Majwe a segopotso a a kwadilweng ditaolo
1 Moše a ba a laela morafe a na le bagolo ba Iseraele, a re: “Tlhokomelang ditaolo tsotlhe tse ke di lo laelang kajeno.
2 E re ka letsatsi le lo tla tshelang Joretane ka lone, lo ya kwa lefatsheng leMorena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang, lo itlhomele mafika a magolo, lo a take ka taka;
3 lo kwale mafoko otlhe a molao oo mo go ona, lo sena go tshela gore lo tle lo tsene kwa lefatsheng leMorena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang, lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, jaakaMorena, Modimo wa borraeno, a lo solofeditse.
4 E re lo sena go tshela Joretane, lo tlhome mafika ao ke lo laelang ka ga ona kajeno kwa thabeng ya Ebale, lo a take ka taka.
5 Le gona lo ageleMorena, Modimo wa lona, aletare ya majwe teng; lo se ka lwa a betla ka tshipi.
6 Lo age aletare yaMorena, Modimo wa lona, ka majwe a a sa betlwang, lo direleMorena, Modimo wa lona, ditlhabelo tsa phiso mo go yona.
7 Lo be lo tlhabe ditlhabelo tsa tebogo, lo jele teng, lo itumele fa pele gaMorena, Modimo wa lona.
8 Lo kwale mafoko otlhe a molao oo mo mafikeng ao, lo a gwaye sentle.”
9 Moše a ba a bua le Baiseraele botlhe a na le baperesiti le Balefi, a re: “Didimalang, Baiseraele, lo reetse! Kajeno lo diregile morafe waMorena, Modimo wa lona.
10 Utlwang he lentswe laMorena, Modimo wa lona, lo dire ka fa ditaolong tsa gagwe le ka fa melaong ya gagwe tse ke di lo laelang kajeno.”
11 Moše a laela morafe ka letsatsi leo a re:
12 “Ditso tse di tshwanetseng go ema mo thabeng ya Gerisime go tshegofatsa morafe, le sena go tshela Joretane, ke Simeone le Lefi le Juta le Isašare le Josefa le Benyamene.
13 Mme tse di tshwanetseng go ema mo thabeng ya Ebale go hutsa ke Rubene le Gate le Asere le Sebulone le Dane le Nafetale.
14 A Balefi ba bue, ba ree banna botlhe ba Iseraele ka mantswe a a tlhatlositsweng ba re:
15 “ ‘Go hutsitswe monna yo o dirang modimo wa seseto gongwe o o bopilweng, o e leng maila moMoreneng, e le tiro ya diatla tsa setswerere fela, a ba a o baya mo sephiring.’ Mme a morafe otlhe o arabe o re: ‘A go nne jalo!’
16 “ ‘Go hutsitswe yo o nyatsang rraagwe gongwe mmaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
17 “ ‘Go hutsitswe yo o katosang molelwane wa mongwe-ka-ene.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
18 “ ‘Go hutsitswe yo o timetsang sefofu mo tseleng.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
19 “ ‘Go hutsitswe yo o kgopamisang tshiamelo ya moeng gongwe ya lesiela gongwe ya motlholagadi.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
20 “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le mosadi wa ga rraagwe, gonne o bipolotse kobo ya ga rraagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
21 “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le seruiwa sengwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
22 “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe gongwe morwadia mmaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
23 “ ‘Go hutsitswe yo o robalang le matsalaagwe.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
24 “ ‘Go hutsitswe yo o bolayang mongwe-ka-ene mo sephiring.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
25 “ ‘Go hutsitswe yo o rekwang ka thelesetso gore a tle a bolae motho yo o se nang molato.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’
26 “ ‘Go hutsitswe yo o sa dirafatseng mafoko otlhe a molao oo ka go dira ka one.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’