DOITERONOMIO 30

Modimo o tla itshwarela ba ba tlhabologang

1 “E tla re fa dilo tsotlhe tseo di go dirafalela, e bong tshegofatso le khutso tse ke di beileng fa pele ga gago, mme o di elelelwa kwa ditšhabeng tsotlhe kwaMorena, Modimo wa gago, o go leleketseng gona,

2 o boela kwaMoreneng, Modimo wa gago, o reetsa lentswe la gagwe fela jaaka ke go laela kajeno, wena le bana ba gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe,

3 gonaMorena, Modimo wa gago, o tla fetola tatlhego ya gago, a go tlhomogela pelo, a go phutha gape kwa merafeng yotlhe kwaMorena, Modimo wa gago, a ne a go falaleditse gona.

4 Le fa bafaladi ba gago ba le kwa mafelelong a legodimo,Morena, Modimo wa gago, o tla go phutha gona, a go tsaya gona.

5 Morena, Modimo wa gago, o tla go busetsa kwa lefatsheng le borraeno ba neng ba le ruile gore le go boele; o tla ba a go direla tse di molemo, a go atisa bogolo go borraeno.

6 FooMorena, Modimo wa gago, o tla go rupisa pelo le bana ba gago gore o tle o rateMorena, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe gore o tle o tshele.

7 Mme dikhutso tsotlhe tseoMorena, Modimo wa gago, o tla di dirafaletsa baba ba gago le ba ba go tlhoileng ba ba neng ba go bogisa.

8 Mme wena o tla tlhabologa, o reetsa lentswe laMorena, o dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang gompieno.

9 Morena, Modimo wa gago, o tla go naya letlotlo la tse di molemo mo tirong yotlhe ya diatla tsa gago le la maungo a mmele wa gago le la letsalo la diruiwa tsa gago le la maungo a masimo a gago; gonneMorenao tla go itumelela gape molemong jaaka a ne a itumelela borraeno

10 fa o reetsa lentswe laMorena, Modimo wa gago, mo o bileng o tlhokomela ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe tse di kwadilweng mo lokwalong lo lwa molao; fa o boela kwaMoreneng, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe.

11 “Gonne taolo eo e ke e go laelang kajeno ga e ka ke ya go palela le gona ga e kgakala nao.

12 Ga e kwa legodimong mo go ka tweng: ‘Ke mang yo o tla re tlhatlogelelang kwa legodimong a e re tseela, a e re utlwisa gore re e dirise?’

13 Le gona ga e kwa moseja ga lewatle mo go ka tweng: ‘Ke mang yo o tla re tshelelelang kwa moseja ga lewatle, a e re tseela, a e re utlwisa gore re e dirise?’

14 Mme lefoko le gaufi thata nao, le mo molomong wa gago le mo pelong ya gago gore o le dirise.

15 “Bona, kajeno ke beile botshelo le tlhogonolo le loso le tatlhego fa pele ga gago.

16 Se ke se go laelang kajeno ke go rataMorena, Modimo wa gago, le go sepela mo ditseleng tsa gagwe le go tlhokomela ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe le ditshiamelo tsa gagwe gore o tle o tshele, o ntsifale, mmeMorena, Modimo wa gago, a go tshegofatse mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago.

17 Mme fa dipelo tsa lona di hulara, lo sa utlwe, mme lo raelega, lo obamela medimo e sele, lo e direla,

18 gona ke lo itsise kajeno gore lo tla latlhega tota; ga lo kitla lo phela malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go tsena mo go lone go le rua.

19 Ke dira legodimo le lefatshe basupi ba ba supang ka ga lona gore ke beile botshelo le loso le tshegofatso le khutso fa pele ga lona. Itlhopheleng he botshelo gore lo tle lo tshele, lona le bana ba lona,

20 ka go rataMorena, Modimo wa lona, le ka go utlwa lentswe la gagwe le ka go mo ineela; gonne ke tsona di ka lo tshedisang, tsa atisa malatsi a lona gore lo nne mo lefatsheng leMorenaa le ikanetseng borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe go le ba naya.”