Baiseraele ba bogisiwa ke Baegepeto setlhogo
1 Maina ke a, a bomorwa Iseraele ba ba neng ba ya kwa Egepeto mmogo le Jakobe le malapa a bone:
2 Rubene le Simeone le Lefi le Juta
3 le Isašare le Sebulone le Benyamene
4 le Dane le Nafetale le Gate le Asere.
5 Mme botlhe ba e leng ba losika lwa ga Jakobe e ne e le batho ba le 70. Mme Josefa o ne a sa bolo go ya kwa Egepeto.
6 Jaanong ya re Josefa a se na go swa le bomorwa-rraagwe botlhe le losika lwa ntlha,
7 bana ba bone, e bong Baiseraele ba sala ba ata, ba ntsifala, ba nna bantsi, mo ba bileng ba tlala ka lefatshe.
8 Mme ga busa kgosi e ntšhwa kwa Egepeto e e sa itseng sepe ka ga Josefa.
9 Yona ya raya morafe wa yona ya re: “Bonang, morafe wa Baiseraele o mogolo, o tloga o nna thata bogolo go rona.
10 Tlayang, re ba logeleng maano, e se re gongwe ba atela pele, mme ya re fa ntwa e ka tla, ba goga le baba ba rona, ba tlhabana le rona, ba tlogela lefatshe le.”
11 Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese.
12 Mme le fa ba ba bogisa thata, bone ba ata thata, ba anama segolo, mo Baegepeto ba bileng ba boifa Baiseraele.
13 Ke fa Baegepeto ba dira Baiseraele batlhanka ka thata;
14 ba galakisa bophelo jwa bone ka tiro e e bokete letsopeng le diekaneng le ka tiro tsa mefutafuta kwa masimo; ditiro tsotlhe tsa bone ba di ba dirisa setlhogo.
15 Gape kgosi ya Egepeto ya laela babelegisi ba basadi ba Bahebere, e bong Sifera le Phua,
16 ya re: “Fa lo belegisa basadi ba Bahebere, lo lebalebe ngwana; fa e le mosimane, mmolaeng; fa e le mosetsana, a a phele!”
17 Mme babelegisi ba bo ba boifa Modimo, ba se ka ba dira ka fa kgosi ya Egepeto e ba laetseng ka teng, ba leseletsa basimane go phela.
18 Ke fa kgosi ya Egepeto e bitsa babelegisi, e ba botsa e re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo dirile jalo, lwa phedisa basimane?”
19 Babelegisi ba fetola Farao ba re: “Kana basadi ba Bahebere ga ba tshwane le basadi ba Baegepeto, mme bone ba thata. E a tle e re mmelegisi a ise a fitlhe kwa go bone, ba bo ba setse ba belege.”
20 Babelegisi bao Modimo wa ba phedisa sentle, mme morafe wa Baiseraele wa ata, wa tia thata.
21 Mme ya re ka babelegisi ba boifa Modimo, ona wa ba naya malapa a a tletseng bana.
22 Ke fa Farao a laela morafe otlhe wa gagwe a re: “Basimane botlhe ba Bahebere ba ba tla tsalwang lo ba latlheleng mo nokeng ya Nile, mme basetsana botlhe lo ba lese ba phele!”