Loso lwa ga Moše
1 Jaanong Moše a tloga kwa mabaleng a Moabe, a tlhatlogela mo thabeng ya Nebo setlhoeng sa Phiseka e e lebaganyeng le Jerigo. MmeMorenaa mmontsha lefatshe lotlhe la Gileate go ya kwa go la Dane
2 le la Nafetale lotlhe le lefatshe la Eferaime le Manase le lefatshe lotlhe la Juta go ya lewatleng la bophirimatsatsi
3 le naga ya borwa le molapo wa Joretane le lebala la Jerigo, motse wa mekolane, go ya kwa Soare.
4 Morenaa ba a mo raya a re: “Ke lone lefatshe le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’ Ke le go bontshitse gore o le bone ka matlho fela, mme ga o kitla o tshelela gona.”
5 Mme Moše, motlhanka waMorena, a swela teng kwa lefatsheng la Moabe ka fa lefokong laMorena.
6 Morenaa mo fitlha mo mogorogorong kwa lefatsheng la Moabe fa go lebaganyeng le Bethe-Pheore, mme go se na ope yo o itseng phupu ya gagwe go fitlha letsatsing leno.
7 E rile Moše a swa, a bo a le dinyaga di le 120. Leitlho la gagwe le ne le sa koafala le thata ya gagwe e ne e sa ngotlege.
8 Baiseraele ba lelela Moše mo mabaleng a Moabe malatsi a le 30; ya ba gona malatsi a go lelela le go hutsafalela Moše a felang.
9 Mme Jošua, morwa Nune o ne a tletse mowa wa botlhale, gonne Moše o ne a mmeile diatla. Mme Baiseraele ba mo utlwa, ba dira jaakaMorenaa laetse Moše.
10 Mme ga se ka ga tlhola go tsoga moporofeti gape mo Iseraeleng yo o tshwanang le Moše yoMorenao neng a kopana nae ba lebagantse difatlhego;
11 go se ope yo o tshwanang nae ntlheng ya ditshupo tsa mefutafuta le dikgakgamatso tseMorenao neng a mo roma gore a di dire kwa lefatsheng la Egepeto mo go Farao le mo batlhankeng botlhe ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la gagwe
12 le ntlheng ya maipontsho otlhe a letsogo le le tiileng le ditiro tse dikgolo tsotlhe tse di boifisang tse Moše o neng a di dira mo matlhong a Baiseraele botlhe.