DOITERONOMIO 31

Jošua o dirwa mogogi mo boemong jwa ga Moše

1 Moše a ya a bua mafoko a le Baiseraele botlhe,

2 a ba raya a re: “Kajeno dinyaga tsa me di 120; ga ke tlhole ke kgona go bolola le go goroga, mmeMorenao ntheile a re: ‘Ga o kitla o tshela Joretane.’

3 Morena, Modimo wa lona, ke ene yo o tla tshelang, a lo etelela pele; o tla nyeletsa ditšhaba tsele ka esi fa pele ga lona gore lo di leleke mo go di-tsa-tsone. Jošua ene o tla tshela, a lo etelela pele jaakaMorenaa buile.

4 Morenao tla di direla jaaka a ne a direla Sihone le Oge, dikgosi tsa Baamori le lefatshe la tsone tse o neng a di nyeletsa.

5 E reMorenaa di neela mo diatleng tsa lona lo di direle ka fa taelong yotlhe e ke e lo laetseng.

6 Nnang bopelokgale lo tie, lo se ka lwa boifa le e seng go ba tshoga; gonneMorena, Modimo wa lona, o tla ya le lona ka esi; ga a kitla a lo hularela le e seng go lo tlogela.”

7 Moše a ba a bitsa Jošua, a mo raya mo matlhong a Baiseraele botlhe a re: “Nna bopelokgale o tie; gonne wena o tla tsena mmogo le morafe o mo lefatsheng leMorenao le ikanetseng borraabo go le ba naya; o tla le ba abela go nna boswa.

8 Morenake ene yo o tla go etelelang pele, o tla nna nao. Ga a kitla a go hularela le e seng go go tlogela. O se ka wa boifa le e seng go tshoga.”

Molao o na le go buisiwa ka ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa

9 Jaanong Moše a kwala molao o, a o neela baperesiti, boora Lefi ba e neng e le basikari ba Letlole la Kgolagano yaMorenale bagolo botlhe ba Iseraele.

10 Moše a ba laela a re: “E ne e re go fela dinyaga di supa, ka nako ya ngwaga wa go phimola melato, ka Moletlo wa Metlaagana,

11 fa Baiseraele botlhe ba tla go bonala fa pele ga sefatlhego saMorena, Modimo wa lona, mo felong fa o tla go tlhophang, go buisiwa molao o fa pele ga Baiseraele botlhe mo ditsebeng tsa bone.

12 Kgobokanyang morafe, e bong banna le basadi le bana le baeng ba lona ba ba mo metseng ya lona gore ba tle ba reetse le gore ba ithute go boifaMorena, Modimo wa lona, ba tlhokomele go dirisa mafoko otlhe a molao o.

13 Le bana ba bone ba ba sa o itseng a ba o reetse, ba ithute go boifaMorena, Modimo wa lona, ka malatsi otlhe a ba tla phelang ka ona mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya kwa go lone go le rua.”

14 Morenaa ba a raya Moše a re: “Bona, malatsi a gago a go swa a atametse. Bitsa Jošua, lo eme mo Tenteng ya Boipontsho gore ke mo laele.” Moše le Jošua ba ya ba ema mo Tenteng ya Boipontsho.

15 Ke faMorenaa iponatsa kwa Tenteng ka pinagare ya leru, mme pinagare ya leru e ne e eme fa mojakong wa Tente.

16 Morenaa raya Moše a re: “Bona, o tla robala le borraago, mme morafe o, o tla sala o dira boaka ka go latela medimo e sele ya lefatshe le o tla tsenang mo go lone; teng o tla ntlogela, o senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo.

17 Ka sebaka seo bogale jwa me bo tla o tukela, mme ke tla ba tlogela, ke ba subela sefatlhego sa me, mo ba tla jegang, ba dirafalelwa ke masula a mantsi le ditlalelo. Ka sebaka seo ba tla re: ‘A ga re a dirafalelwa ke masula ao, ka Modimo wa rona o se na le rona?’

18 Mme ke tla ba subela sefatlhego sa me gotlhe ka sebaka seo ka ntlha ya bosula jotlhe jo ba bo dirileng, ka ba ineetse medimo e sele.

19 “Jaanong he, ikwaleleng sefela se, lo se rute Baiseraele, lo se tsenye mo melomong ya bone gore sefela se e nne mosupi wa me ka ga Baiseraele.

20 Gonne ke tla ba gorosa kwa lefatsheng, le ke le ikanetseng borraabo le le elang mašwi le dinotshe; fela e tla re ba se na go ja le go kgora le go nona, ba ineele medimo e sele, ba e direle, ba nnyatse, ba senye kgolagano ya me.

21 Mme fa masula a mantsi le ditlalelo di ba dirafalela, sefela se se tla supa fa pele ga bone e le mosupi; gonne ga se kitla se lebalwa, se tloga mo melomong ya bana ba bone. Se tla supa gore ke ntse ke itse kakanyo ya bone e ba e akanyang kajeno, ke ise ke ba gorose kwa lefatsheng le ke le ikanetseng borraabo.”

22 Ke fa Moše a kwala sefela seo ka letsatsi leo, a se ruta Baiseraele.

23 MmeMorenaa laela Jošua, morwa Nune, a re: “Nna pelokgale, o tie; gonne wena o tla gorosa Baiseraele kwa lefatsheng le ke le ba ikanetseng, mme nna ke tla nna nao.”

24 E rile Moše a se na go kwala mafoko a molao oo mo lokwalong le go a fetsa,

25 a laela Balefi, basikari ba Letlole la Kgolagano yaMorena, a re:

26 “Tsayang lokwalo lo lwa molao, lo lo bee fa thoko ga Letlole la Kgolagano yaMorena, Modimo wa lona, gore lo nne teng e le mosupi ka ga lona.

27 Gonne nna ke itse borukhutlhi jwa lona le dithamo tsa lona tse di gagametseng. Bonang, fa lo ne lo rukhutlhegelaMorenasebakeng seno, ke sa ntse ke phela le lona, morago ga loso lwa me gona go tla nna jang!

28 Jaanong he, phuthelang bagolo botlhe ba ditso tsa lona go nna le bakwaledi ba lona gore ke bue mafoko a mo ditsebeng tsa bone, ke ba biletse legodimo le lefatshe go nna basupi ka ga bone.

29 Gonne ke itse gore, morago ga loso lwa me lo tla senya bogolo, lo fapoga tsela e ke e lo laetseng. Ka moo lo tla wela mo tatlhegong ka malatsi a bofelo, ka lo tla dira tse di bosula mo matlhong aMorena; mme lo tla mo gakatsa ka tiro ya diatla tsa lona.”

30 Moše a ba a bolela mafoko a sefela se mo ditsebeng tsa phuthego yotlhe ya Iseraele, a ba a a fetsa: