Polelelopele ya tshegofatso
1 “E tla re fa o reetsa lentswe laMorena, Modimo wa gago, sentle o tlhokomela go dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang kajeno, gonaMorena, Modimo wa gago, o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe.
2 Mme ditshegofatso tsotlhe tse, di tla go dirafalela, di go fitlhela, fa o utlwa lentswe laMorena, Modimo wa gago.
3 “O tla bo o tshegofaditswe mo motseng, o bile o tshegofaditswe kwa masimo.
4 “Go tla bo go tshegofaditswe leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago le leungo la diruiwa tsa gago, e bong dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago.
5 “Go tla bo go tshegofaditswe seroto sa gago le mogopo wa gago wa bodubelo.
6 “O tla bo o tshegofaditswe, fa o goroga, o bile o tshegofaditswe, fa o bolola.
7 “Morenao tla dira gore baba ba gago ba ba go tsogelang ba fenngwe ke wena. Ba tla go bololela ka tsela e le nngwe, mme ba tla tshaba fa pele ga gago ka ditsela di supa.
8 “Morenao tla laela lesego gore le nne nao mo difaleng tsa gago le mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di simololang; o tla go tshegofatsa mo lefatsheng leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang.
9 “Morenao tla go itlhomamisetsa go nna morafe o o boitshepo wa gagwe jaaka a go ikanetse, fa o tlhokomela ditaolo tsaMorena, Modimo wa gago, o sepela mo ditseleng tsa gagwe.
10 Mme merafe yotlhe ya lefatshe e tla bona, fa leina laMorenale kuilwe godimo ga gago, e go boifa.
11 Morenao tla go naya letlotlo la tse di molemo ka leungo la mmele wa gago le ka leungo la diruiwa tsa gago le ka leungo la masimo a gago mo lefatsheng leMorenaa ikanetseng borraeno go le go naya.
12 Morenao tla go bulela ntlo ya khumo ya gagwe e e molemo, e bong legodimo, a nesetsa lefatshe la gago pula ka sebaka sa yona gore a tshegofatse tiro yotlhe ya seatla sa gago. O tla adima ditšhaba tse dintsi, mme wena ga o kitla o adima mo go ope.
13 Morenao tla go dira tlhogo, e seng mogatla; o tla nna kwa godimo fela, ga o kitla o nna kwa tlase fa o utlwa ditaolo tsaMorena, Modimo wa gago, tse ke di go laelang kajeno gore o di tlhokomele le go dira ka tsona;
14 fa o sa fapoge mo mafokong otlhe a ke a go laelang kajeno, o sa fapogele ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema go ya go latela medimo e sele go e direla.
Polelelopele ya khutso
15 “Mme e tla re fa o sa utlwe lentswe laMorena, Modimo wa gago, o sa tlhokomele go dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe le ka fa melaong ya gagwe tse ke di go laelang kajeno, gona dikhutso tsotlhe tse, di tla go dirafalela, di go fitlhela.
16 “O tla bo o hutsitswe mo motseng, e bile o hutsitswe kwa masimo.
17 “Go tla bo go hutsitswe seroto sa gago le mogopo wa gago wa bodubelo.
18 “Go tla bo go hutsitswe leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago.
19 “O tla bo o hutsitswe, fa o goroga, o bile o hutsitswe, fa o bolola.
20 “Morenao tla go romela khutso le tseano le madimabe mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di simololang, tse o di dirang, go ya o be o nyelediwe, go ya o latlhege ka pele ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa gago, ka o ntlogetse.
21 Morenao tla go kgomaretsa leroborobo go tsamaya a ba a go fedise mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago.
22 Morenao tla go betsa ka bolwetse jwa mafatlha le jwa mogote le ka go tuka bolelo thata le ka diso le ka komelelo le ka phori le ka mongadule; di tla go latelela go ya o be o latlhege.
23 Magodimo a gago a a go okameng a tla tshwana le kgotlho; lefatshe le le fa tlase ga gago le nna jaaka tshipi.
24 Morenao tla fetola pula ya lefatshe la gago lerole le motlhaba; di tla fologela mo go wena di tswa kwa legodimong go ya o be o nyelediwe.
25 “Morenao tla dira gore o fenngwe ke baba ba gago. O tla ba bololela ka tsela e le nngwe, mme o tla ba tshaba ka ditsela di supa. Magosi otlhe a lefatshe a tla go sisimoga.
26 Ditoto tsa gago e tla nna dijo tsa dinonyane tsotlhe tsa loapi le tsa dibata tsa naga, go se na ope yo o di tshosang.
27 Morenao tla go betsa ka diso tsa Egepeto le ka ditlhagala le ka motshweetshwee le ka motshwa, mo o bileng o palelwa ke go alafiwa.
28 Morenao tla go ôtla ka botsenwa le ka bofofu le ka therego ya pelo.
29 O tla nna o fophola motshegare jaaka sefofu se tle se fophole mo lefifing; ga o kitla o tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; o tla nna o gatelelwa fela, o thukhuthwa dilo ka metlha yotlhe, go se na mothusi.
30 “O tla beelela mosadi, mme monna yo mongwe o tla robala nae; o tla aga ntlo, mme ga o kitla o nna mo go yona; o tla tlhoma tshimo ya moweine, mme ga o kitla o ja maungo a yona.
31 Kgomo ya gago e tla tlhajwa o ntse o lebile, mme ga o ne o ja sepe sa yona; esele ya gago e tla amogiwa fa pele ga gago, mme ga e ne e boela kwa go wena; difutshane tsa gago di tla newa baba ba gago, o se na mothusi.
32 Bomorwao le bomorwadio ba tla neelwa morafe o sele go nna makgoba, matlho a gago a ntse a bona, a hubile a ba tlhologeletswe letsatsi lotlhe, o se na thata epe.
33 Maungo a masimo a gago le a matsapa otlhe a gago a tla jewa ke morafe o ò sa o itseng. O tla nna o gatelelwa fela, o patikwa ka metlha yotlhe.
34 O tla tlhakanngwa tlhogo ke tse matlho a gago a tla di bonang.
35 Morenao tla go betsa ka diso tse di bosula mo mangoleng le mo diropeng le go tloga patong ya lonao lwa gago go fitlha phogong ya gago, mo o sa ka keng wa alafiwa.
36 “Wena le kgosi ya gago e o tla e ipeelangMorenao tla lo isa kwa setšhabeng se wena le borraeno lo neng lo sa se itse; teng o tla direla medimo e sele ya dikota le ya majwe.
37 O tla fetoga theregiso le seane le sefela sa tshotlo mo merafeng yotlhe kwaMorenaa tla go isang teng.
38 “O tla jwala peo e ntsi kwa tshimong, mme o roba dijo di se kae fela; gonne di tla jewa ke tsie.
39 O tla tlhoma masimo a moweine, o o tlhagolela, mme ga o ne o nwa weine le e seng go e boloka. Gonne maungo a tla jewa ke diboko.
40 O tla nna le ditlhare tsa olefa mo nageng yotlhe ya gago, mme ga o ne o tlola lookwane; gonne diolefa tsa gago di tla tlhotlhorega.
41 O tla tsala bomorwa le bomorwadi, mme e tla bo e se ba gago; gonne ba tla ya mo botshwarong.
42 Ditlhare tsotlhe tsa gago le maungo a masimo a gago e tla nna tsa tsie.
43 “Moeng yo o nang nao o tla nna a gola, a go feta ka bogolo, mme wena o tla nna o fologela kwa tlase.
44 Ene o tla go adima, mme wena ga o kitla o mo adima; ene o tla nna tlhogo, mme wena o nne mogatla.
45 “Dikhutso tsotlhe tseo di tla go dirafalela, di go latelela, di go fitlhela go tsamaya o be o nyelediwe, ka o se ka wa utlwa lentswe laMorena, Modimo wa gago, le e seng go tlhokomela ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe tse a di go laetseng.
46 Dikhutso di tla nna mo go wena le mo losikeng lwa gago go nna sesupo le kgakgamatso ka bosakhutleng.
47 E re ka o se ka wa direlaMorena, Modimo wa gago, ka boitumelo le ka monate wa pelo ka ntlha ya letlotlo la dilo tsotlhe,
48 o tla direla baba ba gago baMorenao tla ba romelang kwa go wena, o le mo tlaleng le mo lenyoreng, o sa ikatega, o tlhoka tsotlhe. Mmaba o tla go rwesa joko ya tshipi molaleng go ya a be a go nyeletse.
49 Morenao tla go tlisetsa setšhaba sa kwa kgakala sa kwa bokhutlong jwa lefatshe, se se tlang jaaka ntswi e tle e kale, setšhaba se o sa itseng puo ya sona;
50 setšhaba sa difatlhego tse di kwatlaletseng, se se sa tlhokomeleng monna mogolo le e seng go tlhomogela mosimane pelo.
51 Se tla ja letsalo la diruiwa tsa gago le maungo a masimo a gago go ya o be o nyelediwe. Ga se kitla se go sadisetsa mabele le matute a moweine le lookwane le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago go ya se be se go fedise.
52 Se tla go pitlaganya mo metseng yotlhe ya gago go ya go fitlhelela dipota tsa gago tse di godimo tse di tiileng tse o di ikanyang di be di we mo lefatsheng lotlhe la gago. Mme e tla re se go dikanyetsa ka ntwa mo metseng yotlhe ya gago mo lefatsheng lotlhe la gago leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang,
53 o je leungo la mmele wa gago, e bong nama ya bomorwao le ya bomorwadio baMorena, Modimo wa gago, o ba go neileng, o le mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago a tla go tlaletsang ka tsona.
54 Monna yo o lemetseng kwa ga eno yo o tlekeetso thata o tla tima morwa-rraagwe le mosadi yo a mo ratang le bana ba bangwe ba gagwe ba ba setseng;
55 ga a ne a naya ope wa bone sengwe sa nama ya bana ba gagwe e a e jang, ka a sa salelwa ke sepe mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago a tla go tsenyang mo go tsona mo metseng yotlhe ya gago.
56 Mosadi yo o lemetseng kwa ga eno yo a iseng a ke a leke go baya pato ya lonao lwa gagwe fa fatshe ka ntlha ya temalo le tlekeetso o tla tima yo a mo ratang le morwawe le morwadie,
57 a ba tima kobo ya ngwana ya gagwe e e duleng fa gare ga maoto a gagwe le bana ba gagwe ba a ba tsholang; gonne o tla ba ja mo sephiring ka ntlha ya go tlhoka tsotlhe mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago o tla go tlaletsang ka tsona mo metseng ya gago.
58 “E tla re fa o sa tlhokomele go dira ka fa mafokong otlhe a molao o a a kwadilweng mo lokwalong lo, le go boifa leina le le tlotlegang, le le boitshegang le, e bong laMorena, Modimo wa gago,
59 gonaMorenao tla go tlholela dipetso tse di gakgamatsang, wena le ba losika lwa gago, dipetso tse dikgolo tse di sa feleng le malwetse a a botlhoko a a sa foleng.
60 O tla go bolaisa malwetse otlhe a a tshelwang a Egepeto a o neng o a boifa mme a tla go kgomarela.
61 Le gonaMorenao tla go dirafaletsa malwetse a mefutafuta le dipetso tsa mefutafuta tse di sa kwalwang mo lokwalong lo lwa molao go ya o be o nyelediwe.
62 Lo tla sadisiwa lo le ba se kae fela, etswe lo kile lwa bo lo le kana ka dinaledi ka bontsi, ka lo se ka lwa utlwa lentswe laMorena, Modimo wa lona.
63 Morenao tla itumelela go lo isa tatlhegong le go lo nyeletsa fela jaaka a ne a lo itumelela, a lo direla molemo le go lo atisa, mme lo tla gogolwa mo lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua.
64 “Morenao tla go phatlalaletsa kwa merafeng yotlhe go tswa mafelelong a lefatshe go ya mafelelong a lefatshe; teng o tla direla medimo e sele ya dikota le ya majwe, e o neng o sa e itse le e seng borraeno.
65 Le gona ga o kitla o iketla kwa ditšhabeng tseo, go se na boikhutso jwa pato ya lonao lwa gago; tengMorenao tla go naya pelo e e roromang le matlho a a tlhontseng le mowa o o itlhobogang.
66 Botshelo jwa gago e tla bo e le jo bo lepeletseng mo tlhaleng fa pele ga gago, o boifa bosigo le motshegare, o sa itse go tshela ka namatshego.
67 Mo mosong o tla re: ‘E kete go ka bo go le maitsiboa.’ Maitsiboa o re: ‘E kete go ka bo go le moso,’ ka ntlha ya poifo ya pelo ya gago e o tla boifang ka yona le ka ntlha ya tsona tse o tla di bonang ka matlho.
68 Morenao tla go busetsa gape kwa Egepeto ka dikepe ka tsela e ke buileng nao ka ga yona ka re: ‘Ga o kitla o tlhola o e bona gape.’ Teng lo tla bapadiwa mo babeng ba lona go nna makgoba a banna le a basadi mme moreki a se yo.”