DOITERONOMIO 6

Go gatelelwa taolo ya ntlha ya go direla Modimo wa nnete fela

1 “Ke yona taolo le melao le ditshwanelo tseMorena, Modimo wa lona, o laetseng go di lo ruta gore lo di dirise mo lefatsheng le lo tla tshelelang kwa go lone go le rua;

2 ke tsa gore o boifeMorena, Modimo wa gago, o tlhokomele melao yotlhe ya gagwe le ditaolo tsa gagwe tse ke di go laelang, wena le morwao le morwa-morwao ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago gore malatsi a gago a nne mantsi.

3 Di utlwe, Iseraele, o tlhokomele go dira ka tsona gore o phele pila le gore lo ate thata, jaakaMorena, Modimo wa borraeno, a go solofeditse lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.

4 “Utlwa, Iseraele!Morena, Modimo wa rona, ke eneMorenaa le esi fela.

5 EneMorena, Modimo wa gago, o mo rate ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka thata yotlhe.

6 Mafoko ao a ke a go laelang kajeno a a nne mo pelong ya gago.

7 O a tiisetse bana ba gago, o bue ka ga ona, fa o dutse mo ntlong ya gago gongwe fa o tsamaya mo tseleng gongwe fa o ya go robala gongwe fa o tsoga.

8 O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo; a a nne fa gare ga matlho a gago gore a se ka a go gaka.

9 O a kwale mo mephakaregong fa mojakong wa ntlo ya gago le mo dikgorong tsa gago.

Tlhagiso ya go re Baiseraele ba utlwe Modimo

10 “Mme e re faMorena, Modimo wa gago, a sena go go fitlhisa kwa lefatsheng le a le ikanetseng borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe go le go naya, le le nang le metse e megolo e mentle e o sa e agang,

11 le matlo a a tletseng dithoto tsa mefutafuta tse o sa di rekang le mekwele e o sa e gabang le masimo a meweine le ditlhare tsa olefa tse o sa di tlhomang, fa o sena go ja o kgotshe

12 foo o itise gore o se lebaleMorenayo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka,

13 mme o boifeMorena, Modimo wa gago, o mo direle, o ikane ka leina la gagwe.

14 Se lateleng medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya lona –

15 gonneMorena, Modimo wa gago, o mo gare ga gago, e le Modimo o o lefufa – e se re gongwe bogale jwaMorena, Modimo wa gago, jwa go tukela, mme a go nyeletsa mo lefatsheng.

16 “Lo se ka lwa lekaMorena, Modimo wa lona, jaaka lo kile lwa mo leka kwa Masa.

17 Ditaolo tsaMorena, Modimo wa lona, le ditshupo tsa gagwe le melao ya gagwe e o e lo laetseng, lo di tlhokomele ka tlhoafalo.

18 Dira tse di tlhamaletseng le tse di siameng mo matlhong aMorenagore o tle o phele pila, o be o fitlhe, o rue lefatshe le lentle leMorenaa le ikanetseng borraeno,

19 o le rue ka go leleka baba botlhe ba gago fa pele ga gago, jaakaMorenaa buile.

20 “E ne e re fa morwao a go botsa ka metlha e e tlang a re: ‘Ditshupo le melao le ditshwanelo tseMorena, Modimo wa rona, o di lo laetseng ke tsa go reng?’

21 o mo raya o re: ‘Re ne re le batlhanka ba ga Farao kwa Egepeto, mmeMorenaa re ntsha kwa Egepeto ka letsogo le le tiileng.

22 Morenaa ba a dira ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo le tse di setlhogo kwa Egepeto mo go Farao le mo go botlhe ba lapa la gagwe fa pele ga matlho a rona;

23 a re hudutsha teng gore a tle a re fitlhise go re naya lefatshe le a le ikanetseng borraetsho.

24 Ke eneMorenayo o re laetseng go dira ka fa melaong yotlhe eo ka go boifaMorena, Modimo wa rona, gore re tle re tshele sentle ka malatsi otlhe, mme a re tshedise jaaka go ntse kajeno.

25 E tla nna tshiamo ya rona, fa re tlhokomela go dira ka fa taelong eo gotlhe fa pele gaMorena, Modimo wa rona, jaaka a re laetse.’