DOITERONOMIO 23

Ba ba sa tshwanelang go amogelwa mo phuthegong

1 “Yo o fagotsweng ka go thulelwa gongwe yo o kgaotsweng lepele a se ka a tsena mo phuthegong yaMorena.

2 Motho wa madi a a tlhakanyeng a se ka a tsena mo phuthegong yaMorena; le wa losika lwa some lwa gagwe a se ka a tsena mo phuthegong yaMorena.

3 “Moamone gongwe Momoabe a se ka a tsena mo phuthegong yaMorena; le wa losika lwa some wa ga bone a se ka a tsena mo phuthegong yaMorenaka gope,

4 ka ba se ka ba lo kgatlhantsha ka dijo le ka metsi mo tseleng maloba fa lo tswa kwa Egepeto, le ka kgosi Balake a ne a rapa Bileame morwa Beore kwa Phethore wa Mesopotamia gore a tle go lo hutsa.

5 MmeMorena, Modimo wa gago, a gana go utlwa Bileame, a go fetolela khutso go nna tshegofatso, kaMorena, Modimo wa gago, a ne a go rata.

6 O se ka wa batla kagiso ya bone le tlhogonolo ya bone ka gope ka malatsi otlhe a gago.

7 “O se ka wa tlhoa Moetomo ka gonne ke wa ga eno. O se ka wa tlhoa Moegepeto, ka gonne o ne o le moeng mo lefatsheng la ga gabo.

8 Bana ba bone ba ba tsalwang mo losikeng lwa boraro ba ka tsena mo phuthegong yaMorena.

Ka ga bophepa jwa bothibelelo jwa batlhabani

9 “E re fa o bololela baba ba gago o le mo bothibelelong o itise mo go tsotlhe tse di maswe.

10 Fa go le monna mo go wena yo o itshekologileng ka se se mo dirafaletseng bosigo, a a tswele kwa ntle ga bothibelelo, a se ka a boela mo go jona.

11 Mme e re go le maitsiboa, a tlhape ka metsi, mme fa letsatsi le phirima, a ka boela mo bothibelelong.

12 “Le gona o nne le felo fa go kwa thoko ka kwa ntle ga bothibelelo kwa o yang teng fa o ithoma.

13 Mme mo dilong tsa gago o nne le kepu; jaanong e ne e re fa o ya go kotama kwa ntle, o epa ka yona, o be o tshelele mantle a gago.

14 GonneMorena, Modimo wa gago, o ntse a sepela mo bothibelelong jwa gago gore a go namolele, a neele baba ba gago mo diatleng tsa gago; ke ka moo bothibelelo jwa gago bo tshwanetseng go nna phepa, e se re gongwe a bona tse di maswe mo go wena, a ba a go hularela.

Molao e mengwe

15 “Lekgoba le le thobileng mo go mong wa lone, la tshabela kwa go wena, o se ka wa le busetsa mong wa lone.

16 A le nne mo go wena mo felong fa le go itlhaolelang mo motseng mongwe wa gago kwa le go ratang; o se ka wa le gatelela.

17 “Mo go bomorwadia Baiseraele go se nne ope yo o direlang medimo ya boaka; le mo go bomorwa Baiseraele go se nne ope yo o direlang medimo ya boaka.

18 O se ka wa tlisa tuelo ya seaka sa mosadi kwa ntlong yaMorena, Modimo wa gago, le e seng madi a a rapileng ntšwa,le fa e le ka ntlha ya maikano afe; gonne ka bobedi jwa tsona ke maila moMoreneng, Modimo wa gago.

19 “E re fa o adima wa ga eno, o se ka wa batla tsadiso ya madi gongwe ya dijo gongwe ya se sengwe se se tleng se adimelwe tsadiso.

20 Wa ditšhaba di sele o ka mo adimela tsadiso, mme wa ga eno o se ka wa mo adimela tsadiso goreMorena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di lekang mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago.

21 “E ne e re fa o ikanelaMorena, Modimo wa gago, maikano o se ke o diega go a dirafatsa; gonne fa o sa dire jalo,Morena, Modimo wa gago, o tla a batla mo go wena mme a tla go fetogela boleo.

22 Mme fa o sa ikane, ga se boleo mo go wena.

23 Fela se se duleng mo molomong wa gago o se tlhokomele, o dire ka fa o ikanetsengMorena, Modimo wa gago, maikano ka teng, o dire se o se buileng ka molomo wa gago.

24 “Fa o tsena mo tshimong ya moweine ya mongwe-ka-wena, o ka ja maungo ka fa o eletsang ka gona, wa ba wa kgora, mme o se ka wa fulela mo tlatlaneng ya gago.

25 Fa o tsena mo tshimong ya mabele ya mongwe-ka-wena, o ka roba diako ka seatla sa gago, wa ja, mme o se ka wa kgadikanya sekele mo mabeleng a mongwe-ka-wena.