DOITERONOMIO 22

1 “O se ka wa re fa o bona kgomo ya wa ga eno gongwe nku ya gagwe e timetse wa e tlhokomologa, mme o tshwanetse go e busetsa kwa go mong wa yona.

2 Mme fa mong wa yona a se gaufi nao gongwe o sa mo itse, gona o e gapele mo sakeng la gago, o e dise go tsamaya wa ga eno a ba a e batla, mme wa kgona go e mmusetsa.

3 Le gona o dire jalo ka esele ya gagwe le ka seaparo sa gagwe le ka sengwe le sengwe se se mo latlhegetseng, mme o se bona. O se ka wa mo lomeletsa.

4 “O se ka wa re, fa o bona esele ya wa ga eno gongwe kgomo ya gagwe e wetse mo tseleng, wa e tlhokomologa; o tshwanetse go mo thusa go e tsosa.

5 “A seaparo sa monna se se ka sa aparwa ke mosadi, le gona a monna a se ka a apara seaparo sa mosadi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tse ke maila moMoreneng, Modimo wa gago.

6 “Fa o fitlhela sentlhaga sa nonyane o le mo tseleng se le mo setlhareng sengwe gongwe fa fatshe, se na le mamphorwana gongwe mae, mme mmaaona a elame mo mamphorwaneng gongwe mo maeng, o se ka wa tsaya mmaao mmogo le mamphorwana.

7 O ka itseela mamphorwana, wa lesa mmaao a fofa gore o tlhogonolofale, o be o tshele go le goleele.

8 “E re o aga ntlo e ntšhwa, gona o agelele thulelo e papetla ya yona ka dipota gore o se ka wa rwesa ntlo ya gago molato wa polao fa motho a ka wa mo go yona.

9 “O se ka wa jwala peo e sele mo tshimong ya moweine ya gago, e se re gongwe tsotlhe ya nna tsa Felo-ga-Boitshepo, e bong thobo ya peo eo le maungo a moweine.

10 “O se ka wa lema ka kgomo le esele mmogo.

11 “O se ka wa apara seaparo sa dilo di le pedi sa boboa jwa setshedi le letseta mmogo.

12 “Itirele dikola mo mejeng e mene ya kobo ya gago e o e aparang.

Ka ga basadi ba ba bewang molato

13 “E re fa monna a tsaya mosadi, a tsena kwa go ene, a ba a tenwa ke ene,

14 a mmolela ka tse dimpe, a mo senya leina a re: ‘Ke tsere mosadi yo, mme ya re ke mo atamela, ka fitlhela e se lekgarebe,’

15 gona a rraagwe morweetsana le mmaagwe ba ntshe ditshupo tsa bokgarebe jwa gagwe, ba di ise kwa bagolong ba motse kwa lekgotleng.

16 Jaanong a rraagwe morweetsana a ree bagolo a re: ‘Monna yo ke mo neetse morwadiake go nna mosadi wa gagwe. Mme jaanong e re ka a mo tene,

17 o mmaya molato wa dilo tse dimpe a re: Ke fitlhetse morwadio e se lekgarebe! Mme ditshupo tsa bokgarebe jwa ga morwadiake ke tse.’ Bagolo ba gagwe ba be ba phutholole kobo fa pele ga bagolo ba motse.

18 Jaanong a bagolo ba motse oo ba tshware monna yoo ba mmetse,

19 ba mo lefise diselefera di le lekgolo, ba di nee rraagwe morweetsana, ka a sentse leina la lekgarebe la Moiseraele. Jaanong a le nne mosadi wa gagwe ka malatsi otlhe a gagwe, a sa tshwanela go mo tlhala ka gope.

20 “Mme fa e le mafoko a nnete, mme morweetsana a fitlhetswe e se lekgarebe,

21 a ba ntshe morweetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka majwe gore a swe, ka a dirile boatla mo go Iseraele ka go dira boaka mo ntlong ya ga rraagwe. O tlose bosula jalo mo go wena.

22 “E re fa monna a fitlhelwa a robetse le mosadi yo o nyetsweng ke monna, a ba swe ka bobedi jwa bone, monna yo o robetseng le mosadi le ene mosadi. O tlose bosula jalo mo go Iseraele.

23 “Fa go le morweetsana wa lekgarebe yo o beeletsweng ke monna, mme monna yo mongwe a kgatlhana nae mo motseng, a robala nae,

24 lo ba ntshe kwa kgorong ya motse oo ka bobedi jwa bone, lo ba kgobotletse ka majwe gore ba swe, morweetsana, ka a se ka a itlhabela mokgosi a le mo motseng, le monna, ka a sentse mosadi wa mongwe-ka-ene. O tlose bosula jalo mo go wena.

25 “Mme fa monna a kgatlhana le morweetsana yo o beeletsweng kwa nageng, mme monna a mo tshwara a robala nae, gona a monna yo o robetseng nae a swe a le esi.

26 Mme morweetsana o se ka wa mo dira sepe. Morweetsana ga a na boleo jo bo tshwanetseng loso. Kana tiro e, e tshwana le ya monna yo o tsogelang mongwe-ka-ene, a mmolaya.

27 Gonne monna o kgatlhanye nae kwa nageng, mme morweetsana yo o beeletsweng o ne a goa, mme go se na ope yo o ka mo thusang.

28 “Fa monna a kgatlhana le morweetsana wa lekgarebe yo o iseng a beelelwe, a mo tshwara, a robala nae, mme ba bonwa,

29 gona a monna yo o robetseng nae a nee rraagwe morweetsana diselefera di le 50, mme morweetsana e nne mosadi wa gagwe, ka a mo sentse; ga a kgone go mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.

30 “A monna a se ka a nyala mosadi wa ga rraagwe; a se ka a bipolola kobo ya ga rraagwe.