DOITERONOMIO 7

Baiseraele ke morafe wa Morena

1 “E re faMorena, Modimo wa gago, a go fitlhisa kwa lefatsheng le o tla yang kwa go lone go le rua, mogang a lelekang ditšhaba tse dikgolo fa pele ga gago, e bong Bahethe le Bagiregasi le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ditšhaba tse dikgolo di supa tse di thata bogolo go wena,

2 mmeMorena, Modimo wa gago, a di go neela gore o di fenye, foo o di bolae gotlhe di hutsitswe ke Modimo, mme o se ka wa dira kgolagano natso le e seng go di utlwela botlhoko.

3 Le gona lo se ka lwa nyalana nabo: Bomorwadia-lona lo se ka lwa ba neela bomorwa-bone; le gona bomorwadia-bone lo se ka lwa ba tseisa bomorwa-lona.

4 Gonne ba ka ikepisa bomorwa-lona mo go nna gore ba direle medimo e sele, mme bogale jwaMorenabo ka lo tukela, a lo nyeletsa ka pele.

5 Mme lo ba direle jaana: Senyang dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo remaganye medimako ya Ašera ya bone, lo fise medimo ya diseto ya bone ka molelo.

6 Gonne lo morafe o o itshepetsengMorena, Modimo wa lona.Morena, Modimo wa lona, o lo tlhophile go nna morafe wa gagwe o a o ruileng, a o tlhaotse mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng.

7 “FaMorenaa lo ratile, a lo tlhopha, ga se ka gonne lo feta merafe yotlhe ka bontsi – kana lo morafe o monnyennye mo merafeng yotlhe–

8 mmeMorenao ne a lo hudutsha ka letsogo le le tiileng, a lo golola mo ntlong ya botlhanka mo seatleng sa ga Farao kgosi ya Egepeto, kaMorenaa lo ratile, a tlhokomela maikano a o neng a a ikanetse borraalona.

9 Lemoga he, faMorena, Modimo wa gago, e le ona Modimo wa nnete, ona Modimo o o ikanyegang; ba ba o ratang, ba tlhokomela ditaolo tsa ona, o ba bolokela kgolagano le bopelotlhomogi go ya losikeng lwa sekete.

10 Mme ba ba o tlhoileng o tla ba busolosa, o ba tlhamalaleditse ka go ba isa tatlhegong; ga o kitla o diegela yo o o tlhoileng, o tla mmusolosa, o mo tlhamalaleditse.

11 Tlhokomela he taelo le melao le ditshwanelo tse ke di go laelang kajeno gore o dire ka tsona.

Ba ba utlwang ba tla tshegofadiwa

12 “E re ka lo tla reetsa ditshwanelo tseo, lo di tlhokomela, lo dira ka tsona,Morena, Modimo wa lona, o tla lo bolokela kgolagano le bopelotlhomogi tse a di ikanetseng borraalona.

13 O tla go rata, a go tshegofatsa, a go atisa; a ba a tshegofatsa leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago, e bong mabele a gago le matute a moweine a gago le lookwane lwa gago le dinamane tsa dikgomo tsa gago le dikwana le dipotsane tsa difutshane tsa gago mo lefatsheng le a le ikanetseng borraeno go le go naya.

14 O tla bo o tshegofaditswe bogolo go merafe yotlhe. Ga go kitla go nna le moopa mo go wena wa monna gongwe wa mosadi, le e seng moreba mo diruiweng tsa gago.

15 Morenao tla tlosa bolwetse bongwe le bongwe mo go wena. Ga a kitla a go bolaya ka malwetse ape a Egepeto a a botlhoko a o a itseng, mme o tla a bolaisa botlhe ba ba go tlhoileng.

16 O tla nyeletsa merafe yotlhe eMorena, Modimo wa gago, o tla e go neelang. A leitlho la gago le se ka la ba rekegela. O se ka wa direla medimo ya bone; gonne moo e ka nna seru mo go wena.

17 “Fa o ka akanya mo pelong ya gago o a re: ‘Ditšhaba tse, di dikgolo go mpheta; nka kgona jang go di leleka?’

18 Se di boife, mme o nne o gopole tseMorena, Modimo wa gago, a di diretseng Farao le Baegepeto botlhe

19 le diteko tse dikgolo tse matlho a gago a di bonyeng le ditshupo le dikgakgamatso le seatla se se tiileng le letsogo le le otlologileng, tseoMorena, Modimo wa gago, a go hudusitseng ka tsona.Morena, Modimo wa gago, o tla direla merafe yotlhe jalo e o e boifang.

20 Le gonaMorena, Modimo wa gago, o tla ba romela mefukgomo go tsamaya ba ba setseng ba ba iphitlhileng fa pele ga gago ba be ba nyelele.

21 O se ka wa ba tshoga; gonneMorena, Modimo wa gago, o na nao e le Modimo o mogolo o o boitshegang.

22 Morena, Modimo wa gago, o tla leleka ditšhaba tseo fa pele ga gago a iketlile; ga lo ka ke lwa di fedisa ka pele, e se re gongwe dibata tsa naga tsa lo atela.

23 Morena, Modimo wa gago, o tla di go neela, a di tseanya ka tseanyo e kgolo go tsamaya di be di nyelediwe.

24 O tla neela dikgosi tsa tsona mo seatleng sa gago gore o nyeletse maina a tsona fa tlase ga letsatsi; ga go na ope yo o tla itseng go emelana nao go tsamaya o be o ba nyeletse.

25 Ditshwantsho tsa medimo ya diseto ya bone o di fise ka molelo. Se eletse selefera gongwe gouta tse di mo go tsona le e seng go di itseela, e se re gongwe wa raelwa ka tsona; gonne ke maila moMoreneng, Modimo wa gago.

26 O se ka wa tsenya maila ao mo ntlong ya gago, wa tloga wa nna yo o hutsitsweng ke Modimo jaaka tsona; o di kae maila, di go tene tota, gonne di hutsitswe ke Modimo.