Moše o kaela Baiseraele gore ba tlhokomele melao ya Modimo
1 “Jaanong he, Baiseraele, utlwang melao le ditshiamelo tse ke di lo rutang go di dirisa gore lo tle lo phele, lo tsene, lo rue lefatshe leMorena, Modimo wa borraeno, o tla le lo nayang.
2 Lo se ka lwa oketsa tse ke di lo laelang le e seng go di fokotsa, mme lo tlhokomele ditaolo tsaMorena, Modimo wa lona, tse ke di lo laelang.
3 Matlho a lona a bonye tseMorenao di dirileng ka ntlha ya ga Baale-Pheore; gonne botlhe ba ba neng ba latela Baale-PheoreMorena, Modimo wa lona, o ba nyeleditse, a ba tlosa mo go lona.
4 Mme lona ba lo ngaparetsengMorena, Modimo wa lona, lo sa ntse lo tshela gompieno.
5 “Bonang! Ke lo rutile melao le ditshiamelo ka faMorena, Modimo wa me, a ntaetseng ka teng gore lo dire jalo mo lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua.
6 Di tlhokomeleng lo dire ka tsona! Gonne gona e tla nna botlhale jwa lona le tlhaloganyo ya lona mo matlhong a merafe. E re ba utlwela melao yotlhe eo, ba re: ‘Ruri, setšhaba se segolo se ke morafe o o tlhalefileng o o nang le tlhaloganyo!’
7 “Gonne setšhaba se segolo ke sefe se se nang le modimo o o gaufi naso, jaakaMorena, Modimo wa rona, a le gaufi le rona ka nako le nako e re mmitsang ka yona?
8 Gape setšhaba se segolo ke sefe se se nang le melao le ditshiamelo tse di tshwanang le molao otlhe o ke o bayang fa pele ga lona gompieno?
9 Fela lo itise, lo ipoloke thata gore lo se ka lwa lebala ditirafalo tse matlho a lona a di bonyeng gore di se ka tsa timelela mo pelong tsa lona ka malatsi otlhe a botshelo jwa lona, mme lo di bolelele bana ba lona le bana ba bana ba lona;
10 se lebaleng letsatsi le lo neng lo eme fa pele gaMorena, Modimo wa lona, kwa Horebe ka lone, jale faMorenaa nthaya a re: ‘Mphuthele morafe, ke tla ba utlwisa mafoko a me gore ba ithute go mpoifa ka malatsi otlhe a ba phelang ka ona mo lefatsheng, ba be ba a rute bana ba bone.’
11 “Ke fa lo atamela, lo ema fa tlase ga thaba, mme thaba ya tuka molelo, wa fitlha fa gare ga legodimo; go bile go le lefifi le maru le bontsho jwa maru.
12 MmeMorenaa bua le lona a le mo molelong; tumo ya mafoko lwa e utlwa, e le tumo fela, mme lwa se ka lwa bona ope yo o buang.
13 A lo itsise kgolagano ya gagwe e a lo laotseng go e dirisa, e bong mafoko a some, a a kwala mo matlapeng a maboti a mabedi.
14 Mme nnaMorenaa ntaela ka sebaka seo go lo ruta melao le ditshiamelo gore lo di dirise mo lefatsheng le lo tla tshelelang kwa go lone go le rua.
Tlhagiso kgatlhanong le tirelo ya medimo ya diseto
15 “Ka moo lo itiseng thata ka ntlha ya maphelo a lona. Gonne ga lo a ka lwa bona sebopego sa Modimo ka letsatsi leMorenao buileng le lona ka lone kwa Horebe a le mo molelong –
16 e se re gongwe lwa leofa, lwa itirela setshwantsho se se setilweng sa modimo mongwe, e bong setshwantsho sa monna gongwe sa mosadi
17 le fa e le setshwantsho sa setshedi sengwe se se mo lefatsheng gongwe setshwantsho sa nonyane nngwe ya diphuka e e fofang mo loaping;
18 le fa e le setshwantsho sa sengwe se se gagabang fa fatshe gongwe setshwantsho sa tlhapi nngwe e e mo metsing fa tlase ga lefatshe
19 e se re gongwe ya re lo tsholeletsa matlho kwa legodimong, lo bona letsatsi le ngwedi le dinaledi, lesomo lotlhe la legodimo, lwa raelega, lwa di obamela, lwa di direla, tseoMorena, Modimo wa lona, o di abetseng merafe yotlhe fa tlase ga legodimo lotlhe.
20 Mme lonaMorenao lo tsere, a lo ntsha mo leisong le le gakolosang tshipi, e bong kwa Egepeto gore lo nne morafe wa gagwe wa boswa jaaka go ntse gompieno.
21 Mme nna,Morenao ne a nkgalefetse ka ntlha ya lona, mo a bileng a ikana gore ga ke ne ke tshela Joretane le e seng go tsena mo lefatsheng le lentle leMorena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang gore e nne la lona;
22 nna ke tla swela mo lefatsheng leno, ke sa tshele Joretane, mme lona lo tla tshela, lo rua lefatshe le lentle lele.
23 Itiseng he gore lo se lebale kgolagano yaMorena, Modimo wa lona, e o e dirileng le lona, le e seng go itirela setshwantsho sa modimo le fa e le sa sebopego sefe; ke moMorena, Modimo wa lona o go lo ileditseng.
24 GonneMorena, Modimo wa lona, ke molelo o o jang, ke Modimo o o lefufa.
25 “Fa e ka re lo se na go tsala bana, le bana ba bana, lo se na go tlwaela mo lefatsheng lwa senya, lwa dira setshwantsho sa modimo, le fa e le sa sebopego sefe, lwa dira tse di bosula mo matlhong aMorena, Modimo wa lona, go mo gakatsa,
26 gona ke lo biletsa legodimo le lefatshe kajeno go nna basupi ba gore ruri lo tla latlhega ka pele, lo tlosiwa mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya teng go le rua; gona ga lo kitla lo nna sebaka se seleele mo go lone, mme ruri, lo tla nyelediwa.
27 Morenao tla lo falaletsa kwa merafeng, mme lo tla sala lo le ba se kae fela mo ditšhabeng kwaMorenaa tla lo isang teng.
28 Teng lo tla direla medimo e e leng tiro ya diatla tsa batho fela ya logong le ya lentswe, e e sa itseng go bona le go utlwa le go ja le go dupa.
29 Lo tla batlaMorena, Modimo wa lona, lo le teng koo, lo ba lo mmona fa lo mmatla ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe.
30 E tla re lo tlaletswe mme dilo tsotlhe tseo di lo dirafalela sebakeng sa bofelo, gona lo tla boelaMoreneng, Modimo wa lona, lo reetsa lentswe la gagwe.
31 GonneMorena, Modimo wa lona, ke Modimo o o boutlwelo-botlhoko; ga a kitla a lo tlogela, ga a kitla a lo senya le e seng go lebala kgolagano e a e ikanetseng borraeno.
32 “Kana lo ka botsolotsa tsa malatsi a pele, lo ise lo nne teng, tsa go tloga ka letsatsi le Modimo o bopileng motho mo lefatsheng ka lone le tsa go tloga mafelelong a legodimo go ya go fitlha mafelelong a mangwe a legodimo gore a go kile ga dirafala dilo tse dikgolo tse di ntseng jalo gongwe a go utlwetswe tse di ntseng jalo?
33 A go na le morafe o o kileng wa utlwa lentswe la Modimo o bua o le mo molelong jaaka lona lo o utlwile, mme lwa phela?
34 Kampo a go na le modimo mongwe o o kileng wa tla go itseela setšhaba mo gare ga setšhaba se sengwe ka diteko le ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka ntwa le ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo fela jaakaMorena, Modimo wa lona, a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona?
35 “Lona lo di bontshitswe gore lo itse faMorenae le ene Modimo, mme go se na ope o sele kwa ntle ga ona.
36 O lo utlwisitse lentswe la gagwe a le kwa legodimong gore a lo rute; a ba a lo bontsha molelo o mogolo wa gagwe mo lefatsheng, mme lwa utlwa mafoko a gagwe a tswa mo molelong.
37 E re ka a ratile borraeno, a tlhopha bana ba bone sehularong sa bone, a ba a lo ntsha kwa Egepeto ka esi ka thata e kgolo ya gagwe
38 gore a tle a leleke ditšhaba tse dikgolo tse di thata bogolo go lona fa pele ga lona, a be a lo fitlhise, a lo nee lefatshe la tsona go nna boswa jaaka go ntse gompieno.
39 Ka moo he itseng kajeno, lo be lo ele tlhoko, faMorenae le ene Modimo kwa godimo mo legodimong le fa tlase mono lefatsheng, go se na ope o sele.
40 Jaanong lo tlhokomele melao ya gagwe le ditaolo tsa gagwe tse ke di lo laelang kajeno gore lo phele sentle le bana ba lona sehularong sa lona, e le gore lo tshele sebaka se seleele mo nageng eMorena, Modimo wa lona, o tla e lo nayang go nna ya lona ka metlha yotlhe.”
Metse ya botshabelo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Joretane
41 Metlheng eo Moše o ne a tlhaola metse e le meraro kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi
42 gore go tshabele teng mmolai yo o ka bolayang mongwe-ka-ene e se ka bomo, a sa mo tlhoa pele, gore a tshabele kwa go o mongwe wa metse eo, a tshele:
43 E bong Besere mo sekakeng sa naga ya lebala go nna wa Barubene le Ramothe kwa Gileate go nna wa Bagate le Golane kwa Basane go nna wa Bamanase.
Moše o boelela ditaolo di le some
44 Ke ona molao o Moše o o beileng fa pele ga Baiseraele.
45 Ke tsona ditshupo le melao le ditshiamelo tse Moše o di boleletseng Baiseraele ba sena go huduga kwa Egepeto,
46 ba le kwa moseja ga Joretane mo molapong o o lebaganyeng le Bethe-Pheore kwa lefatsheng la ga Sihone, kgosi ya Baamori, yo o neng a agile kwa Hešebone, yo Moše a mo fentseng a na le Baiseraele ba sena go huduga kwa Egepeto.
47 Ba bile ba thopa lefatshe la gagwe le lefatshe la ga Oge kgosi ya Basane, tsona dikgosi tse pedi tsa Baamori tse di neng di le kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi;
48 ba le thopa go tloga kwa Aroere yo o fa losing lwa nokana ya Arenone go fitlha kwa thabeng ya Sirione, e bong ya Heremone
49 le lebala lotlhe kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi go ya go fitlha kwa Lewatleng la Lebala fa tlase ga thaba ya Phiseka.