Thuanyo ya polao, fa mmolai a sa itsiwe
1 “E re fa go fitlhelwa motho yo o bolailweng mo lefatsheng leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang gore e nne la gago, a namaletse mo nageng, go sa itsiwe yo o mmolaileng,
2 foo bagolo ba gago le baatlhodi ba gago ba tswele teng, ba lekanye bokgakala go ya kwa metseng e e mo tikologong ya yo o bolailweng.
3 Jaanong a bagolo ba motse o o gaufi le yo o bolailweng ba tsee kgomo ya moroba mo dikgomong e go iseng go dirwe tiro epe ka yona, e e iseng e golege.
4 Bagolo ba motse oo ba folosetse kgomo kwa nokaneng e e sa kgaleng, fa go sa lengweng, fa go sa jwalweng teng, ba komole kgomo thamo teng kwa nokaneng.
5 Jaanong go atamele baperesiti, bomorwa Lefi; gonne ke bone baMorena, Modimo wa gago, o ba tlhaotseng gore ba mo direle, ba tshegofatse ka leina laMorena; kgang nngwe le nngwe le ntho nngwe le nngwe e atlholwa ka fa taelong ya bone.
6 Jaanong a bagolo botlhe ba motse oo ba ba gaufi le yo o bolailweng ba tlhape diatla godimo ga kgomo e e komotsweng thamo mo molapong,
7 ba tlhatlose mantswe ba re: ‘Diatla tsa rona ga di a tsholola madi a, le matlho a rona ga a bona.
8 Morena, itshwarele morafe wa gago wa Iseraele o ò o golotseng! O se ka wa baya molato wa madi a a se nang molato mo morafeng wa gago wa Iseraele.’ Madi ao ba tla a itshwarelwa jalo.
9 Madi a a tsholotsweng a se na molato o a tlose jalo mo go wena, mme o tla bo o dirile tse di tlhamaletseng mo matlhong aMorena.
Ka ga basadi ba ba tshwerweng mo ntweng
10 “E ne e re fa o bolola go ya go tlhabana le baba ba gago, mmeMorena, Modimo wa gago, a ba neela mo diatleng tsa gago, o isa batshwarwi ba bone mo botshwarong,
11 o bona mosadi wa sebopego se sentle mo batshwarwing, o mo rata, mo o bileng o rata go mo tsaya gore e nne mosadi wa gago,
12 gona o mo gorosa kwa lapeng la gago, mme a ipeole tlhogo, a be a ikgaole dinala,
13 a be a apole diaparo tse a tshwerweng ka tsona, a nne mo lapeng la gago, a lelele rraagwe le mmaagwe kgwedi yotlhe. Morago ga moo o ka tsena kwa go ene, wa nna monna wa gagwe, mme a nna mosadi wa gago.
14 Mme e re fa a sa tlhole a go kgatlha, o ka mo naya tsela, a ya kwa a ratang go ya teng. Ga o a tshwanela go mo rekisa ka madi le e seng go mo tshola makgwakgwa, ka o ne o kopanye nae.
Ngwana yo mogolo, fa go le basadi ba le babedi
15 “E re fa monna a na le basadi ba le babedi, yo mongwe e le yo o ratwang, yo mongwe e le yo o sa ratweng, mme ba tshola bomorwa nae, yo o ratwang le yo o sa ratweng, mme morwa yo mogolo e le wa yo o sa ratweng,
16 jaanong mogang a abelang bomorwawe boswa jwa tse a nang natso, a se ka a re, morwa yo mogolo ke wa yo o ratwang, e tswe morwa mosadi yo o sa ratweng e le yo mogolo.
17 Mme a a tshole morwa mosadi yo o sa ratweng jaaka e le yo mogolo, a ba a mo nee kabelo di le pedi tsa tsotlhe tse a nang natso; gonne ke ene wa ntlha wa thata ya gagwe; tshiamelo ya botsalwapele ke ya gagwe.
Ka ga bana ba ba sa utlweng
18 “E re fa monna a na le morwa yo o logwadi, a le matepe, a sa utlwe lentswe la ga rraagwe gongwe la ga mmaagwe, mme le fa ba mmetsa, a sa kgonege,
19 gona a rraagwe le mmaagwe ba mo tshware, ba mo ise kwa bagolong ba motse wa ga gabo le kwa lekgotleng la teng.
20 Ba fete ba ree bagolo ba motse wa ga gabo ba re: ‘Morwaa-rona yo, o logwadi, o matepe, o gana go re utlwa. Ga a na maitsholo, e bile ke letagwa.’
21 Foo a banna botlhe ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe. O tlose bosula jalo mo go wena gore Baiseraele botlhe ba utlwe, ba boife.
Melao e mengwe
22 “E re fa monna a dirile boleo jo bo tshwanetseng loso, a a bolawe, a be a pegwe mo koteng.
23 Fela setoto sa gagwe se se ka sa lala mo koteng, mme o mo fitlhe ka lone letsatsi leo; gonne yo o pegilweng o hutsitswe ke Modimo; e se re gongwe wa itshekolola lefatshe la gago leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa.