DOITERONOMIO 29

Ntšhwafatso ya kgolagano le Modimo

1 Ke ona mafoko a kgolagano eMorenao neng a laetse Moše go e dira le Baiseraele kwa lefatsheng la Moabe kwa ntle ga kgolagano e o e dirileng nabo kwa Horebe.

2 Mme Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lo bonye tsotlhe tseMorenao di diretseng Farao le batlhanka botlhe ba gagwe le lefatshe lotlhe la gagwe mo matlhong a lona kwa lefatsheng la Egepeto.

3 Ke diteko tse dikgolo tse matlho a lona a di bonyeng, ditshupo tsele le dikgakgamatso tsele.

4 Mme go fitlha letsatsing lenoMorenaga a ise a lo nee dipelo tse di ka lemogang le matlho a a ka bonang le ditsebe tse di ka utlwang.

5 Ke lo tsamaisitse dinyaga di le 40 mo sekakeng; diaparo tsa lona tse lo di apereng ga di a ka tsa onala le ditlhako tsa lona tse lo di rweleng mo dinaong ga di a ka tsa onala.

6 Ga lo a ka lwa ja senkgwe le e seng go nwa weine gongwe bojalwa, lwa di tingwa gore lo tle lo itse, fa e le nnaMorena, Modimo wa lona.

7 Mme e rile lo fitlha mono, ga bolola Sihone, kgosi ya Hešebone le Oge, kgosi ya Basane, ba re tlhasela, mme ra ba fenya,

8 ra thopa lefatshe la bone, ra le naya Barubene le Bagate le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase go nna boswa.

9 Tlhokomelang he mafoko a kgolagano e, lo dire ka ona gore lo tle lo tshegofale mo go tsotlhe tse lo tla di dirang.

10 “Lo eme lotlhe kajeno fa pele gaMorena, Modimo wa lona, e bong ditlhogo tsa ditso tsa lona le bagolo ba lona le baokamedi ba lona le banna botlhe ba Iseraele

11 le bana ba lona le basadi ba lona le baeng ba lona ba ba mo bothibelelong jwa lona, le fa e le ba ba fatsang dikgong tsa lona gongwe ba ba lo gelang metsi

12 gore lo tsene mo kgolaganong yaMorena, Modimo wa lona, eMorena, Modimo wa lona, o e dirang le lona kajeno e a e tiisitseng ka maikano le khutso

13 gore a tle a lo dire morafe wa gagwe kajeno, a be a nne Modimo wa lona jaaka a lo solofeditse le jaaka a ikanetse borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe.

14 Kgolagano e, e e tiisitsweng ka maikano le khutso, ga ke e dire le lona fela,

15 mme e bile ke e dira le ba ba se nang le rona fano kajeno, fela jaaka ke e dirile le ba ba nang le rona fano, ba eme fa pele gaMorena, Modimo wa rona, kajeno.

16 “Kana lo itse ka losi ka fa re neng re ntse ka teng kwa lefatsheng la Egepeto le ka fa re neng ra ralala ditšhaba ka teng tse lo di raletseng,

17 lwa bona maila a bone le medimo e e maswe ya bone ya logong le ya lentswe le ya selefera le ya gouta e ba nang nayo.

18 Jaanong a go se ka ga nna ope mo go lona yo pelo ya gagwe e hularelangMorena, Modimo wa rona, kajeno, e seng monna gongwe mosadi gongwe losika gongwe lotso go ya go direla medimo ya ditšhaba tseo, e se re gongwe ga nna modi mo go lona o o ungwang mogau le longana.

19 A go se ka ga nna ope yo e reng a utlwa mafoko a maikano le a khutso a ikaketsa mo pelong ya gagwe a re: ‘Ke tla tshela sentle, le fa ke sepela mo boithatelong jwa pelo ya me;’ ka go dira jalo go ka latlhega lefatshe lotlhe, le le metsi mmogo le le le omileng.

20 Monna yo o ntseng jaloMorenao tla gana go mo itshwarela; gonne foo bogale jwaMorenabo tla mo tukela le lefufa la gagwe; dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo di tla mo dirafalela, mmeMorenao tla phimola leina la gagwe fa tlase ga legodimo.

21 Morenao tla mo lomologanya le ditso tsotlhe tsa Iseraele go mo isa tatlhegong ka fa dikhutsong tsotlhe tsa kgolagano e e kwadilweng mo lokwalong lo lwa molao.

22 “Mme go tla botsa losika lwa metlha e e tlang lwa bana ba lona ba ba tla nnang teng sehularong sa lona le ba ditšhaba di sele ba ba tswang kwa lefatsheng le le kgakala mogang ba bonang dipetso tsa lefatshe le, le malwetse a lone aMorenao a tshetseng mo go lone

23 go le sebabole le letswai, naga yotlhe ya lone e le pilo fela, le sa lengwe, le sa tlhogise sepe, go sa mele morogo ope mo go lone, le tshwana le thibegetso ya Sotoma le Gomora le Atema le Seboime tseMorenaa di ribegeditseng mo bogaleng jwa gagwe le mo kgalefong ya gagwe;

24 ditšhaba tsotlhe di tla botsa di re: ‘Ke ka ntlha ya eng, faMorenaa diretse lefatshe leno jalo? Bogale jo bo tukang jo bogolo jo ke jwa go reng?’

25 Go tla twe: ‘Ke ka go re ba tlogetse kgalagano yaMorena, Modimo wa borraabo, e o dirileng nabo, jale fa a ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto;

26 ba ya ba direla medimo e sele, ba e obamela, medimo e ba neng ba sa e itse, eMorenaa sa e ba laolelang.

27 Ke ka moo bogale jwaMorenabo tuketseng lefatshe le gore a le dirafaletse dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo.

28 Morenao bile a ba kumola mo mmung wa bone ka bogale le ka kgalefo le ka kgakatsego e kgolo, a ba latlhela kwa lefatsheng le sele jaaka go ntse kajeno.’

29 “Tse di sa senolwang ke tsaMorena, Modimo wa rona; tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleng gore re dirise mafoko otlhe a molao o.