaya basadi ba bantsi, e se re gongwe pelo ya yona ya fapoga. E se ka ya ikgobokanyetsa selefera le gouta tse dintsi thata.
18 E re e ntse e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi, a e ikwalele mafoko a molao oo mo lokwalong, e a ntshe mo lokwalong lo lo mo tisong ya baperesiti ba Balefi.
19 A e nne nalo, e lo buise ka malatsi otlhe a botshelo jwa yona gore e ithute go boifaMorena, Modimo wa yona, le go tlhokomela mafoko otlhe a molao oo le a melao eo go dira ka yona,
20 e se re gongwe pelo ya yona ya ikgodisetsa ba ga yona, ya fapoga mo taelong e go ya ntlheng ya le le jang gongwe ntlheng ya la molema gore malatsi a bogosi jwa yona a nne mantsi mo go Iseraele, a yona le a bona ba yona.