Go sa utlweng ga Baiseraele
1 “Utlwa, Iseraele, o tla tshela Joretane gompieno go ya go fenya ditšhaba tse dikgolo tse di thata bogolo go wena le metse e megolo e e femetsweng go fitlha kwa legodimong
2 le morafe o mogolo wa batho ba baleele, e bong mekaloba, boora Enake ba o ba itseng, ba o ba utlwetseng ga twe: ‘Ke mang yo o ka emelanang le boora Enake?’
3 Itse he kajeno gore keMorena, Modimo wa gago, yo o tla tshelang, a go etelela pele e le molelo o o jang; ke ene yo o tla ba nyeletsang, a ba kokobetsa fa pele ga gago gore o tle o ba leleke, o ba nyeletse ka pele jaakaMorenaa go solofeditse.
4 “E re faMorena, Modimo wa gago, a ba leleka fa pele ga gago, o se ka wa ithaya o a re: ‘Morenao ntlisitse kwano gore ke rue lefatshe le ka ntlha ya tshiamo ya me,’ etswe e le ka ntlha ya boikepo jwa ditšhaba tseo, faMorenaa di leleka fa pele ga gago.
5 Ga se ka ntlha ya tshiamo ya gago, fa o ya go rua lefatshe la bone, mme ke ka ntlha ya boikepo jwa ditšhaba tseo, faMorena, Modimo wa gago, a di leleka fa pele ga gago le ka ntlha ya gore a dirafatse lefoko le o le ikanetseng borraeno, e bong Aborahame le Isaka le Jakobe.
6 Itse he go re, ga se ka ntlha ya tshiamo ya gago, faMorena, Modimo wa gago, a go naya lefatshe le lentle le gore o le rue. Gonne lo morafe wa dithamo tse di thata.
7 Gakologelwang, lo se ka lwa lebala ka fa lo galefisitsengMorena, Modimo wa lona, ka teng kwa sekakeng. Go tloga ka letsatsi le lo hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go tsamaya lwa ba lwa fitlha felong fano, lo ne lo ntse lo rukhutlhegelaMorena.
8 Lo sa le lo galefisaMorenakwa Horebe, moMorenaa bileng a re o a lo nyeletsa.
9 E ne e le jale fa ke tlhatlogetse kwa thabeng go amogela matlapa a maboti, e bong matlapa a kgolagano eMorenaa e dirileng le lona, ka nna kwa thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40, ke sa je, ke sa nwe.
10 MmeMorenaa nneela matlapa a mabedi a maboti a a kwadilweng ke monwana wa Modimo; mo go ona go le mafoko otlhe ka faMorenaa buileng le lona ka teng kwa thabeng a le mo molelong ka letsatsi la pitso ya morafe.
11 E rile malatsi a le 40 le masigo a le 40 a sena go feta,Morenaa nneela matlapa a mabedi a maboti, e bong matlapa a kgolagano.
12 “Morenaa ba a nthaya a re: ‘Nanoga o fologe ka pele, gonne morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa Egepeto o sentse. Ba akofile ba fapoga mo tseleng e ke e ba laetseng, ba itirela modimo o o bopilweng.’
13 “Morenaa ba a nthaya a re: ‘Ke bonye morafe o, ka fitlhela e le morafe wa dithamo tse di thata.
14 Nte he, ke ba nyeletse, ke phimole leina la bone fa tlase ga legodimo, ke go dire setšhaba se se thata, se segolo go ba feta.’
15 “Ka hulara, ka fologa mo thabeng, thaba e ntse e tuka molelo, ke tshotse matlapa a mabedi a kgolagano ka diatla tsoo pedi.
16 Ka leba ka fitlhela lo leofetseMorena, Modimo wa lona, lo itiretse namane e e bopilweng, lo akofile go fapoga mo tseleng eMorenao neng a e lo laetse.
17 Ka ba ka tshwara matlapa a mabedi ka a latlha mo diatleng tsoo pedi, ka a thubaganya mo matlhong a lona.
18 Ka wela fa fatshe fa pele gaMorenamalatsi a le 40 le masigo a le 40 jaaka ga ntlha, ke sa je, ke sa nwe, ka ntlha ya maleo otlhe a lona a lo a dirileng ka go dira tse di bosula mo matlhong aMorenago mo gakatsa.
19 Ka gonne ke ne ke boifa bogale le kgalefo tseMorenao neng a lo gakaletse ka tsona, mo o bileng a re o a lo nyeletsa, mmeMorenaa nkutlwa le ka nako eo.
20 Le gonaMorenao ne a galefetse Arone thata, mo o bileng a re o a mo nyeletsa; ka rapelela Arone le ene ka sebaka seo.
21 Mme boleo jwa lona jo lo bo dirileng, e bong namane ele ka e tsaya, ka e fisa ka molelo, ka e thuga, ka e sila, ka e notetsa ga tsamaya ya ba ya nna lerole le le boleta, ka ba ka latlhela lerole la yona mo nokaneng e e fologang mo thabeng.
22 “Le kwa Thabera le kwa Masa le kwa Diphupung-tsa-bohula lo ne lwa galefisaMorena.
23 Gape e rileMorenaa lo roma lo le kwa Kateše-Barenea a re: ‘Bololang lo thope lefatshe le ke le lo neileng,’ lwa gana taelo yaMorena, Modimo wa lona, lwa se ka lwa mo dumela le e seng go utlwa lentswe la gagwe.
24 Fa e sa le ke lo itse, lo ne lo ntse lo rukhutlhegelaMorena.
25 “E rile ke ntse ke wetse fa fatshe fa pele gaMorenaka malatsi ale a a 40 le masigo a a 40 a ke ne ke wetse fa fatshe ka ona, kaMorenaa ne a re o a lo nyeletsa,
26 ka rapelaMorenaka re: ‘Morena Modimo, se senye morafe wa gago le boswa jwa gago, ba o ba golotseng ka bogolo jwa gago, ba o ba ntshitseng kwa Egepeto ka seatla se se tiileng.
27 Gopola batlhanka ba gago, e bong Aborahame le Isaka le Jakobe; se tlhokomele botlhogoethata jwa morafe o le boikepo jwa ona le boleo jwa ona,
28 e se re gongwe batho ba lefatshe le o re ntshitseng kwa go lone ba sotla ba re: E re kaMorenaa paletswe ke go ba fitlhisa kwa lefatsheng le o neng a le ba solofeditse, le ka a ba tlhoile, o ba ntsheditse kwa sekakeng go ba bolaela teng.
29 Kana ke bone morafe wa gago le boswa jwa gago, ba o ba hudusitseng ka thata e kgolo ya gago le ka letsogo le le otlologileng la gago.’