DOITERONOMIO 5

Ditaolo di le some

Moše o boelela ditaolo di le some

1 Jaanong Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lona Baiseraele, utlwang melao le ditshwanelo tse ke di buang mo ditsebeng tsa lona gompieno, lo di ithute, lo tlhokomele gore lo dire ka tsona.

2 Morena, Modimo wa rona, o dirile kgolagano le rona kwa Horebe.

3 Morenaga a ka a dira kgolagano eo le borraarona fela, mme e le le rona ka rosi ba re phelang, le rona rotlhe ba re leng fano kajeno.

4 Morenao buile le lona kwa thabeng a le mo molelong, difatlhego di lebaganye.(

5 Nna ke eme fa gare gaMorenale lona ka sebaka seo gore ke lo itsise lefoko laMorena; gonne lo ne lo boifa molelo, lo sa ka ke lwa tlhatlogela kwa thabeng.)Morenaa re:

6 “ ‘Ke nnaMorena, Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka.

7 “ ‘O se nne le medimo epe e sele ke ntse ke le teng.

8 “ ‘O se ka wa itirela modimo wa seseto, le fa e le setshwantsho sepe sa tse di kwa godimo mo legodimong, le fa e le sa tse di mo lefatsheng, gongwe sa tse di mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe.

9 “ ‘O se ka wa e obamela le e seng go e direla. Gonne nnaMorena, Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa o ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo le go ya losikeng lwa boraro le lwa bone mo go ba ba ntlhoileng.

10 Mme ba tshika di le dikete ba ba nthatang le go tlhokomela ditaolo tsa me ke ba direla ka bopelotlhomogi.

11 “ ‘O se ka wa bolela leina laMorena, Modimo wa gago, mo go sa tshwanelang; gonne yo o bolelang leina la gagwe mo go sa tshwanelang,Morenaga a kitla a mo lesa a sa mmetse.

12 “ ‘Tlhokomela letsatsi la Sabata gore o le itshepise, jaakaMorena, Modimo wa gago, a go laetse.

13 Dira ka malatsi a marataro, o fetse tiro yotlhe ya gago.

14 Mme letsatsi la bosupa ke Sabata waMorena, Modimo wa gago. Se dire tiro epe ka lone, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le kgomo ya gago le esele ya gago le seruiwa sengwe le sengwe sa gago le moeng wa gago yo o mo dikgorong tsa gago gore motlhanka wa gago le lelata la gago ba ikhutse jaaka wena.

15 O nne o gakologelwe gore o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto, mmeMorena, Modimo wa gago, a go ntsha teng ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng. Ke ka mooMorena, Modimo wa gago, a go laetseng gore o ilele letsatsi la Sabata.

16 “ ‘Tlotla rraago le mmaago jaakaMorena, Modimo wa gago, a go laetse gore malatsi a gago a nne mantsi le gore o tshele sentle mo lefatsheng leMorena, Modimo wa gago, o tla le go nayang.

17 “ ‘O se ka wa bolaya.

18 “ ‘Le gona o se ka wa akafala.

19 “ ‘Le gona o se ka wa utswa.

20 “ ‘Le gona o se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena.

21 “ ‘Le gona o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe-ka-wena. Le gona o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe-ka-wena le e seng tshimo ya gagwe le e seng motlhanka wa gagwe le e seng lelata la gagwe le e seng kgomo ya gagwe le e seng esele ya gagwe le e seng sepe se e leng sa mongwe-ka-wena.’

22 “Ke ona mafoko aMorenao a buileng le phuthego yotlhe ya lona kwa thabeng a le mo molelong le mo lerung le mo bontshong ka lentswe le legolo, a se ka a oketsa sepe; a ba a a kwala mo matlapeng a maboti a mabedi, a a nneela.

Baiseraele ba ne ba boifa

23 “Mme e rile lo utlwa lentswe le tswa mo lefifing, lo bona thaba e ntse e tuka molelo, lwa tla go nna, e bong ditlhogo tsotlhe tsa ditso tsa lona le bagolo ba lona,

24 lwa re: ‘Bona,Morena, Modimo wa rona, o re supeditse kgalalelo ya gagwe le bogolo jwa gagwe, mme re utlwile lentswe la gagwe le tswa mo molelong. Kajeno re bonye gore Modimo o ka bua le motho, mme a tshela.

25 Jaanong he, re tla swelang? Kana molelo o mogolo oo o tla re ja; fa re sa ntse re tswelela pele go utlwa lentswe laMorena, Modimo wa rona, re ka swa.

26 Gonne ke mang mo bathong botlhe yo o kileng a utlwa lentswe la Modimo o o phelang, o bua o le mo molelong jaaka rona re le utlwile, mme a tshela?

27 A go atamele wena, o utlwe tsotlhe tseMorena, Modimo wa rona, o tla di buang, o be o re bolelele tsotlhe tseMorena, Modimo wa rona, o tla di buang nao; re tla di utlwa, re di dirisa.’

28 “Mme e rileMorenaa utlwa mafoko a lona, fa lo bua le nna,Morenaa nthaya a re: ‘Ke utlwile mafoko a batho ba a ba a buileng nao; tsotlhe tse ba di buileng di siame.

29 E kete ba ka bo ba ntse ba na le dipelo tse di ntseng jalo gore ba mpoife, ba tlhokomele ditaolo tsa me tsotlhe ka metlha yotlhe gore ba tle ba tshele sentle le bana ba bone ka bosakhutleng.

30 Yaa o ba ree o re: Boelang kwa ditenteng tsa lona.

31 Mme wena sala fano o eme fa go nna, ke tle ke go bolelele ditaolo tsotlhe le melao le ditshwanelo tse o tla di ba rutang gore ba dire ka tsona mo lefatsheng le ke tla le ba nayang go le ja boswa.’

32 “Tlhokomelang he gore lo dire jaakaMorena, Modimo wa lona, a lo laetse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo ntlheng ya la molema.

33 Sepelang gotlhe fela mo tseleng eMorena, Modimo wa lona, a e lo laetseng gore lo tle lo tshele, lo tlhogonolofale, lo nne malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo tla le ruang.