DOITERONOMIO 2

Leeto go tloga kwa Kateše go ya go fenya kgosi Sihone

1 “Jaanong ra boa, ra kuologa ra ya kwa sekakeng ka tsela ya Lewatle la Motlhaka jaakaMorenaa ntaetse, ra potologa dithaba tsa Seire malatsi a mantsi.

2 “Morenaa ba a nthaya a re:

3 ‘Lo ntse lo dikadika dithaba tseo, jaanong go lekanye, thelelang lo ye kwa bokone.

4 Laela morafe o re: Lo tla ralala naga ya ba ga lona boora Esau ba ba agileng kwa Seire, mme ba tla lo boifa. Fela lo itise thata

5 gore lo se ka lwa lwa nabo; gonne ga nkitla ke lo naya sepe sa lefatshe la bone le e seng fa go lekanang pato ya lonao; ka gonne dithaba tsa Seire ke di neile Esau go nna tsa gagwe.

6 Dijo lo di reke mo go bone ka madi gore lo je; le metsi lo a reke mo go bone gore lo nwe.’

7 “GonneMorena, Modimo wa gago, o go tshegofaditse mo tirong yotlhe ya seatla sa gago, o itse go sepela ga gago mo sekakeng se segolo seno.Morena, Modimo wa gago, o ne a ntse a na nao dinyaga di le 40 tseno, mme ga o a tlhoka sepe.

8 “Ra ba ra ralala naga ya ba ga rona boora Esau ba ba agileng kwa Seire ka tsela ya lebala e e tswang kwa Elathe le kwa Esione-Gebere, ra ba ra thelela, ra fetela pele ka tsela e e yang kwa sekakeng sa Moabe.

9 Ke faMorenaa nthaya a re: ‘O se ka wa rumola Bamoabe le e seng go lwa nabo. Gonne ga nkitla ke go naya sepe sa lefatshe la bone go nna boswa. Ka gonne naga ya Are ke e neile boora Lote go nna ya bone.’ ”(

10 Bogologolo Baemime ba ne ba agile mo go yona, e le morafe o mogolo wa batho ba bantsi, ba baleele ba ba tshwanang le mekaloba.

11 Le bone ba ne ba kaiwa Barefaime jaaka mekaloba, mme Bamoabe ba ba bitsa Baemime.

12 Le kwa Seire go ne go agile Bahori bogologolo, mme boora Esau ba ba leleka ba ba nyeletsa fa pele ga bone, ba nna teng mo boemong jwa bone jaaka Baiseraele ba diretse lefatshe la boswa jwa bone leMorenaa le ba neileng.)

13 “ ‘Jaanong he, nanogang lo tshele nokana ya Serete.’ Mme ra tshela nokana ya Serete.

14 Malatsi a re sepetseng ka ona go tloga kwa Kateše-Barenea go ya re be re tshele nokana ya Serete e ne e le dinyaga di le 38, ga tsamaya losika lotlhe lwa banna ba batlhabani lwa fela mo bothibelelong jaakaMorenaa ba ikanetse.

15 Le gona seatla saMorenasa nna sa ba itaya go ba fedisa mo bothibelelong ga tsamaya ba felelela.

16 “Jaanong ya re banna botlhe ba batlhabani ba sena go felelela mo morafeng ka go swa,

17 Morenaa nthaya a re:

18 ‘Kajeno o tla tlola molelwane wa Bamoabe fa motseng o o bidiwang Are.

19 Jaanong fa o sena go atamela Baamone, o se ka wa ba rumola le e seng go tlhabana nabo; gonne ga nkitla ke go naya sepe sa lefatshe la Baamone go nna boswa; ka gonne ke le neile boora Lote gore e nne la bone.’ ”(

20 Le lone le ne le kaiwa lefatshe la Barefaime. Barefaime ba ne ba agile mo go lone bogologolo, mme Baamone ba ba bitsa Basamasumi.

21 E ne e le morafe o mogolo wa batho ba bantsi ba baleele jaaka mekaloba, mmeMorenaa ba nyeletsa fa pele ga bone, mo ba bileng ba ba leleka, ba nna teng mo boemong jwa bone,

22 jaaka a ne a direla boora Esau ba ba agileng kwa Seire, ba o neng a nyeletsa Bahori fa pele ga bone, mo ba bileng ba ba leleka, ba nna teng mo boemong jwa bone go fitlha letsatsing la kajeno.

23 Le Baawi ba ba neng ba agile mo metsaneng go fitlha kwa Gasa ba nyeleditswe jalo. Bakhafethori ba ba tswang kwa Khafethoreba ne ba ba nyeletsa, ba nna teng mo boemong jwa bone.)

24 “ ‘Nanogang lo kuologe lo tshele nokana ya Arenone. Bona, Sihone kgosi ya Hešebone wa Moamori ke mo neetse mo seatleng sa gago. Simolola o thope, o lwe nae.

25 Kajeno ke tla simolola go baya letshogo la go go tshoga le poifo ya go go boifa mo merafeng fa tlase ga letsatsi gore mogang e utlwelang tumedi ya gago e tetesele e tlalelwe ka ntlha ya gago.’

Baiseraele ba fenya kgosi Sihone

26 “Ya re re le kwa sekakeng sa Ketemothe, ka roma barongwi kwa go Sihone kgosi ya Hešebone ka mafoko a kagiso, ka re:

27 ‘Ntetlelele go ralala lefatshe la gago! Ke tla tsamaya mo tseleng fela, ke sa fapogele ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema.

28 Dijo o ka di rekisa mo go nna ka madi gore ke je, le metsi o ka a nnaya ka madi gore ke nwe. Nte fela ke fete ka tsela

29 jaaka ke diretswe ke boora Esau ba ba agileng kwa Seire le Bamoabe ba ba agileng kwa Are go tsamaya ke be ke tshele noka ya Joretane, ke fitlhe kwa lefatsheng leMorena, Modimo wa rona, o tla le re nayang.’

30 “Mme Sihone kgosi ya Hešebone a gana re le ralala; gonneMorena, Modimo wa lona, o ne a kwatlaladitse, mowa wa gagwe, a thatafaditse pelo ya gagwe gore a tle a mo neele mo diatleng tsa lona jaaka go dirafetse jaanong.

31 “Ke faMorenaa nthaya a re: ‘Bona, ke go neela Sihone le lefatshe la gagwe. Simolola o le thope gore o je lefatshe la gagwe boswa.’

32 Mme Sihone a bolola go re kgatlhantsha, ene le morafe otlhe wa gagwe, go tlhabana le rona kwa Jahase.

33 Ke faMorena, Modimo wa rona, a mo re neela, ra mo fenya le bomorwawe le morafe otlhe wa gagwe.

34 Ra thopa metse yotlhe ya gagwe ka sebaka seo, ra dirafatsa khutso ya Modimo mo motseng mongwe le mongwe ka go bolaya banna le basadi le bana, ra se ka ra falodisa ope.

35 Ra ithopela diruiwa fela le thopo ya metse e re e thopileng.

36 Go tloga kwa motseng wa Aroere o o fa losing lwa nokana ya Arenone le go tloga motseng o o mo molapong go ya go fitlha kwa Gileate, ga re a ka ra palelwa ke motse ope.Morena, Modimo wa rona, a neela metse yotlhe mo diatleng tsa rona.

37 Fela ga lo a ka lwa atamela lefatshe la Baamone, e bong naga yotlhe e e bapileng le nokana ya Jaboke le metse ya dithaba le tsotlhe tseMorena, Modimo wa rona, o neng a di re ileditse.