DOITERONOMIO 8

Kaelo ya go re ba lebogele Modimo ditiro tsa lorato

1 “Taelo yotlhe e ke e lo laelang gompieno lo e tlhokomele go dira ka yona gore lo tle lo phele, lo ate, lo fitlhe, lo rue lefatshe leMorenao le ikanetseng borraalona.

2 Gopola tsela yotlhe eMorena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya.

3 O ne a go kokobetsa, a go bolaisa tlala, a ba a go otla ka Mmana o o neng o sa o itse le e seng borraeno, e le go re a go lemotshe gore motho ga a phele ka dijo di le tsosi fela, mme motho o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong waMorena.

4 Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela le dinao tsa gago ga di a ka tsa ruruga dinyageng tsotlhe tse di 40.

5 Lemoga he mo pelong ya gago, faMorena, Modimo wa gago, a go godisa jaaka monna a godisa morwawe,

6 o tlhokomele ditaolo tsaMorena, Modimo wa gago, ka go sepela mo ditseleng tsa gagwe le ka go mmoifa.

7 GonneMorena, Modimo wa gago, o tla go isa kwa lefatsheng le lentle kwa lefatsheng la dinokana tsa metsi le metswedi le metlhodi e e elang mo teng ga lefatshe, e e tswelang mo melapong le kwa dithabeng,

8 kwa lefatsheng la korong le garase le meweine le difeie le digaranata, kwa lefatsheng la ditlhare tsa lookwane tsa olefa le dinotshe.

9 Ke lefatshe le o se kitlang o ja dijo mo go lone ka thekisego; ga o kitla o tlhoka sepe mo go lone. Ke lefatshe le mafika a lone e leng ntswetshipi, le o tla epang kgotlho mo dithabeng tsa lone.

10 Mme e re o ja o kgora, o tumiseMorena, Modimo wa gago, ka ntlha ya lefatshe le lentle le o le go neileng.

Tlhagiso ya go re Baiseraele ba se lebale Morena

11 “Itise gore o se lebaleMorena, Modimo wa gago, ka go tlhokomologa ditaolo tsa gagwe le ditshiamelo tsa gagwe le melao ya gagwe tse ke di go laelang gompieno.

12 E se ka ya re fa o ja, o kgora, o aga matlo a mantle, o nna mo go ona,

13 dikgomo tsa gago le difutshane di ata, le selefera le gouta di go ntsifalela, le tsotlhe tse o nang natso di ntsifala,

14 pelo ya gago ya ikgogomosa, mme wa lebalaMorena, Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka;

15 yo o go tsamaisitseng mo sekakeng se segolo se se boitshegang, kwa go leng dinoga tse di bogale teng le diphepheng, le naga e e omeletseng e e se nang metsi; yo o neng a go ntshetsa metsi mo lefikeng le le thata;

16 yo o neng a go jesa Mmana mo sekakeng, o borraeno ba neng ba sa o itse gore a go kokobetse le go go leka gore a tle a go direle tse di molemo kwa bofelong.

17 Go seng jalo o ne o tla bua mo pelong ya gago o re: ‘Thata ya me le nonofo ya seatla sa me ke tsona tse di ntiretseng khumo eo.’

18 Mme o gopoleMorena, Modimo wa gago; gonne ke ene yo o go nayang thata go ka bona khumo gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e e ikanetseng borraeno jaaka go dirafetse kajeno.

19 Mme fa lo ka lebalaMorena, Modimo wa lona, tota, lwa latela medimo e sele, lwa e direla, lwa e obamela, gona ke lo tlhomamisetsa kajeno gore lo tla latlhega ruri;

20 lo tla latlhega jaaka ditšhaba tseMorenao tla di latlhang fa pele ga lona ka lo se ka lwa utlwa lentswe laMorenaModimo wa lona.