DOITERONOMIO 32

Sefela sa ga Moše

1 “Heelang magodimo,

tlhwayang ditsebe, ke bolele;

heela lefatshe, reetsa dipolelo

tsa molomo wa me!

2 A thuto ya me

e sarasare jaaka pula,

a polelo ya me

e rothe jaaka monyo;

e etse marothodi a pula

mo botalaneng

le jaaka pula ya medupe

mo morogong.

3 Gonne ke tla baka leina

laMorenake re:

Neelang Modimo wa rona

tlotlo.

4 “Ke ene Lefika;

tiro ya gagwe e itekanetse;

gonne ditsela tsotlhe

tsa gagwe di siame.

Ke Modimo o o ikanyegang

o o se nang bokgopo;

o siame, o tlhamaletse.

5 Ba o senyeditse.

Ga se bana ba one,

ba tshwana le tshubaba fela;

ke losika lo lo sokameng

lo lo kgopo gotlhe.

6 A lo lebogaMorenajalo,

lona morafe o o bosilo

o o se nang tlhaloganyo?

A ga se ene rraago

yo o go bopileng?

A ga se ene yo o go dirileng,

a go baakanya?

7 “Gopolang

malatsi a bogologolo,

tlhokomelang dinyaga

tsa ditshika tsotlhe.

Botsa rraago, o tla go itsise,

le banna bagolo ba ga eno

ba tla go bolelela.

8 E rile Mogodimodimo

a abela ditšhaba boswa,

ya re a kgaoganya

bana ba batho,

a sega melelwane ya merafe

ka fa palong ya Baiseraele.

9 Gonne kabelo yaMorena

ke morafe wa gagwe;

Jakobe ke boswa jwa gagwe

jo bo lekantsweng.

10 “A mmona mo lefatsheng

la sekaka,

fa go tobekanyeng mo selelong

sa naga ya dibata.

A mo agelela, a mmabalela,

a mo sireletsa

jaaka thaka ya leitlho

la gagwe,

11 jaaka ntswi e tsosa bana

ba sentlhaga sa yona,

e kala godimo ga

mamphorwana a yona,

e tsharolola diphuka tsa yona,

e a tshola, e a rwala

mo diphukeng tsa yona.

12 Morenaa mo tsamaisa

a le esi,

go se na modimo o sele nae.

13 “A mo palamisa mafelo

a a godimo a lefatshe,

a mo jesa maungo a naga,

a mo nosa mafura a semana

mo lefikeng le lookwane

mo majweng a legakwa

14 le madila a dikgomo

le mašwi a difutshane

mmogo le mafura

a dikwana le diphelehu;

a mo jesa dipoo tsa Basane

le diphoko,

mmogo le mabele

a a nonofileng,

wa nwa madi a maungo

a moweine,

weine e e lefulo.

15 “Ješurune a nona,

a ja mokaragana –

wa nona, wa tswa mmele,

wa akola –

a tlhokomologa Modimo

o o mo dirileng,

a nyatsa lefika

la pholoso ya gagwe.

16 Ba tsosa lefufa la ona

ka go direla medimo e sele,

ba o gakatsa ka makgapha.

17 Ba tlhabela medemone

e e seng Modimo

le medimo

e ba neng ba sa e itse

e mešwa e e leng gona e tlang

e borraabo ba neng

ba sa e itse.

18 O tlhokomologile lefika

le le go tsetseng,

wa lebala Modimo

o o go belegeng.

19 “Ya reMorenaa bona jalo,

a ba latlha,

a gakaletse bomorwawe

le bomorwadie.

20 A re:

‘Ke tla ba subela

sefatlhego sa me,

ke bone gore ba tla felela kae;

gonne bone ke losika

lo lo sokameng gotlhe,

ke bana ba ba sa ikanyegeng.

21 E re ka ba tsositse lefufa la

me ka tse e seng Modimo,

ba nkgakatsa ka medimo ya

bone ya boithamako,

le nna ke tla tsosa lefufa la

bone ka ba e seng morafe,

ke tla ba gakatsa ka setšhaba

se se bosilo.

22 Gonne molelo o simolotse

go tuka ka bogale jwa me,

wa tuka go ya kwa felong

ga baswi kwa tlasetlase;

wa ja lefatshe

le tse le di tlhogisang,

wa tshuba metheo ya dithaba.

23 “ ‘Ke tla ba kgobokanyetsa

masula,

ke tla feleletsa metsu ya me

mo go bone.

24 E re ba feletswe ka tlala,

ba jegile ka go tuka bolelo

le ka malwetse a a galakang,

ke ba romele meno a dibata

mmogo le botlhole jwa dinoga

tse di gagabang mo leroleng.

25 Ka kwa ntle tšhaka

e tla ba amoga ba ga bone

le therego ka mo matlwaneng,

makau mmogo le makgarebe

le masea le banna

ba babududu.

26 Nka bo ke rile:

Ke tla ba budula,

ke khutlisa batho

go ba gopola,

27 fa nka bo ke sa boifa

go nkgakatsa ga mmaba,

e se re gongwe bagateledi

ba bone ba fosa ba re:

Diatla tsa rona

di ne di le thata;

ga seMorena

yo o dirileng tsotlhe tse.’

28 “Gonne Baiseraele ke

setšhaba se se latlhegetsweng

ke dikgakololo;

ga ba na tlhaloganyo.

29 Fa ba ka bo ba tlhalefile,

ba ka bo ba tlhaloganya tseo,

ba lemoga

ka fa ba tla felang ka teng.

30 Mmaba a le mongwe

o ka khutšhela jang

ba le sekete?

Ba le babedi ba ka leleka jang ba le 10 000?

Kana ke go re,

Lefika la bone le ba rekisitse,

Morenao ba latlhile.

31 Gonne lefika la bone ga le

tshwane le Lefika la rona;

le baba ba rona ba bua jalo.

32 Gonne moweine wa bone

ke wa Sotoma

le wa masimo a moweine

a Gomora;

maungo a moweine a bone

ke a a botlhole,

ba na le masitlha a a galakang.

33 Weine ya bone

ke botlhole jwa mokwepa

le botlhole jo bo setlhogo

jwa mabolobolo.

34 “Tseo a ga di a bolokwa

fa go nna, tsa kanwa

mo mahumong a me

35 go ya letsatsing la pusoloso

le tefetso,

go ya sebakeng se dinao tsa

bone di tla thekeselang ka sona?

Gonne letsatsi la tatlhego

ya bone le gaufi;

tse di tla ba welang

di a itlhaganela.

36 GonneMorenao tla direla

morafe wa gagwe tshiamo,

a utlwela batlhanka ba gagwe

botlhoko.

Gonne o tla bona,

fa thata e feleletse,

fa go feleletse yo o bofegileng

le yo o gololesegileng.

37 Morenao tla re: ‘Le kae

lefika le ba neng ba tshabela

kwa go lone,

medimo ya bone e kae

38 e e neng e ja mafura

a ditlhabelo tsa bone,

e nwa weine ya tshupelo

ya noo ya bone.

A e nanoge, e lo thuse

gore e nne phemelo ya lona.

39 “ ‘Bonang jaanong gore

ke nna tota Modimo

ke le nosi,

ga go na modimo ope

fa e se nna.

Ke nna ke bolayang,

ke be ke phedise.

Ke nna ke remagantseng,

ke tla ba ke alafa.

Ga go na ope yo o ka

pholosang mo seatleng sa me.

40 Gonne ke tla tsholeletsa

letsogo kwa legodimong ke re:

Ka botshelo jwa me

jo bo sa khutleng!

41 Fa ke looditse tšhaka ya me

e e phatsimang,

mme letsogo la me

le dirafatsa katlholo,

ke tla ipusolosetsa

mo babeng ba me,

ke betsa ba ba ntlhoileng.

42 Metsu ya me

ke tla e tagisa madi,

madi a ba ba bolailweng

le a ba ba tshwerweng;

tšhaka ya me e tla ja nama

ya ditlhogo tsa balaodi

ba mmaba.’

43 “Lona ditšhaba,

dudueletsang morafe wa gagwe;

gonne o tla busolosa

madi a batlhanka ba gagwe;

o tla ipusolosetsa

mo babeng ba gagwe,

a direla lefatshe la gagwe

le morafe wa gagwe thuanyo.”

44 Moše a tla, a bolela mafoko otlhe a sefela se mo ditsebeng tsa morafe, ene le Hošea, morwa Nune.

Ditaelo tsa bofelo tsa ga Moše

45 Jaanong ya re Moše a sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko otlhe ao,

46 a ba raya a re: “Elang mafoko otlhe tlhoko a ke lo tlhagisang ka ona kajeno, a lo tshwanetseng go a laela bana ba lona gore ba tlhokomele go dirisa mafoko otlhe a molao o.

47 Gonne ga se lefoko le le lolea mo go lona, mme ke lone botshelo jwa lona. Mme ka lefoko le lo tla leelefatsa malatsi mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya go tsena mo go lone go le rua.”

48 Morenaa ba a bua le Moše ka lone letsatsi leo a re:

49 “Tlhatlogela mo dithabeng tsa Abarime tseno, e bong mo thabeng ya Nebo e e mo lefatsheng la Moabe ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerigo, o bone lefatshe la Kanana le ke tla le nayang Baiseraele go nna boswa;

50 o swele gona mo thabeng e o tlhatlogelang mo go yona, o gorosiwe kwa morafeng wa gago, jaaka Arone mogoloo a ne a swela kwa thabeng ya Hore, a ba a gorosiwa kwa morafeng wa gagwe;

51 ka go re, lo ntiretse ka boikanyologo mo gare ga Baiseraele kwa Metsing a Komano kwa Kateše sekakeng sa Tsine, ka lo se ka lwa intshepisa mo Baiseraeleng.

52 Gonne o tla bona lefatshe le le fa pele ga gago, mme ga o kitla o tsena teng mo lefatsheng le ke tla le nayang Baiseraele.”