Moše o tshegofatsa morafe
1 Tshegofatso e Moše, monna wa Modimo o neng a tshegofatsa Baiseraele ka yona a ise a swe ke e:
2 O buile a re:
“Morenao ne a tswa
kwa Sinai,
a ba tlhabela a tswa
kwa Seire, a phatsima
a le kwa thabeng ya Pharane,
a tswa kwa baitsheping
ba le masome a dikete,
a tsholetse Baiseraele molao
o o molelo mo letsogong
le le jang la gagwe.
3 Ruri, o rata merafe,
baitshepi botlhe ba gagwe
ba mo seatleng sa gagwe;
ba ba atamelang
dinao tsa gagwe
ba amogela sengwe
sa dithuto tsa gagwe.
4 Moše o re laetse molao,
e le khumo ya phuthego
ya Jakobe.
5 Morenao ne a nna kgosi
mo Ješurune,
jale fa ditlhogo tsa morafe
di kgobokana,
fa ditso tsa Iseraele
di le mmogo.
6 A Rubene a tshele, a se swe;
banna ba gagwe
ba se nne bannye.”
7 Ka ga Juta a re:
“Morena,
utlwa lentswe la ga Juta,
o mo ise kwa morafeng
wa gagwe
o a neng a o lwela
ka diatla tsa gagwe.
O nne thuso ya gagwe
mo babeng ba gagwe.”
8 A ba a bua ka ga Lefi a re:
“ ‘Tshiamo’ ya gago
le ‘Lesedi’ la gago,
ke tsa monna
yo o go ineetseng,
yo ò mo lekileng kwa Masa,
wa lwa nae
fa Metsing a Meriba.
9 Ke yo o neng a bua ka ga
rraagwe le mmaagwe a re:
‘Ga ke a ba bona,’
a sa re sepe
ka bomorwa-rraagwe,
a sa itse bana ba gagwe;
gonne ba ne ba tlhokomela
lefoko la gago,
ba boloka kgolagano ya gago.
10 Ba tla ruta Jakobe
ditshiamelo tsa gago
le Iseraele molao wa gago.
Ba tla baya maswalo
fa nkong ya gago
le setlhabelo se se tletseng
mo aletareng ya gago.
11 Morena, tshegofatsa
botswerere jwa gagwe,
a tiro ya diatla tsa gagwe
e go kgatlhe;
o tšhwetlakanye matheka
a ba ba mo tsogelang
le a ba ba mo tlhoileng
gore ba se tlhole ba tsoga.”
12 A ba a bua ka ga Benyamene a re:
“Ke moratwa waMorena,
o tla aga fa go ene a iketlile.
Modimo o mo sireletsa
ka metlha yotlhe,
ka o agile
mo gare ga dithaba tsa
gagwe.”
13 A ba a bua ka ga Josefa a re:
“Lefatshe la gagwe le
tshegofaditswe keMorenaka
dineo tse dintle tsa legodimo,
ka monyo le ka metswedi
e e anameng kwa tlase
14 le ka dithobo tse dintle
tsa letsatsi
le ka maungo a mantle
a dikgwedi
15 le ka tse di gaisang tsa dithaba
tsa bogologolo
le ka tse dintle tsa meboto
ya kgale
16 le ka dineo tse dintle
tsa lefatshe
le ka tse di tletseng
mo go lone
le ka go ratwa ke yo o agileng
mo setlhareng sa mitlwa:
A di tle tsotlhe
mo tlhogong ya ga Josefa
le mo phogong ya kgosana
ya bomorwa-rraagwe.
17 Poo ya gagwe ya leitibolo
e na le borena,
dinaka tsa gagwe
ke dinaka tsa nare;
o tla tlhaba merafe ka tsona,
yotlhe mmogo go ya
mafelelong a lefatshe.
Ke ona masome a dikete
a ga Eferaime,
ke tsona dikete
tsa ga Manase.”
18 A ba a bua ka ga Sebulone a re:
“Wena Sebulone, itumelele
go bolola ga gago ka dikepe,
le wena Isašare,
o itumelele ditente tsa gago.
19 Ba tla biletsa merafe
kwa thabeng,
ba dira ditlhabelo
tse di siameng;
gonne ba tla anya letlotlo
la mawatle
le mahumo a a fitlhegileng
a mošawa.”
20 A ba a bua ka ga Gate a re:
“A go tumisiweMorena
yo o katolosetsang Gate naga;
o botha jaaka tau e namagadi;
o tla garola letsogo le phogo.
21 A itlhaolela kabelo ya ntlha,
gonne teng go ne go bolokilwe
kabelo ya molaodi;
a tla le ditlhogo tsa morafe,
a dirafatsa tshiamo
yaMorena
le dikatlholo tsa gagwe
le Baiseraele.”
22 A ba a bua ka ga Dane a re:
“Dane ke ledumedi;
o tla tlola,
a tswa kwa Basane.”
23 A ba a bua ka ga Nafetale a re:
“Nafetale o kgotshe
letlhogonolo,
o tletse tshegofatso
yaMorena.
O tla rua letsha
la Genesareta
le naga ya borwa ya teng.”
24 A ba a bua ka ga Asere a re:
“Asere o tshegofaditswe
go gaisa bana ba bangwe,
a a ratwe
ke bomorwa-rraagwe,
a ine lonao lwa gagwe
mo lookwaneng.
25 Mephakarego ya gago
e nne ya tshipi le kgotlho.
A thata ya gago e lekane
le malatsi a gago.”
26 Ga go na ope
yo o tshwanang
le Modimo wa gago,
Ješurune,
o o palameng legodimo
go go thusa
le maru o le mogolo.
27 Modimo o o sa khutleng
ke boago,
bo fa tlase ga mabogo
a a sa khutleng;
o ne wa leleka mmaba
fa pele ga gago
wa re: “Mo nyeletse!”
28 Iseraele o tla aga
a le mo tshireletsong,
motswedi wa ga Jakobe
o tla nna o le osi
mo lefatsheng
la mabele le matute
a moweine;
le gona legodimo la gagwe
le tla rotha monyo.
29 Iseraele, o wa letlhogonolo!
Ke mang
yo o tshwanang nao?
O morafe o o pholosiwang
keMorena.
Ke ene thebe e e go thusang
le tšhaka e e go godisang.
Baba ba gago ba tla go tlakisa,
mme wena o tla gata
dithota tsa bone.